Efangele ya ga Mathaio 22:1-46

  • Setshwantsho sa mokete wa lenyalo (1-14)

  • Modimo le Kaesara (15-22)

  • Potso ka go tsosiwa ga baswi (23-33)

  • Ditaelo tse pedi tsa botlhokwa thata (34-40)

  • A Keresete ke morwa Dafide? (41-46)

22  Jesu o ne a bua le bone gape ka ditshwantsho, a re:  “Bogosi jwa magodimo bo ka tshwantshiwa le kgosi e e neng ya direla morwaayone mokete wa lenyalo.+  E ne ya roma batlhanka ba yone go ya go bitsa ba ba neng ba laleditswe kwa moketeng wa lenyalo, mme ba ne ba sa batle go tla.+  E ne ya roma batlhanka ba bangwe gape, ya re, ‘Bolelelang ba ba laleditsweng lo re: “Ke baakantse dijo, ke tlhabile dipoo tsa me le diphologolo tse di nonneng, mme sengwe le sengwe se siame. Tlang moketeng wa lenyalo.”’  E re ka ba ne ba sa kgathale ba ne ba tsamaya, yo mongwe a ya kwa tshimong ya gagwe, yo mongwe a ya kwa kgwebong ya gagwe;+  mme ba bangwe bone ba ne ba tshwara batlhanka bao ba kgosi, ba ba itaya ba bo ba ba bolaya.  “Kgosi eno e ne ya shakgala mme ya roma masole a yone gore a bolaye babolai bao le gore a fise motse wa bone.+  Go tswa foo, e ne ya raya batlhanka ba yone ya re, ‘Sengwe le sengwe se rulagantswe, mme ba ba neng ba laleditswe ga ba tshwanelege go nna teng.+  Ka jalo, yang kwa ditseleng tse dikgolo tsa motse, mme ope fela yo lo mmonang lo mo laletse go tla mo moketeng wa lenyalo.’+ 10  Foo batlhanka bao ba ne ba ya kwa ditseleng mme ba phutha batho botlhe ba ba neng ba ba bona, ba ba bosula le ba ba siameng; mme phaposi ya moletlo wa lenyalo e ne ya tlala batho ba ba tlileng dijong.* 11  “Fa kgosi e tla go tlhatlhoba balalediwa, e ne ya bona monna mongwe yo o sa aparang seaparo sa lenyalo. 12  Ka jalo, e ne ya mo raya ya re, ‘Mogaetsho, o tsene jang fano o sa apara seaparo sa lenyalo?’ O ne a didimala fela. 13  Foo kgosi e ne ya raya batlhanka ba yone ya re, ‘Mmofeng diatla le dinao mme lo mo latlhele kwa ntle kwa lefifing. Fa a le koo o tla bokolela a bo a phuranya meno a gagwe.’ 14  “Gonne go na le ba le bantsi ba ba laleditsweng, le fa go ntse jalo, go tlhophilwe ba le mmalwa.” 15  Go tswa foo, Bafarasai ba ne ba tsamaya ba bo ba loga leano la go dira gore Jesu a bue sengwe se se phoso.+ 16  Ka jalo, ba ne ba roma barutwa ba bone kwa go ene ba na le lekoko la balatedi ba ga Herode,+ mme ba mo raya ba re: “Moruti, re a itse gore o bua boammaaruri ka metlha le gore o ruta boammaaruri ka Modimo, e bile ga o batle go tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa batho ba bangwe, ka gonne ga o lebe ponalo ya ka fa ntle ya batho. 17  Jaanong re bolelele, o akanyang? A go siame* go duela Kaesara lekgetho* kgotsa nnyaa?” 18  E re ka Jesu a ne a itse bosula jwa bone, o ne a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo nteka, baitimokanyi ke lona? 19  Mpontsheng ledi la tshipi la lekgetho.” Ba ne ba mo tlisetsa denario.* 20  O ne a ba raya a re: “Setshwantsho seno le mokwalo ono ke tsa ga mang?” 21  Ba ne ba re: “Ke tsa ga Kaesara.” Foo a ba raya a re: “Ka jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme lo duele Modimo dilo tsa Modimo.”