Efangele ya ga Johane 8:12-59

  • Rara o naya bosupi ka Jesu (12-30)

    • Jesu ke “lesedi la lefatshe” (12)

  • Bana ba ga Aborahame (31-41)

    • “Boammaaruri bo tla lo golola” (32)

  • Bana ba ga Diabolo (42-47)

  • Jesu le Aborahame (48-59)

8  12  Go tswa foo, Jesu o ne a bua le bone gape a re: “Ke nna lesedi la lefatshe.+ Ope fela yo o ntshalang morago ga a kitla a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi+ la botshelo.” 13  Ka jalo, Bafarasai ba ne ba mo raya ba re: “O bolelela batho ka ga gago; bosupi jwa gago ga bo boammaaruri.” 14  Jesu o ne a ba raya a re: “Tota le fa ke bolelela batho ka ga me, bosupi jwa me bo boammaaruri, ka gonne ke itse kwa ke tswang gone le kwa ke yang gone.+ Mme lona ga lo itse kwa ke tswang gone le kwa ke yang gone. 15  Lo atlhola go ya ka melao ya batho;*+ nna ga ke atlhole motho ope gotlhelele. 16  Tota le fa nka atlhola, katlholo ya me e boammaaruri, ka gonne ga ke nosi, mme Rara yo o nthomileng o na le nna.+ 17  Gape, mo Molaong wa lona go kwadilwe jaana: ‘Bosupi jwa batho ba babedi bo boammaaruri.’+ 18  Ke nna ke nayang bosupi ka ga me, le Rara yo o nthomileng o naya bosupi ka ga me.”+ 19  Foo ba ne ba mo raya ba re: “Rrago o kae?” Jesu o ne a ba araba a re: “Ga lo nkitse e bile ga lo itse Rre.+ Fa ruri lo ne lo nkitse, lo ka bo lo itse le Rre.”+ 20  O ne a bua mafoko ano fa a ntse a ruta mo tempeleng a le mo bobolokelamatlotlong.+ Mme ga go na ope yo o ileng a mo tshwara, ka gonne nako ya gagwe e ne e ise e tle.+ 21  Ka jalo, o ne a ba raya gape a re: “Ke a tsamaya, mme lo tla mpatla, le fa go ntse jalo lo tla swa lo ntse lo le baleofi.+ Kwa ke yang gone ga lo ka ke lwa tla gone.”+ 22  Bajuda ba ne ba re: “Ga a tle go ipolaya, gakere? Ka gonne a re, ‘Kwa ke yang gone ga lo ka ke lwa tla gone.’” 23  O ne a ba raya a re: “Lona lo tswa kwa mafelong a a kwa tlase; nna ke tswa kwa mafelong a a kwa godimo.+ Lona lo tswa mo lefatsheng leno; nna ga ke tswe mo lefatsheng leno. 24  Ke gone ka moo ke neng ka lo raya ke re: Lo tla swa lo ntse lo le baleofi. Gonne fa lo sa dumele gore ke nna ene, lo tla swa lo ntse lo le baleofi.” 25  Ka jalo, ba ne ba mo raya ba re: “Wena o mang?” Jesu o ne a ba raya a re: “Gone ke buelang le lona tota? 26  Ke na le dilo di le dintsi tse ke tshwanetseng go di bua ka lona e bile go na le dikgang di le dintsi tse ke tlileng go di atlhola. Tota e bile, Ene yo o nthomileng o boammaaruri, mme tsone dilo tse a di mpoleletseng ke di bua mo lefatsheng.”+ 27  Ba ne ba sa lemoge gore o ne a bua le bone ka ga Rara. 28  Go tswa foo, Jesu o ne a re: “Fa lo sena go pega Morwa motho+ mo koteng, ke gone lo tla itseng gore ke nna ene+ le gore ga ke dire sepe ka bonna;+ mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile. 29  Mme Ene yo o nthomileng o na le nna; ga a ka a ntlogela ke le nosi, ka gonne ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.”+ 30  Fa a ntse a bua dilo tseno, batho ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene. 31  Go tswa foo, Jesu o ne a raya Bajuda ba ba neng ba dumela mo go ene a re: “Fa lo ikobela mafoko a me ka metlha, ruri lo barutwa ba me, 32  e bile lo tla itse boammaaruri,+ mme boammaaruri bo tla lo golola.”+ 33  Bajuda ba bangwe ba ne ba mo raya ba re: “Re bana ba ga Aborahame mme ga re ise re ko re nne batlhanka ba ga ope. Go tla jang gore o re, ‘Lo tla gololesega’?” 34  Jesu o ne a ba araba a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, mongwe le mongwe yo o dirang boleo ke motlhanka wa boleo.+ 35  Mo godimo ga moo, motlhanka ga a nnele ruri mo ntlong ya mong wa gagwe; morwa ene o nna ka bosakhutleng. 36  Ka jalo, fa Morwa a lo golola, eleruri lo tla bo lo gololesegile. 37  Ke a itse gore lo bana ba ga Aborahame. Le fa go ntse jalo, lo batla go mpolaya, ka gonne ga lo amogele dithuto tsa me. 38  Ke bua dilo tse ke di boneng fa ke sa ntse ke na le Rara,+ mme lona lo dira dilo tse lo di utlwileng mo go rraalona.” 39  Ba ne ba mo raya ba re: “Rraarona ke Aborahame.” Jesu o ne a ba raya a re: “Fa lo ne lo le bana ba ga Aborahame,+ lo ka bo lo dira ditiro tsa ga Aborahame. 40  Mme jaanong lo batla go mpolaya, nna yo ke lo boleletseng boammaaruri jo ke bo utlwileng mo Modimong.+ Aborahame o ne a ka se ka a dira jalo. 41  Lo dira ditiro tsa ga rraalona.” Ba ne ne ba mo raya ba re: “Ga re bana ba ba tshotsweng kwa ntle ga lenyalo; re na le Rre a le mongwe, e bong Modimo.” 42  Jesu o ne a ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le Rraalona, lo ne lo tla nthata,+ ka gonne ke tswa kwa Modimong e bile ke fano. Ga ke a tla ka bonna, mme ke romilwe ke Ene yoo.+ 43  Ke ka ntlha yang fa lo sa tlhaloganye se ke se buang? Ka gonne ga lo kgone go reetsa lefoko la me. 44  Rraalona ke Diabolo e bile lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona.+ Ene yoo e ne e le mmolai go tloga kwa tshimologong,*+ mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene. O bua maaka ka gonne o ntse jalo, ke moaki e bile ke rramaaka.+ 45  Mme e re ka nna ke lo bolelela boammaaruri, ga lo ntumele. 46  Ke mang mo go lona yo o ka supang gore ke dirile boleo bongwe? Fa e le gore ke bua boammaaruri, ke ka ntlha yang fa lo sa ntumele? 47  Bana ba Modimo ba reetsa mafoko a Modimo.+ Mme ga lo batle go reetsa, ka gonne ga lo bana ba Modimo.”+ 48  Bajuda ba ne ba mo raya ba re: “A ga re bue nnete fa re re, ‘O Mosamarea+ e bile o na le ledimona’?”+ 49  Jesu o ne a ba araba a re: “Ga ke na ledimona, mme ke tlotla Rre, le fa go ntse jalo, lona lo a ntlontlolola. 50  Ga ke ipatlele kgalalelo;+ Modimo ke ene a batlang gore ke galalediwe e bile ke Ene a atlholang. 51  Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, fa mongwe a ikobela lefoko la me, ga a kitla a swa.”+ 52  Bajuda ba ne ba mo raya ba re: “Jaanong re a bona gore o na le ledimona. Aborahame o sule, baporofeti le bone ba sule, mme wena o a re, ‘Fa mongwe a ikobela lefoko la me, ga a kitla a swa.’ 53  Ga o mogolo mo go rraarona Aborahame, yo o suleng, gakere? Baporofeti le bone ba ne ba swa. Wena o ithaya o re o mang?” 54  Jesu o ne a ba raya a re: “Fa e le gore nna ke a ikgalaletsa, kgalalelo ya me ga se sepe. Rre ke ene yo o nkgalaletsang,+ ene yo lo reng ke Modimo wa lona. 55  Le fa go ntse jalo, ga lo ise lo mo itse,+ mme nna ke a mo itse.+ Fa nkabo ke rile ga ke mo itse, nkabo ke tshwana le lona, ke le moaki. Mme ke a mo itse e bile ke ikobela lefoko la gagwe. 56  Rraalona e bong Aborahame o ne a itumelela thata go nna le tsholofelo ya go bona letsatsi le ke neng ke tla tla ka lone, mme o ne a le bona a bo a itumela.”+ 57  Foo Bajuda ba ne ba mo raya ba re: “Ga o ise o nne le dingwaga di le 50, jaanong go tla jang gore o bo o bone Aborahame?” 58  Jesu o ne a ba raya a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, pele ga Aborahame a nna gone, ke ne ke ntse ke le gone.”+ 59  Ka jalo, ba ne ba sela maje gore ba mo konope ka one, le fa go ntse jalo, Jesu o ne a iphitlha a bo a tswa mo tempeleng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “ka fa nameng.”
Seger., “fa a ne a simologa.”