Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 6:1-17

  • Kwana o bula dikano tsa ntlha tse thataro (1-17)

    • Mofenyi o palame pitse e tshweu (1, 2)

    • Mopalami wa pitse e e bohibidu jwa molelo o tshwanetse go tlosa kagiso (3, 4)

    • Mopalami wa pitse e ntsho o tshwanetse go tlisa leuba (5, 6)

    • Mopalami wa pitse e tshetlha o bidiwa Loso (7, 8)

    • Ba ba bolailweng ba ka fa tlase ga sebeso (9-11)

    • Thoromo e kgolo ya lefatshe (12-17)

6  Mme fa Kwana+ a bula sekano* sa ntlha mo go tse supa,+ ke ne ka bona setshedi sa ntlha mo ditsheding tse nnê+ e bile ke ne ka se utlwa se bua ka lentswe le le utlwalang jaaka tumo ya maru, se re: “Tla!”  Ke ne ka bona pitse e tshweu,+ mme yo o e palameng o ne a tshotse bora. Modimo o ne a mo naya serwalo,+ mme o ne a tsamaya a fenya baba ba gagwe a bo a digela phenyo ya gagwe.+  E rile a bula sekano* sa bobedi, ke ne ka utlwa setshedi sa bobedi+ se re: “Tla!”  Mme ke ne ka bona pitse e nngwe e e bohibidu jwa molelo e tla, mme yo o e palameng o ne a newa taolo ya go tlosa kagiso mo lefatsheng gore batho ba bolaane, mme o ne a newa tšhaka e kgolo.+  E rile a bula sekano sa boraro,+ ke ne ka utlwa setshedi sa boraro+ se re: “Tla!” Mme ke ne ka bona pitse e ntsho, mme yo o e palameng o ne a tshotse sekale ka seatla.  Mme ke ne ka utlwa lentswe le tswa mo gare ga ditshedi tse nnê le re: “Kilogerama* ya korong ke denario*+ le dikilogerama di le tharo tsa barele* ke denario; mme o se ka wa senya leokwane la motlhware le beine.”+  E rile a bula sekano sa bonê, ke ne ka utlwa lentswe la setshedi sa bonê+ le re: “Tla!”  Ke ne ka bona pitse e tshetlha, mme leina la yo o e palameng e ne e le Loso. Lebitla* le ne le mo setse morago le le gaufi thata. Mme di ne tsa newa taolo mo karolong ya bonê* ya lefatshe, gore di bolaye batho ka tšhaka e telele le ka tlhaelo ya dijo+ le ka bolwetse jwa leroborobo le ka dibatana tsa naga tsa lefatshe.+  E rile a bula sekano sa botlhano, ke ne ka bona madi*+ a ba ba bolailweng ka ntlha ya lefoko la Modimo le ka ntlha ya tiro ya go rera e ba neng ba e dira+ a le ka fa tlase ga sebeso.+ 10  Madi a batho bano a ne a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Morena Molaodimogolo yo o boitshepo le yo o boammaaruri,+ o tla tswelela o letile go fitlha leng pele ga o atlhola le go busolosetsa madi a rona mo go ba ba nnang mo lefatsheng?”+ 11  Mme mongwe le mongwe wa bone o ne a newa seaparo se setelele se sesweu,+ mme ba ne ba bolelelwa gore ba ikhutse ka lobakanyana go fitlha palo ya batlhankammogo le bone le bomorwarraabone e felela; le bone ba tloga ba bolawa fela jaaka bano ba bolailwe.+ 12  E rile a bula sekano sa borataro, ke ne ka bona thoromo e kgolo ya lefatshe; mme letsatsi le ne la nna lentsho jaaka letsela le lentsho,* mme ngwedi e ne ya nna khibidu jaaka madi,+ 13  le dinaledi tsa legodimo di ne tsa wela mo lefatsheng jaaka fa setlhare sa mofeige se se tshikhinngwang ke phefo e e maatla se tlhotlhora difeige tsa sone tse di sa butswang. 14  Legodimo le ne la menwa jaaka momeno le bo le nyelela,+ mme thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake sengwe le sengwe di ne tsa tlosiwa mo lefelong la tsone.+ 15  Foo dikgosi tsa lefatshe, balaodibagolo, balaodi ba masole, bahumi, ba ba nonofileng, batlhanka botlhe le batho botlhe ba e seng batlhanka ba ne ba iphitlha mo dikgageng le mo gare ga mafika a dithaba.+ 16  Mme ba ne ba nna ba raya dithaba le mafika ba re: “Welang mo godimo ga rona+ lo bo lo re fitlhele sefatlhego sa Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi+ le mo bogaleng jwa Kwana,+ 17  ka gonne letsatsi le legolo la bogale jwa gagwe le gorogile,+ mme ke mang yo o ka kgonang go le itshokela?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “Kwatara.” Bona Dintlha B14.
Ledi la tshipi la selefera la kwa Roma le le lekanang le tuelo ya modiri ya letsatsi le le lengwe. Bona Dintlha B14.
Semela se se tshwanang le korong.
Seger., “mo nngwennêng (1/4).”
Kgotsa “Hadese.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Go lebega go tewa madi a bone a a ileng a tshololelwa kwa sebesong.
Gantsi mofuta ono wa letsela le lentsho o ne o dirwa ka boboa jwa podi.