Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 11

Go Direga Eng fa Motho a Swa?

“Fa a kgaotsa go hema, o boela mo mmung; mo go lone letsatsi leo, dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.”

Pesalema 146:4

“Batshedi ba a itse gore ba tla swa, mme baswi bone ga ba itse sepe gotlhelele . . . Sepe fela se o kgonang go se dira, se dire ka maatla a gago otlhe, ka gonne ga go na tiro kgotsa go dira dithulaganyo kgotsa kitso kgotsa botlhale kwa Lebitleng, kwa o yang gone.”

Moreri 9:5, 10

“[Jesu] o ne a ba raya a re: ‘Lasaro tsala ya rona o robetse, mme ke ya teng gore ke ye go mo tsosa.’ Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule. Mme bone ba ne ba ithaya ba re o raya gore o robetse, o ikhuditse. Foo Jesu o ne a ba bolelela ka tlhamalalo a re: ‘Lasaro o sule.’”

Johane 11:11, 13, 14