Lekwalo la Bakolosa 1:1-29

  • Ditumediso (1, 2)

  • Paulo o leboga go bo Bakolosa ba na le tumelo (3-8)

  • Paulo o rapelela gore kitso ya bone ka Modimo e oketsege (9-12)

  • Tiro e e botlhokwa ya ga Keresete (13-23)

  • Paulo o direla phuthego ka natla (24-29)

1  Nna Paulo, yo ke nnileng moaposetoloi wa ga Keresete Jesu ka thato ya Modimo, le Timotheo+ mokaulengwe wa rona,  re kwalela ba ba boitshepo le bakaulengwe ba ba ikanyegang ba e leng barutwa ba ga Keresete kwa Kolosa: E kete Modimo Rraarona a ka lo naya bopelonomi jo bogolo* le kagiso.  Ka metlha fa re lo rapelela, re leboga Modimo Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete,  ka gonne re ne ra utlwalela gore lo dumela mo go Keresete Jesu e bile lo rata botlhe ba ba boitshepo  ka ntlha ya masego a lo a beetsweng kwa magodimong.+ Lo ne lwa utlwalela ka masego ano fa lo ne lo bolelelwa molaetsa wa boammaaruri wa dikgang tse di molemo  tse lo neng lwa di rerelwa. Fela jaaka dikgang tse di molemo di oketsega e bile di anamela kwa bathong botlhe,+ ke sone se se ntseng se direga mo go lona go tloga ka letsatsi le lo neng lwa utlwa lwa bo lwa itse boammaaruri ka bopelonomi jo bogolo jwa Modimo.  Lo ithutile dilo tseno mo go Epaforase+ motlhankammogo le rona yo o rategang. Modiredi yono yo o ikanyegang wa ga Keresete o dira tiro e re ka bong re e dira fa re ka bo re na le lona.  Gape o re boleletse kafa lo ratang Modimo ka gone.*  Mme go tloga ka letsatsi le re neng ra utlwalela ka lorato lwa lona ka lone, re ne ra tswelela re lo rapelela+ e bile re kopa gore lo nne le kitso e ntsi e e boammaaruri+ ka thato ya Modimo le botlhale le gore moya wa Modimo o lo thuse go tlhaloganya.+ 10  Tsela e lo tshelang ka yone e tshwanetse go itumedisa* Jehofa* e bile lo tshwanetse go dira ditiro tse di molemo le go oketsa kitso ya lona e e boammaaruri ka Modimo;+ 11  e kete Modimo a ka lo nonotsha ka maatla a gagwe ka gonne o na le maatla a magolo,+ gore lo tle lo itshokele dilo tsotlhe lo le pelotelele e bile lo itumetse, 12  lo ntse lo leboga Rara yo o dirileng gore lo amogele boswa jwa batho ba Modimo*+ ba ba leng mo leseding. 13  O ne a re ntsha mo lefifing*+ a bo a re isa kwa bogosing jwa Morwawe yo a mo ratang, 14  yo o re golotseng ka thekololo, mo go rayang gore maleo a rona a itshwaretswe.+ 15  Morwa yono o tshwana le Modimo yo o sa bonaleng,+ e bile ke leitibolo la popo yotlhe;+ 16  ka gonne o ne a dirisiwa go bopa dilo tsotlhe tse di kwa magodimong le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng,+ e ka tswa e le magosi kgotsa baeteledipele kgotsa dipuso kgotsa balaodi. Dilo tsotlhe di bopilwe ka ene+ e bile di bopetswe ene. 17  Gape, o nnile gone pele ga dilo tsotlhe,+ e bile o ne a dirisiwa go bopa dilo tsotlhe tse dingwe tse di leng gone, 18  e bile ke tlhogo ya mmele, e leng phuthego.+ Ke tshimologo ya dilo tsotlhe, leitibolo le le neng la tsosiwa mo baswing,+ gore a nne wa ntlha mo dilong tsotlhe; 19  ke gone ka moo Modimo a neng a batla gore dinonofo tsotlhe tsa gagwe di nne mo go Keresete,+ 20  le gore Keresete a dire gore dilo tsotlhe tse dingwe, e ka tswa e le dilo tse di mo lefatsheng kgotsa tse di kwa magodimong, di boe di atamalane* le ene*+ gore go nne le kagiso ka ntlha ya madi+ a a a tsholotseng mo koteng ya tlhokofatso.* 21  Eleruri, lo kile lwa bo lo le kgakala le Modimo e bile lo le baba ba gagwe ka gonne lo ne lo tlhomile megopolo ya lona mo ditirong tse di bosula, 22  mme jaanong Modimo o dirile gore lo boelane le ene a dirisa mmele wa ga Morwawe yo o neng a swa, gore a lo tlise fa pele ga gagwe lo le boitshepo, lo se na molato e bile go se na sepe se lo ka latofadiwang ka sone,+ 23  fa fela lo tswelela lo le mo tumelong,+ lo tlhomilwe mo motheong+ e bile lo tiile,+ lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya dikgang tseo tse di molemo tse lo neng lwa di utlwa le tse di neng tsa rerwa mo lefatsheng lotlhe.*+ Nna Paulo, ke ne ka nna modiredi wa dikgang tseno tse di molemo.+ 24  Jaanong ke itumelela go bo ke boga gore lo solegelwe molemo.+ Ke ikemiseditse go tswelela ke boga ka ntlha ya ga Keresete. Ke boga jaana gore mmele wa ga Keresete,+ o e leng phuthego,+ o solegelwe molemo. 25  Ke ne ka nna modiredi mo phuthegong eno go ya ka maikarabelo+ a Modimo a nneileng one gore lo solegelwe molemo ke lefoko la Modimo le ke le rerang ka botlalo, 26  e leng sephiri se se boitshepo+ se se neng se fitlhilwe go tswa bogologolong*+ le go tswa kwa dikokomaneng tse di fetileng. Mme gone jaanong se senoletswe batlhanka ba gagwe ba ba boitshepo.+ 27  Modimo o ne a itsise ditšhaba tse dingwe sephiri seno se se boitshepo se se nang le dikhumo tse dintsi tse di galalelang. Sephiri seno se se boitshepo+ ke Keresete yo o seoposengwe le lona, mo go rayang gore lo na le tsholofelo ya go galalediwa le ene.+ 28  Ke ene yo re itsiseng mongwe le mongwe ka ene, re tlhagisang mongwe le mongwe ka ene e bile re rutang mongwe le mongwe botlhale jwa boammaaruri ka ene, gore mongwe le mongwe a tle a eme fa pele ga Modimo e le molatedi yo o godileng sentle wa ga Keresete.+ 29  Eleruri ke dira bojotlhe gore ke dire seno, ke leka ka natla ke thusiwa ke maatla a gagwe a a dirang mo go nna.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ka lorato lwa lona lo lo tlhotlhelediwang ke moya wa Modimo.”
Seger., “Lo tsamaye ka fa go tshwanetseng.”
Kgotsa “batho ba ba boitshepo.”
Seger., “a re golola mo taolong ya lefifi.”
Seger., “letlane.”
Go tewa Modimo.
Seger., “mo popong yotlhe e e ka fa tlase ga legodimo.”
Seger., “go simologa kwa ditsamaisong tse di fetileng tsa dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.