Tshenolo e e Yang Kwa go Johane 16:1-21

  • Dikotlele tse supa tsa bogale jwa Modimo (1-21)

    • Di tshololelwa mo lefatsheng (2), mo lewatleng (3), mo dinokeng le mo metsweding ya metsi (4-7), mo letsatsing (8, 9), mo setulong sa bogosi sa sebatana (10, 11), mo Euferatese (12-16) le mo moyeng (17-21)

    • Ntwa ya Modimo kwa Aramagedona (14, 16)

16  Mme ke ne ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo lefelong le le boitshepo+ le raya baengele ba ba supa le re: “Tsamayang lo ye go tshololela dikotlele tse supa tsa bogale jwa Modimo kwa lefatsheng.”+  Moengele wa ntlha o ne a tsamaya mme a tshololela sekotlele sa gagwe mo lefatsheng.+ Mme batho ba ba neng ba na le letshwao la sebatana le ba ba neng ba obamela setshwantsho sa sone,+ ba ne ba tswa mathopa*+ a a botlhoko a a kotsi.+  Moengele wa bobedi o ne a tshololela sekotlele sa gagwe mo lewatleng.+ Mme le ne la fetoga madi+ a a tshwanang le a motho yo o suleng, mme setshedi* sengwe le sengwe se se mo lewatleng se ne sa swa.+  Moengele wa boraro o ne a tshololela sekotlele sa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metsi.+ Mme di ne tsa fetoga madi.+  Ke ne ka utlwa moengele yo o laolang metsi a re: “O Modimo yo o ikanyegang,+ Ene yo o gone le yo o neng a le gone.+ O siame, ka ntlha ya gore o ntshitse dikatlholo tseno,+  ka gonne ba ne ba tsholola madi a ba ba boitshepo le a baporofeti,+ mme jaanong o ba neile madi gore ba a nwe;+ seo se a ba tshwanela.”+  Gape ke ne ka utlwa lentswe le tswa mo sebesong le re: “Eleruri dikatlholo tsa gago* di boammaaruri e bile di siame,+ wena Jehofa* Modimo, Mothatayotlhe.”+  Moengele wa bonê o ne a tshololela sekotlele sa gagwe mo letsatsing,+ mme letsatsi le ne la newa maatla a gore le fise batho ka molelo.  Mme batho ba ne ba fisiwa ke mogote o mogolo, le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhapatsa leina la Modimo, ene yo o laolang dipetso tseno, mme ga ba a ka ba ikwatlhaya e bile ga ba a ka ba mo galaletsa. 10  Moengele wa botlhano o ne a tshololela sekotlele sa gagwe mo setulong sa bogosi sa sebatana. Mme bogosi jwa sone bo ne jwa fifala,+ mme ba ne ba simolola go itoma maleme ka ntlha ya botlhoko jo ba neng ba bo utlwa, 11  e bile ba ne ba tlhapatsa Modimo yo o kwa legodimong ka ntlha ya ditlhabi tse ba neng ba di utlwa le ka ntlha ya mathopa a bone, mme ga ba a ka ba ikwatlhaela ditiro tsa bone. 12  Moengele wa borataro o ne a tshololela sekotlele sa gagwe mo nokeng e kgolo ya Euferatese,+ mme metsi a yone a ne a kgala+ e le go baakanyetsa dikgosi+ tse di tswang kwa botlhabatsatsi tsela. 13  Mme ke ne ka bona dipolelwana tse di seng phepa tse di tlhotlheleditsweng* di le tharo, tse di neng di lebega jaaka digwagwa. Di ne di tswa mo molomong wa noga e kgolo*+ le mo molomong wa sebatana le mo molomong wa moporofeti wa maaka. 14  Tota e bile, ke dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng ke madimona e bile di dira ditshupo,+ mme di tswela kwa dikgosing tse di mo lefatsheng lotlhe, di ya go di phuthela kwa ntweng+ ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.+ 15  “Bona, ke tla jaaka legodu.+ Go itumela yo o nnang a tsogile+ e bile a nna a apere diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle, gore a se ka a tsamaya a sa apara mme batho ba bona matlhabisaditlhong a gagwe.”+ 16  Mme di ne tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang Aramagedona* ka Sehebera.+ 17  Moengele wa bosupa o ne a tshololela sekotlele sa gagwe mo moyeng. Foo lentswe le le kwa godimo le ne la tswa mo lefelong le le boitshepo+ le tswa mo setulong sa bogosi, le re: “Go diragetse!” 18  Mme go ne ga nna le dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru, e bile go ne ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe e e sa tshwaneng le epe e e kileng ya direga fa e sa le batho ba nna gone mo lefatsheng,+ thoromo eo ya lefatshe e ne e le kgolo thata e bile e boitshega. 19  Motse o mogolo+ o ne wa kgaogana dikarolo di le tharo, le metse ya ditšhaba e ne ya wa; Modimo o ne a gakologelwa Babelona yo Mogolo,+ mme o ne a dira gore a nwe senwelo sa beine se se emelang bogale jwa gagwe jo bogolo.+ 20  Gape, setlhaketlhake sengwe le sengwe se ne sa tshaba, le dithaba di ne tsa se ka tsa bonwa.+ 21  Go tswa foo, sefako se segolo se leje lengwe le lengwe la sone le ka nnang bokete jwa talenta,* se ne sa fologela mo bathong se tswa kwa legodimong,+ mme batho ba ne ba tlhapatsa Modimo ka ntlha ya petso ya sefako seo,+ ka gonne petso eo e ne e le kgolo thata ka tsela e e sa tlwaelegang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dikaku; ditlhagala.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi.”
Seger., “ka bona meya e e seng phepa.”
Kgotsa “kgogela.”
Ka Segerika ke Har·Ma·ge·don′, go tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “Thaba ya Megido.”
Talenta ya kwa Gerika e ne e lekana le 20,4 kg. Bona Dintlha B14.