Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 6

Baebele e ne ya Bolelela Pele Eng ka Mesia?

BOPOROFETI

“Wena, Bethelehema Eferatha, . . . mo go wena go tla tswa mongwe yo o tla nnang mmusi mo Iseraele mo boemong jwa me.”

Mika 5:2

TIRAGATSO

“Fa Jesu a sena go tsholwa kwa Bethelehema wa Judea ka nako ya fa Herode e ne e le kgosi, balepadinaledi ba ba tswang kwa Botlhaba ba ne ba tla mo Jerusalema.”

Mathaio 2:1

BOPOROFETI

“Ba kgaogana diaparo tsa me, e bile diaparo tsa me ba di tshelela bola.”

Pesalema 22:18

TIRAGATSO

“Jaanong e rile masole a sena go kokotela Jesu mo koteng, a ne a tsaya diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle mme a di kgaoganya dikarolo di le nnê . . . mme seaparo sa ka fa teng se ne se se na moroko, se ne se logilwe go tswa kwa godimo go ya kwa tlase. Ka jalo, ba ne ba raana ba re: ‘A re se ka ra se gagola, mme a re tsheleng bola gore re bone gore e tla nna sa ga mang.’”

Johane 19:23, 24

BOPOROFETI

“O sireletsa marapo a gagwe otlhe; ga go na lerapo lepe mo go one le le robilweng.”

Pesalema 34:20

TIRAGATSO

“Fa ba tla mo go Jesu, ba ne ba lemoga gore o ne a setse a sule, ka jalo ga ba a ka ba roba maoto a gagwe.”

Johane 19:33

BOPOROFETI

“O ne a tlhabiwa ka ntlha ya maleo a rona.”

Isaia 53:5

TIRAGATSO

“Mongwe wa masole o ne a tlhaba letlhakore la gagwe ka lerumo, mme ka bonako fela go ne ga tswa madi le metsi.”

Johane 19:34

BOPOROFETI

“Ba ne ba nnaya tuelo ya me ya dishekele tsa selefera di le 30.”

Sekarea 11:12, 13

TIRAGATSO

“Go tswa foo, mongwe wa baaposetoloi ba ba 12, yo o bidiwang Judase Isekariota, o ne a ya kwa baperesiting ba bagolo a bo a ba raya a re: ‘Lo tla nnaya eng gore ke lo mo neele?’ Ba ne ba mo solofetsa dishekele tsa selefera di le 30.”

Mathaio 26:14, 15; 27:5