Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 11:1-19

  • Basupi ba babedi (1-13)

    • Ba porofeta malatsi a le 1 260 ba apere letsela la kgetsi (3)

    • Ba a bolawa ba bo ba tlogelwa ba sa fitlhwa (7-10)

    • Morago ga malatsi a le mararo le halofo ba a tsosiwa (11, 12)

  • Petso ya bobedi e fetile, ya boraro e etla (14)

  • Terompeta ya bosupa (15-19)

    • Bogosi Jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe (15)

    • Ba ba senyang lefatshe ba tla senngwa (18)

11  Mme ke ne ka newa lotlhaka lo lo tshwanang le thobane*+ ke bo ke bolelelwa jaana: “Ema mme o lekanye* lefelo le le boitshepo la tempele ya Modimo le sebeso o bo o bala ba ba obamelang mo go lone.  Mme lolwapa lo lo kwa ntle ga lefelo le le boitshepo la tempele, o lo tlogele mme o se ka wa lo lekanya, ka gonne lo neilwe ditšhaba tse dingwe, mme ba tla gataka motse o o boitshepo+ ka dinao dikgwedi di le 42.+  Ke tla dira gore basupi ba me ba babedi ba porofete malatsi a le 1 260 ba apere letsela la kgetsi.”  Bano ke ditlhare tse pedi tsa motlhware+ le ditlhomo tse pedi tsa dipone+ mme ba eme fa pele ga Morena wa lefatshe.+  Fa mongwe a batla go ba gobatsa, molelo o tla tswa mo melomong ya bone o bo o laila baba ba bone. Fa mongwe a ka batla go ba gobatsa, o tshwanetse go bolawa ka tsela eo.  Bano ba na le maatla a go tswala legodimo+ gore go se ka ga na pula+ mo malatsing a fa ba porofeta, e bile ba na le maatla a go fetola metsi gore a nne madi+ le a go dira gore dilo tse di bosula tse di farologaneng di direge mo lefatsheng.  Fa ba fetsa go porofeta, sebatana se se tlhatlogang se tswa mo khuting e e kwa tengteng se tla lwa le bone, mme se tla ba fenya se bo se ba bolaya.+  Mme ditopo tsa bone di tla nna mo tseleng e kgolo ya motse o mogolo o ka tsela ya tshwantshetso e leng Sodoma le Egepeto, kwa Morena wa bone le ene a neng a bolaelwa mo koteng gone.  Mme batho ba merafe le ditso le dipuo* le ditšhaba tse di farologaneng ba tla leba ditopo tsa bone malatsi a le mararo le halofo,+ mme ga ba kitla ba letla gore ditopo tsa bone di ladiwe mo lebitleng. 10  Mme ba ba nnang mo lefatsheng ba tla itumela thata ka ntlha ya bone ba bo ba ijesa monate, e bile ba tla romelelana dimpho, ka gonne baporofeti ba babedi bao ba ne ba ba bogisa. 11  Morago ga malatsi a le mararo le halofo, moya wa botshelo o o tswang kwa Modimong o ne wa tsena mo go bone,+ mme ba ne ba ema ka dinao, mme ba ba ba bonang ba ne ba tshoga thata. 12  Ba ne ba utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa kwa legodimong le ba raya le re: “Tlhatlogelang kwano.” Mme ba ne ba tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung, mme baba ba bone ba ne ba ba bona.* 13  Ka nako eo go ne ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe, mme karolo e e rileng* ya motse e ne ya senyega; batho ba le 7 000 ba ne ba bolawa ke thoromo eo ya lefatshe, mme ba bangwe botlhe ba ne ba tshoga ba bo ba galaletsa Modimo yo o kwa legodimong. 14  Petso ya bobedi+ e fetile. Bona! Petso ya boraro e tla ka bonako. 15  Moengele wa bosupa o ne a letsa terompeta ya gagwe.+ Mme go ne ga utlwala mantswe a a kwa godimo kwa legodimong a re: “Bogosi jwa lefatshe bo fetogile Bogosi Jwa Morena wa rona+ le jwa ga Keresete wa gagwe,+ mme o tla busa e le kgosi ka bosakhutleng le go ya go ile.”+ 16  Mme bagolwane ba ba 24+ ba ba neng ba ntse mo ditulong tsa bone tsa bogosi fa pele ga Modimo, ba ne ba khubama fa pele ga Modimo ba bo ba mo obamela, 17  ba re: “Re a go leboga Jehofa* Modimo, Mothatayotlhe, wena yo o gone+ le yo o neng a le gone, ka gonne o dirisitse maatla a gago a magolo mme wa simolola go busa o le kgosi.+ 18  Le fa go ntse jalo, ditšhaba di ne tsa galefa, mme o ne wa galefa, e bile nako e e tlhomilweng e ne ya goroga, ya gore baswi ba atlholwe le gore o duele+ batlhanka ba gago e bong baporofeti+ le ba ba boitshepo le ba ba boifang leina la gago, ba bannye le ba bagolo, le gore o senye ba ba senyang lefatshe.”+ 19  Tempele ya Modimo e e kwa legodimong e ne ya bulega, mme ke ne ka bona letlole la kgolagano ya gagwe mo lefelong la gagwe le le boitshepo.+ Mme go ne ga nna le ditumo tsa maru le dikgadima le thoromo ya lefatshe le sefako se segolo. Gape ke ne ka utlwa mantswe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “thobane e e lekanyang.”
Kgotsa “mete.”
Seger., “diteme.”
Kgotsa “ba ne ba ba lebile.”
Seger., “nngwesomeng (1/10).”