Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 4:1-11

  • Ponatshegelo ya ga Jehofa kwa legodimong (1-11)

    • Jehofa o ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi (2)

    • Bagolwane ba le 24 ba mo ditulong tsa bogosi (4)

    • Ditshedi tse nnê (6)

4  Morago ga seo ke ne ka leba, mme kgoro e ne e bulegile kwa legodimong, mme lentswe la ntlha le ke neng ka le utlwa le bua le nna le ne le utlwala jaaka terompeta, mme le ne le re: “Tlhatlogela kwano, mme ke tla go bontsha dilo tse di tshwanetseng go diragala.”  Mme ka bonako fela moya wa Modimo o ne wa simolola go dira mo go nna, mme ke ne ka bona setulo sa bogosi kwa legodimong, e bile ke ne ka bona yo o ntseng mo setulong seo sa bogosi.+  Mme Ene yo o ntseng mo go sone, o ne a tshwana le leje la jasepere+ le leje la saredise,* mme go dikologa setulo seo sa bogosi go ne go na le motshe wa godimo o o tshwanang le leje la emeraleda.+  Setulo seo sa bogosi se ne se dikologilwe ke ditulo tse dingwe tsa bogosi di le 24, mme ke ne ka bona bagolwane ba le 24+ ba dutse mo ditulong tseo tsa bogosi ba apere diaparo tse ditshweu, e bile ba ne ba rwele dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa bone.  Ke ne ka bona legadima le tswa mo setulong seo sa bogosi+ e bile ke ne ka utlwa mantswe le ditumo tsa maru+ di tswa mo go sone; mme go ne go na le dipone di le supa tse di tukang fa pele ga setulo sa bogosi, mme tseno di kaya meya e le supa ya Modimo.+  Fa pele ga setulo sa bogosi go ne go na le sengwe se se tshwanang le lewatle le le tshwanang le galase+ kgotsa leje le le tshwanang le teemane le le bidiwang legweka. Mo gare, kwa setulo sa bogosi se neng se le gone, le go dikologa setulo sa bogosi go ne go na le ditshedi tse nnê+ tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago.  Setshedi sa ntlha se ne se tshwana le tau,+ setshedi sa bobedi se ne se tshwana le powana,+ setshedi sa boraro+ se ne se na le sefatlhego se se tshwanang le sa motho, mme setshedi sa bonê+ se ne se tshwana le ntsu e e fofang.+  Setshedi sengwe le sengwe mo ditsheding tseo tse nnê se ne se na le diphuka di le thataro, mme diphuka tseo di ne di tletse matlho.+ Mme bosigo le motshegare, di nna di bua di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa*+ Modimo, Mothatayotlhe, ene yo o neng a le gone le yo o gone le yo o tlang.”+  Nako le nako fa ditshedi tseo di naya Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi kgalalelo le tlotlo le ditebogo, Ene yo o tshelang ka bosakhutleng le go ya go ile,+ 10  bagolwane ba ba 24+ ba khubama fa pele ga Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi ba bo ba obamela Ene yo o tshelang ka bosakhutleng le go ya go ile, mme ba latlhela dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re: 11  “Wena Jehofa,* Modimo wa rona yo o maatla,+ o tshwanelwa ke go galelediwa+ le go tlotliwa+ ke botlhe ka gonne o bopile dilo tsotlhe,+ e bile dilo tsotlhe di ne tsa nna gone ka gonne seo e ne e le thato ya gago.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “leje le lehibidu la botlhokwatlhokwa.”