Diane 8:1-36

  • Botlhale jo bo mothofaditsweng bo a bua (1-36)

    • ‘Ke nna wa ntlhantlha mo ditirong tsa Modimo’ (22)

    • ‘Ke le modiri yo o setswerere fa thoko ga Modimo’ (30)

    • “Ke ne ke rata batho fela thata” (31)

8  A botlhale ga bo tlhaeletse? A temogo ga e tsholetse lentswe la yone?+   Bo ema kwa mafelong a a kwa godimo+ go bapa le tsela,Bo ema mo makopanelong a ditsela.   Bo nna bo goela kwa godimoFa thoko ga dikgoro tse di yang kwa motseng,Kwa go tsenwang teng mo motseng, bo re:+   “Ke goela kwa go lona, lona batho;Ke bua le lona lotlhe.*   Lona ba lo se nang maitemogelo, ithuteng botlhale;+Lona dimatla, nnang le pelo e e tlhaloganyang.*   Reetsang, ka gonne se ke se buang se botlhokwa,Molomo wa me o bua se se siameng;   Gonne molomo wa me o bua boammaaruri ka lentswe le le kwa tlase,E bile o tlhoile se se bosula.   Sengwe le sengwe se ke se buang se siame. Ga go na sepe se ke se buang se se sa tlhamalalang kgotsa se se sokameng.   Mo bathong ba ba nang le temogo, mafoko a me a tlhamaletse otlheE bile a siame mo bathong ba ba boneng kitso. 10  Tsayang kotlhao ya me mo boemong jwa selefera,Le kitso go na le gauta e e di gaisang tsotlhe,+ 11  Gonne botlhale bo botoka go na le dikorale;*Dilo tse dingwe tsotlhe tse di eletsegang ga di ka ke tsa lekanngwa le jone. 12  Nna, botlhale, ke agile le temogo;Ke bone kitso le bokgoni jwa go akanya.+ 13  Go boifa Jehofa go raya go tlhoa bosula.+ Ke tlhoile boikgodiso le boikgogomoso+ le tsela e e bosula le puo e e sokameng.+ 14  Ke na le kgakololo e e molemo le botlhale jo bo mosola;+Tlhaloganyo+ le maatla+ ke tsa me. 15  Ka ntlha ya me, dikgosi di tswelela di busa,Le balaodibagolo ba ntsha ditaelo ka tshiamo.+ 16  Ka ntlha ya me, dikgosana di tswelela di laola,Le batlotlegi ba atlhola ka tshiamo. 17  Ke rata ba ba nthatang,Mme ba ba mpatlang ba tla mpona.+ 18  Dikhumo le kgalalelo di tswa mo go nna,Letlotlo le le nnelang ruri* le tshiamo. 19  Maungo a me a botoka go gaisa gauta, go gaisa gauta e e itshekisitsweng,E bile dimpho tse di tswang mo go nna di botoka go gaisa selefera ya maemo a a kwa godimo.+ 20  Ke kaelwa ke se se siameng,E bile ke atlhola sentle ka metlha; 21  Ke naya ba ba nthatang boswa jo bontsi,E bile ke tlatsa mabolokelo a bone. 22  Jehofa o ne a mpopa ke le tshimologo ya tiro ya gagwe ya go bopa,+Ke le wa ntlhantlha mo dilong tse a di dirileng bogologolo.+ 23  Ke ne ka tlhomiwa mo maemong a me go tswa kwa dinakong tsa bogologolo,*+Go tswa kwa tshimologong, go tswa metlheng ya bogologolo pele ga lefatshe.+ 24  Fa go ne go ise go nne le metsi a mantsintsi a a boteng,+ ke ne ka tsholwa,*Fa go ne go ise go nne le metsi a mantsi a a elelang a tswa mo mmung. 25  Pele ga dithaba di tlhongwa mo mannong a tsone,Pele ga dithota di nna gone, ke ne ka tsholwa, 26  Fa a ne a ise a dire lefatshe le naga ya loneKgotsa makwete a ntlha a mmu. 27  Fa a ne a dira magodimo,+ ke ne ke le teng;Fa a ne a dira molelwane* fa gare ga loapi le lewatle,+ 28  Fa a ne a dira* maru kwa godimo,Fa a ne a dira metswedi ya metsi, 29  Fa a ne a tlhomela lewatle molaoGore metsi a lone a se ka a tlola taelo ya gagwe,+Fa a ne a thaya* metheo ya lefatshe, 30  Ka nako eo, ke ne ke le fa thoko ga gagwe ke le modiri yo o setswerere.+ Ke ne ke le yo o rategang thata mo go ene+ letsatsi le letsatsi;Ke ne ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe;+ 31  Ke ne ke itumelela lefatshe le batho ba neng ba tlile go nna mo go lone,Mme ke ne ke rata batho* fela thata. 32  Mme jaanong bomorwaaka, ntheetseng;Gonne go itumela ba ba bolokang ditsela tsa me. 33  Reetsang kotlhao+ mme lo tlhalefe,Lo se ka lwa e tlhokomologa le ka motlha. 34  Go itumela motho yo o ntheetsangKa go tla fa dikgorong tsa me phakela* letsatsi le letsatsi,Ka go leta gaufi le dikgoro tsa ntlo ya me; 35  Gonne yo o mponang o tla bona botshelo,+Mme Jehofa o a mo amogela. 36  Le fa go ntse jalo, yo o intlhokomolosang o a ikgobatsa,Mme ba ba ntlhoileng ba rata loso.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “le bomorwa batho.”
Seheb., “tlhaloganyang pelo.”
Kgotsa “Boswa jo bo tlhwatlhwakgolo.”
Kgotsa “go tswa kwa dinakong tse di ka se kang tsa gopolwa.”
Kgotsa “ke ne ka tsholwa jaaka e kete ka ditlhabi tsa pelegi.”
Seheb., “kgolokwe.”
Seheb., “nonotsha.”
Kgotsa “a laela gore go nne le.”
Seheb., “bomorwa batho.”
Kgotsa “Ka go nna a tsogile.”