Jobe 1:1-22

  • Jobe ke monna yo o se nang molato e bile o humile (1-5)

  • Satane o belaela maitlhomo a ga Jobe (6-12)

  • Jobe o latlhegelwa ke dikhumo e bile o swelwa ke bana (13-19)

  • Jobe ga a pege Modimo molato (20-22)

1  Go ne go na le monna mongwe mo lefatsheng la Use yo leina la gagwe e neng e le Jobe.*+ E ne e le monna yo o siameng e bile a se na molato;+ o ne a boifa Modimo e bile a tlhoile se se bosula.+  O ne a na le bana ba basimane ba le supa le bana ba basetsana ba le bararo.  O ne a ruile dinku di le 7 000, dikamela di le 3 000, dikgomo di le 1 000 le ditonki* di le 500, e bile o ne a na le batlhanka ba le bantsi thata, mo e leng gore o ne a humile go feta batho botlhe ba Botlhaba.  Mongwe le mongwe wa bomorwawe o ne a tle a dire mokete kwa ntlong ya gagwe ka letsatsi le a le tlhomileng.* Ba ne ba tle ba laletse bokgaitsadiabone ba bararo gore ba tle go ja le go nwa le bone.  Fa malatsi a mokete a sena go feta otlhe, Jobe o ne a tle a laele gore ba ye go bidiwa gore a tle go ba phepafatsa fa pele ga Modimo. Go tswa foo, o ne a tsoga phakela thata a bo a ntshetsa mongwe le mongwe wa bone setlhabelo se se fisiwang.+ Gonne Jobe o ne a re: “Gongwe bomorwaake ba leofile e bile ba tlhapaditse Modimo mo pelong ya bone.” Jobe o ne a tle a dire jalo ka metlha.+  Jaanong e ne ya nna letsatsi le bomorwa Modimo wa boammaaruri*+ ba neng ba tsena ba tla go ema fa pele ga ga Jehofa+ ka lone, Satane+ le ene o ne a tsena kwa go bone.+  Foo Jehofa o ne a botsa Satane a re: “O tswa kae?” Satane o ne a araba Jehofa jaana: “Ke ne ke ile go kgarakgatshega mo lefatsheng le go tsamayatsamaya mo go lone.”+  Mme Jehofa o ne a botsa Satane a re: “A o etse tlhoko* motlhanka wa me e bong Jobe? Ga go na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng. Ke monna yo o siameng le yo o se nang molato,+ yo o boifang Modimo e bile a tlhoile se se bosula.”  Foo Satane o ne a araba Jehofa a re: “A Jobe o boifa Modimo lefela?+ 10  A ga o a tlhoma legora le le sireletsang go dikologa+ ene le ba lelapa la gagwe le sengwe le sengwe se a nang le sone? O segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe,+ e bile o dirile gore leruo la gagwe le oketsege thata. 11  Mme jaanong, ntsha seatla sa gago mme o iteye sengwe le sengwe se a nang le sone, mme ruri o tla go tlhapatsa phatlalatsa.” 12  Foo Jehofa o ne a raya Satane a re: “Tsamaya, dira sengwe le sengwe se o se batlang ka dilo tse a nang le tsone.* Mme gone, o se ka wa mo dira sepe!” Ka jalo, Satane o ne a tswa fa pele ga* ga Jehofa.+ 13  Jaanong mo letsatsing la fa bomorwawe le bomorwadie ba ne ba ja e bile ba nwa beine mo ntlong ya ga morwarraabone yo mogolo,+ 14  mongwe wa batlhokomedi ba ga Jobe o ne a tla kwa go Jobe a bo a re: “Dikgomo di ne di lema mme ditonki di ne di fula fa thoko ga tsone 15  fa Baseba ba ne ba re tlhasela ba bo ba di tsaya, mme ba ne ba bolaya batlhanka ka tšhaka. Go falotse nna fela gore ke tle go go bolelela.” 16  Fa a sa ntse a bua, go ne ga tla yo mongwe mme a re: “Molelo o o tswang kwa Modimong* o ne wa fologa kwa magodimong mme wa laila dinku le batlhanka! Go falotse nna fela gore ke tle go go bolelela.” 17  Fa a sa ntse a bua, go ne ga tla yo mongwe mme a re: “Bakaladia+ ba ne ba ikgaoganya go nna mephato e meraro mme ba tlhasela dikamela ba bo ba di tsaya, mme ba ne ba bolaya batlhanka ka tšhaka. Go falotse nna fela gore ke tle go go bolelela.” 18  Fa a sa ntse a bua, go ne ga tla yo mongwe gape mme a re: “Bomorwao le bomorwadio ba ne ba le mo ntlong ya ga morwarraabone yo mogolo ba ja e bile ba nwa beine. 19  Ka tshoganyetso go ne ga tla phefo e kgolo e tswa kwa nageng, mme e ne ya itaya dikhona tse nnê tsa ntlo, mo e neng ya wela basha bano ba bo ba swa. Go falotse nna fela gore ke tle go go bolelela.” 20  Foo Jobe o ne a ema mme a gagoganya seaparo sa gagwe a bo a beola moriri wa gagwe; go tswa foo o ne a wela fa fatshe a bo a ikoba 21  mme o ne a re: “Ke dule mo popelong ya ga mmê ke sa apara,Mme ke tla boela gone ke sa apara.+ Jehofa o neile,+ mme Jehofa o tsere. A leina la ga Jehofa le tswelele le bakwa.” 22  Mo go seno sotlhe, Jobe ga a ka a leofa kgotsa a latofatsa Modimo a re o dirile sengwe se se phoso.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Gongwe go kaya “Yo o Tlhoilweng.”
Seheb., “ditonki tse dinamagadi.”
Kgotsa “kwa ntlong ya mongwe le mongwe wa bone fa e nna nako ya gore go iwe kwa go ene.”
Sekapuo sa Sehebera se se kayang barwa ba Modimo ba baengele.
Seheb., “o tlhomile pelo ya gago mo.”
Seheb., “Bona! Sengwe le sengwe se a nang le sone se mo seatleng sa gago.”
Seheb., “fa sefatlhegong sa.”
Kgotsa gongwe “Legadima.”
Kgotsa “a bua gore Modimo o dirile sengwe se se sa tshwanelang.”