Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 12

Go na le Tsholofelo Efe ka Baswi?

“Lo se ka lwa gakgamalela seno, ka gonne nako e etla e batho botlhe ba ba mo mabitleng ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tsoga.”

Johane 5:28, 29

“Batho ba ba siameng le ba ba sa siamang ba tlile go tsosiwa mo baswing.”

Ditiro 24:15

“Ke ne ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, mme go ne ga bulwa memeno. Go ne ga bulwa momeno o mongwe; ke momeno wa botshelo. Baswi ba ne ba atlholwa go ya ka ditiro tsa bone go dirisiwa dilo tse di kwadilweng mo memenong eo. Mme lewatle le ne la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Lebitla di ne tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a atlholwa go ya ka ditiro tsa gagwe.”

Tshenolo 20:12, 13