+ 22  Fa ba utlwa seo, ba ne ba gakgamala, mme ba mo tlogela ba bo ba tsamaya. 23  Mo letsatsing leo Basadukae, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi,+ ba ne ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re:+ 24  “Moruti, Moshe o ne a re: ‘Fa monna a swa a se na bana, morwarraagwe o tshwanetse go nyala mosadi wa gagwe gore a tsholele morwarraagwe bana.’+ 25  Jaanong go ne go na le banna ba le supa e le bana ba motho. Wa ntlha o ne a nyala a bo a swa, mme e re ka a ne a se na bana, morwarraagwe o ne a nyala mosadi wa gagwe. 26  Go ne ga direga jalo le ka wa bobedi le wa boraro, go fitlha ka wa bosupa. 27  Morago ga moo, mosadi yoo le ene a swa. 28  Ka jalo fa baswi ba tsosiwa, o tla nna mosadi wa ga mang mo go ba ba supa bano? Ka gonne botlhe ba ne ba mo nyetse.” 29  Jesu o ne a ba araba a re: “Ga lo itse Dikwalo e bile ga lo itse maatla a Modimo.+ Ke lone lebaka la go bo lo fositse. 30  Ka gonne fa baswi ba tsosiwa banna ga ba kitla ba nyala e bile basadi ga ba kitla ba nyalwa, mme ba tla bo ba tshwana le baengele kwa legodimong.+ 31  A lo ne lwa se ka lwa bala se Modimo a neng a se lo bolelela ka tsogo ya baswi fa a ne a re: 32  ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’?+ Ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi.”+ 33  Fa batho ba utlwa seo, ba ne ba gakgamadiwa ke tsela e a rutang ka yone.+ 34  Fa Bafarasai ba sena go utlwa gore o ne a tswetse Basadukae molomo, ba ne ba ikopanya go nna setlhopha se le sengwe. 35  Mme mongwe wa bone, yo o neng a itse Molao fela thata, o ne a mmotsa jaana a mo leka: 36  “Moruti, taelo ya botlhokwa thata mo Molaong ke efe?”+ 37  O ne a mo raya a re: “‘O tshwanetse go rata Jehofa,* Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’+ 38  Eno ke taelo ya botlhokwa thata e bile ke ya ntlha. 39  Ya bobedi e e tshwanang le yone, ke eno: ‘O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’+ 40  Molao wa ga Moshe otlhe le mafoko a baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tseno tse pedi.”+ 41  Jaanong fa Bafarasai ba ntse ba phuthegile mmogo, Jesu o ne a ba botsa a re:+ 42  “Lo akanyang ka Keresete? Ke morwa mang?” Ba mo raya ba re: “Ke morwa Dafide.”+ 43  O ne a ba botsa a re: “Jaanong go tla jang go bo Dafide a mmitsa Morena, a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo+ a re, 44  ‘Jehofa* o ne a raya Morena wa me a re: “Nna ka fa seatleng sa me sa moja go fitlha ke dira gore baba ba gago ba nne ka fa tlase ga dinao tsa gago”’?+ 45  Jaanong, fa e le gore Dafide o mmitsa Morena, go tla jang gore e bo e le morwawe?”+ 46  Mme ga go na ope yo o neng a kgona go mo araba, e bile go tloga ka letsatsi leo, ga go na ope yo o neng a nna le sebete sa go tlhola a mmotsa dipotso.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba ntseng ka go sekama fa tafoleng.”
Seger., “ka fa molaong.”
Kgotsa “lekgetho la tlhogo,” go tewa lekgetho le le ntshiwang ke mongwe le mongwe.