Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

B1

Molaetsa O o Mo Baebeleng

Jehofa Modimo ke ene a tshwanetseng go busa ka gonne tsela e a busang ka yone e siame. O tla diragatsa se a se ikaeletseng ka lefatshe le batho.

Morago ga 4026 B.C.E.

“Noga” ya re tsela e Jehofa a busang ka yone ga e a siama. Jehofa o solofetsa gore go tla nna le “losika,” lo lo tla tšhwetlang tlhogo ya noga eno e e bidiwang Satane. (Genesise 3:1-5, 15) Le fa go ntse jalo, Jehofa o letla batho gore ba ipuse ba laolwa ke noga eno.

1943 B.C.E.

Jehofa o bolelela Aborahame gore “losika” lo lo solofeditsweng e tlile go nna mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe.—Genesise 22:18.

Morago ga 1070 B.C.E.

Jehofa o bolelela Kgosi Dafide gore “losika” lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tswa mo baneng ba gagwe mme moragonyana a bo a bolelela Solomone morwawe se se tshwanang.—2 Samuele 7:12, 16; 1 Dikgosi 9:3-5; Isaia 9:6, 7.

29 C.E.

Jehofa o itsise gore Jesu ke “losika” lo lo solofeditsweng lo lo tla busang e le Kgosi mo setulong sa bogosi sa ga Dafide.—Bagalatia 3:16; Luke 1:31-33; 3:21, 22.

33 C.E.

Noga, e leng Satane, e gobatsa “losika” lo lo solofeditsweng ka nakwana ka go dira gore Jesu a bolawe. Jehofa o tsosa Jesu gore a ye go tshela kwa legodimong mme o amogela boleng jwa setlhabelo sa botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng. Seo se dira gore ditlogolwana tsa ga Adame di itshwarelwe maleo mme di kgone go tshelela ruri mo nakong e e tlang.—Genesise 3:15; Ditiro 2:32-36; 1 Bakorintha 15:21, 22.

Mo e ka nnang ka 1914 C.E.

Jesu o latlhela noga, e leng Satane, mo lefatsheng ka nakwana.—Tshenolo 12:7-9, 12.

Mo nakong e e tlang

Jesu o golega Satane dingwaga di le 1 000 go tswa foo o a mo fedisa a mo tšhwetla tlhogo ka tsela ya tshwantshetso. Jehofa o diragatsa se a neng a se ikaeletse ka lefatshe le batho go tswa kwa tshimologong, leina la gagwe le a itshepisiwa mme tsela e a busang ka yone e a tlotlomadiwa.—Tshenolo 20:1-3, 10; 21:3, 4.