Bahebera 2:1-18

  • Re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng (1-4)

  • Jesu o laola dilo tsotlhe (5-9)

  • Jesu le bomorwarraagwe (10-18)

    • Moemedi yo Mogolo yo o ba bolokang (10)

    • Moperesiti yo mogolo yo o kutlwelobotlhoko (17)

2  Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng+ gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele.+  Gonne fa e le gore se baengele ba neng ba se bua+ se ne se le boammaaruri e bile fa e le gore motho yo o ileng a tlola molao a bo a sa ikobe o ile a otlhaiwa,+  re ka falola jang fa re itlhokomolosa molaetsa wa se Modimo a ileng a se dira go re boloka?+ Gonne Morena wa rona ke ene wa ntlha go bua ka molaetsa oo+ mme batho ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba re bolelela ka one.  Modimo le ene o ne a ntsha bosupi ka ditshupo le dikgakgamatso le ditiro tse di maatla tse di farologaneng+ le ka go aba moya o o boitshepo go dumalana le thato ya gagwe.+  Gonne ga a ka a dira gore baengele ba laole lefatshe le le tla tlang+ le re buang ka lone.  Le fa go ntse jalo, motho mongwe o ne a naya bosupi a re: “Tota motho ke eng go bo o nna o mo gopotse kgotsa morwa motho ke eng go bo o mo tlhokomela?+  O ne wa dira gore a nne kwa tlasenyana ga baengele; o ne wa mo naya kgalalelo le tlotlo, wa bo wa mo tlhoma gore a okamele dilo tse o di bopileng.  O beile dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe.”+ Fa Modimo a ne a dira gore a laole dilo tsotlhe,+ ga a ka a dira gore go nne le sepe se a sa se laoleng.+ Le fa go ntse jalo, gone jaanong ga re ise re bone a laola dilo tsotlhe.+  Re bona Jesu, yo Modimo a mo isitseng kwa tlasenyana ga baengele,+ mme jaanong o neilwe kgalalelo le tlotlo ka go bo a ile a swa,+ gore ka bopelonomi jo bogolo* jwa Modimo a tle a utlwele motho mongwe le mongwe loso.+ 10  Modimo yo dilo tsotlhe di leng gone ka ene le ka ntlha ya gagwe o ne a galaletsa barwa ba gagwe ba le bantsi,+ mme go ne go tshwanela gore a letle Moemedi yo Mogolo go boga gore a kgone go ba boloka.+ 11  Jesu le botlhe ba a ba dirileng boitshepo,+ ba na le rre a le mongwe,+ mme ka ntlha ya seno ga a tlhabiwe ke ditlhong go ba bitsa bomorwarre,+ 12  fa a re: “Ke tla bolelela bomorwarre leina la gago; ke tla go baka ka pina mo phuthegong.”+ 13  Gape a re: “Ke tla mo ikanya.”+ E bile a re: “Nna le bana ba Jehofa* a neng a ba nnaya.”+ 14  Ka jalo, e re ka “bana ba bannye” bano e le batho ba nama le madi, le ene e ne ya nna motho wa nama le madi,+ gore ka loso lwa gagwe a tle a fedise Diabolo+ yo o nang le maatla a go baka loso,+ 15  le gore a tle a golole botlhe ba ba ntseng ba le mo bokgobeng botshelo jotlhe ka gonne ba tshaba loso.+ 16  Gonne tota ga a thuse baengele, mme o thusa losika lwa ga Aborahame.+ 17  Ka gone o ne a tshwanetse go tshwana le “bomorwarraagwe” ka ditsela tsotlhe,+ gore a tle a nne moperesiti yo mogolo yo o dirang tiro ya Modimo ka boikanyegi e bile a le kutlwelobotlhoko. Le gore a tle a swele maleo a batho+ mme a ba ntshetse setlhabelo sa gore ba agisane le Modimo.+ 18  E re ka a bogile fa a ne a lekwa,+ o kgona go thusa ba ba lekwang.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase