Efangele ya ga Johane 1:1-51

  • Lefoko o ne a nna motho (1-18)

  • Bosupi jo Johane Mokolobetsi a neng a bo neela (19-28)

  • Jesu, Kwana ya Modimo (29-34)

  • Barutwa ba ntlha ba ga Jesu (35-42)

  • Filipo le Nathanaele (43-51)

1  Mo tshimologong Lefoko o ne a le teng,+ mme Lefoko o ne a na le Modimo,+ e bile Lefoko e ne e le modimo.*+  Yono mo tshimologong o ne a na le Modimo.  Modimo o ne a mo dirisa go dira dilo tsotlhe,+ mme ga go na sepe se se neng sa nna gone fa e se ka ene.  Botshelo bo ne jwa nna gone ka ene, mme botshelo e ne e le lesedi la batho.+  Mme lesedi le phatsima mo lefifing,+ le fa go ntse jalo, lefifi ga le a le fekeetsa.  Go ne ga tla monna mongwe yo Modimo a neng a mo romela e le moemedi wa gagwe; leina la gagwe e ne e le Johane.+  Monna yono o ne a tletse go bolelela batho ka lesedi leo+ gore batho ba mefuta yotlhe ba tle ba dumele ka ntlha ya se a se buileng.  E ne e se lesedi leo,+ mme o ne a tletse go bolelela batho ka lesedi leo.  Lesedi la boammaaruri le le nayang batho ba mefuta yotlhe lesedi le ne le tloga le tla mo lefatsheng.+ 10  O* ne a le mo lefatsheng,+ e bile Modimo o ne a mo dirisa go dira lefatshe,+ mme batho mo lefatsheng ba ne ba sa mo itse. 11  O ne a tla mo nageng ya gagabo, mme batho ba gagabo ba ne ba se ka ba mo amogela. 12  Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba neng ba mo amogela o ne a ba naya tshono ya go nna bana ba Modimo,+ ka gonne ba ne ba dumela mo leineng la gagwe.+ 13  Mme ga ba a ka ba tsholwa ke batho* kgotsa ba tsholwa ka ntlha ya thato ya motho,* mme ba ne ba tsholwa go ya ka thato ya Modimo.+ 14  Ka jalo, Lefoko o ne a nna motho*+ mme a nna le rona e bile re ne ra bona kgalalelo ya gagwe, kgalalelo e e tshwanelang fela morwa yo o tshotsweng a le esi+ yo o tswang kwa go rre; mme o ne a na le bopelonomi jo bogolo* jo bo tswang kwa Modimong e bile o ne a bua boammaaruri ka metlha. 15  (Johane o ne a bolelela batho ka ene, mme o ne a goa a re: “Yono ke ene yo ke neng ka bua ka ene ke re, ‘Yo o tlang kwa morago ga me o tla nna mogolo go mpheta, ka gonne o ne a nna gone pele ga me.’”)+ 16  E re ka a ne a na le bopelonomi jo bogolo, rotlhe re ne ra amogela bopelonomi jo bogolo mo go ene. 17  Modimo o ne a naya batho Molao a dirisa Moshe,+ mme bopelonomi jo bogolo+ le boammaaruri di ne tsa nna gone ka Jesu Keresete.+ 18  Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe;+ modimo yo o tshotsweng a le esi+ yo o fa thoko ga ga Rara*+ ke ene yo o neng a tlhalosa gore Modimo ke mang.+ 19  Seno ke se Johane a neng a se bua fa Bajuda ba ne ba romile baperesiti le Balefi go tswa kwa Jerusalema gore ba ye go mmotsa ba re: “O mang?”+ 20  Mme ga a ka a gana go araba potso ya bone, go na le moo, o ne a re: “Ga ke Keresete.” 21  Mme ba ne ba mmotsa ba re: “Jaanong o mang? A o Elija?”+ Mme o ne a re: “Ga ke Elija.” Foo ba ne ba mo raya ba re: “A o Moporofeti?”+ O ne a araba a re: “Nnyaa!” 22  Ka jalo, ba ne ba mo raya ba re: “O mang? Re bolelele gore re tle re ye go bolelela ba ba re romileng. Tota wa re o mang?” 23  O ne a re: “Ke nna lentswe la mongwe yo o goang a le kwa nageng a re, ‘Tlhamalatsang tsela ya ga Jehofa,’*+ fela jaaka moporofeti Isaia a buile.”+ 24  Jaanong batho bao ba ne ba romilwe ke Bafarasai. 25  Ka jalo, ba ne ba mmotsa ba re: “Jaanong ke ka ntlha yang fa o kolobetsa fa e le gore ga o Keresete kgotsa Elija kgotsa Moporofeti?” 26  Johane o ne a ba raya a re: “Ke kolobetsa mo metsing. Go na le mongwe mo gare ga lona yo lo sa mo itseng, 27  yo o tlang kwa morago ga me, yo ke sa tshwanelegeng go bofolola dikgole* tsa ditlhako* tsa gagwe.”+ 28  Dilo tseno di ne tsa direga kwa Bethani ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane, kwa Johane a neng a kolobetsa gone.+ 29  Letsatsi le le latelang o ne a bona Jesu a tla kwa go ene, mme o ne a re: “Bonang, Kwana+ ya Modimo e e tlosang boleo+ jwa lefatshe!+ 30  Yono ke ene yo ke neng ka bua ka ene ke re: ‘Kwa morago ga me go tla monna mongwe yo o tla nnang mogolo go mpheta, ka gonne o ne a nna gone pele ga me.’+ 31  Tota le nna ke ne ke sa mo itse, mme lebaka la go bo ke kolobetsa mo metsing e ne e le gore batho ba Iseraele ba tle ba mo itse.”+ 32  Johane le ene o ne a bua a re: “Ke ne ka bona moya o o boitshepo o fologa jaaka lephoi o tswa kwa legodimong o bo o nna mo go ene.+ 33  Tota le nna ke ne ke sa mo itse, mme Ene yo o nthomileng gore ke kolobetse mo metsing o ne a nthaya a re: ‘Fa o bona moya o o boitshepo o fologela mo mothong ope fela o bo o nna mo go ene,+ yoo ke ene yo o kolobetsang ka moya o o boitshepo.’+ 34  Mme ke o bone e bile ke ne ka bolela gore yono ke Morwa Modimo.”+ 35  Gape letsatsi le le latelang, Johane o ne a eme le barutwa ba gagwe ba le babedi, 36  mme fa a ntse a lebile Jesu a feta, o ne a re: “Bonang Kwana+ ya Modimo!” 37  Fa barutwa bao ba babedi ba utlwa a bua jalo, ba ne ba sala Jesu morago. 38  Foo Jesu o ne a retologa, mme fa a bona gore ba mo setse morago, o ne a ba raya a re: “Lo batlang?” Ba ne ba mo raya ba re: “Rabi (lefoko le fa le ranolwa le rayang “Moruti”), o nna kae?” 39  O ne a ba raya a re: “Tlang, mme lo tla bona.” Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba bona kwa a neng a nna gone, mme ba ne ba nna le ene letsatsi leo; e ne e le mo e ka nnang ka 4:00 motshegare.* 40  Monnawe* Simone Petere e bong Anderea,+ e ne e le mongwe wa barutwa ba babedi ba ba neng ba utlwa se Johane a neng a se bua mme ba sala Jesu morago. 41  Morago ga moo, o ne a ya kwa go mogolowe e bong Simone a bo a mo raya a re: “Re bone Mesia”+ (lefoko le fa le ranolwa le rayang, “Keresete”), 42  mme o ne a mo isa kwa go Jesu. Fa Jesu a mmona, o ne a mo raya a re: “O Simone+ morwa Johane; o tla bidiwa Kefase” (leina le fa le ranolwa le rayang “Petere”).+ 43  Letsatsi le le latelang Jesu o ne a batla go ya kwa Galalea, mme o ne a bona Filipo+ a bo a mo raya a re: “Nna molatedi wa me.” 44  Jaanong Filipo o ne a tswa kwa Bethesaida, kwa motseng o Anderea le Petere ba tswang kwa go one. 45  Filipo o ne a bona Nathanaele+ a bo a mo raya a re: “Re bone Jesu, morwa Josefa+ wa kwa Nasaretha. Ene yo Moshe a neng a kwala ka ene mo Molaong le yo Baporofeti ba neng ba bua ka ene.” 46  Le fa go ntse jalo, Nathanaele o ne a mo raya a re: “A go ka tswa sengwe se se molemo kwa Nasaretha?” Filipo o ne a mo raya a re: “Tla o bone.” 47  Jesu o ne a bona Nathanaele a tla kwa go ene mme a bua jaana ka ene: “Bona Moiseraele tota, yo go se nang boferefere bope mo go ene.”+ 48  Nathanaele o ne a mo raya a re: “Go tla jang gore o bo o nkitse?” Jesu o ne a mo raya a re: “Pele ga Filipo a go bitsa, fa o ne o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, ke ne ka go bona.” 49  Nathanaele o ne a re: “Rabi, o Morwa Modimo, o Kgosi ya Iseraele.”+ 50  Jesu o ne a mo raya a re: “A o dumela ka gonne ke go reile ka re ke go bone o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tla bona dilo tse dikgolo go feta tseno.” 51  Go tswa foo, o ne a mo raya a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, lo tla bona legodimo le bulegile mme baengele ba Modimo ba tlhatlogela e bile ba fologela kwa go Morwa motho.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “o ne a tshwana le Modimo.”
Go buiwa ka Lefoko.
Seger., “madi.”
Seger., “thato ya senama.”
Seger., “nama.”
Kgotsa “yo o fa sehubeng kwa go Rara.” Go tewa maemo a a bontshang gore o amogelwa ka tsela e e kgethegileng.
Kgotsa “megala.”
Seger., “bompaatšhane.”
Seger., “ka ura ya bolesome.”
Temana eno ka Segerika ga e tlhalose gore ke mang yo o neng a le mogolo gareng ga ga Simone le Anderea.