Efangele ya ga Mathaio 4:1-25

  • Diabolo o raela Jesu (1-11)

  • Jesu o simolola go rera mo Galalea (12-17)

  • Barutwa ba ntlha ba a bidiwa (18-22)

  • Jesu o a rera, o a ruta e bile o a fodisa (23-25)

4  Foo moya wa Modimo o ne wa dira gore Jesu a ye kwa nageng, mme fa a le koo o ne a raelwa+ ke Diabolo.+  Fa a sena go itima dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40, o ne a tshwarwa ke tlala.  Mme Moraedi+ o ne a tla kwa go ene a bo a mo raya a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, laela maje ano gore a fetoge dinkgwe.”  Le fa go ntse jalo, o ne a mo araba a re: “Go kwadilwe jaana: ‘Motho ga a tshwanela go tshela ka senkgwe fela, mme o tshwanetse go tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.’”*+  Go tswa foo, Diabolo o ne a mo isa kwa motseng o o boitshepo,+ mme a mo emisa mo setlhoeng* sa tempele+  a bo a mo raya a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, itatlhele kwa tlase, ka gonne go kwadilwe jaana: ‘O tla laela baengele ba gagwe gore ba go thuse,’ mme ‘Ba tla go tshegetsa ka diatla, gore lonao lwa gago lo se ka lwa itaagana le leje lepe.’”+  Jesu o ne a mo raya a re: “Gape go kwadilwe jaana: ‘Ga o a tshwanela go leka Jehofa,* Modimo wa gago.’”+  Gape Diabolo o ne a mo isa kwa thabeng e e goletseng kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang a bo a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.+  Mme o ne a mo raya a re: “Ke tla go naya dilo tseno tsotlhe fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” 10  Foo Jesu o ne a mo raya a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe jaana: ‘O tshwanetse go obamela Jehofa,* Modimo wa gago fela,+ e bile ke ene fela yo o tshwanetseng go mo direla.’”+ 11  Foo Diabolo o ne a mo tlogela,+ mme baengele ba ne ba tla go mo nonotsha.+ 12  Jaanong e rile Jesu a utlwa gore Johane o ne a tshwerwe,+ o ne a ya kwa Galalea.+ 13  Morago ga moo, fa a sena go tswa kwa Nasaretha, o ne a tla mme a nna mo Kaperenama+ go bapa le lewatle mo dikgaolong tsa Sebulone le Nafetali, 14  gore go tle go diragale se moporofeti Isaia a neng a se bua fa a ne a re: 15  “Wena Galalea wa ditšhaba, e leng lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetali, yo o bapileng le tsela e e fa lewatleng, ka fa bophirima jwa Joredane! 16  Batho ba ba ntseng mo lefifing ba ne ba bona lesedi le legolo, mme ba ba nnang mo lefatsheng la moriti o montsho, ba ne ba phatsimelwa+ ke lesedi.”+ 17  Go tloga ka nako eo go ya pele, Jesu o ne a simolola go rera a re: “Ikwatlhayeng, ka gonne Bogosi jwa magodimo bo atametse.”+ 18  Fa a ntse a tsamaya go bapa le Lewatle la Galalea, o ne a bona banna ba babedi ba e neng e le bana ba motho, Simone yo o bidiwang Petere+ le monnawe* e bong Anderea, ba latlhela letlowa mo lewatleng, ka gonne e ne e le batshwaraditlhapi.+ 19  Mme o ne a ba raya a re: “Ntshaleng morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.”+ 20  Ka yone nako eo, ba ne ba tlogela matlowa a bone ba bo ba mo sala morago.+ 21  Fa a ntse a tsweletse ka loeto a tswa koo, o ne a bona banna ba bangwe gape ba babedi ba e neng e le bana ba motho, Jakobe morwa Sebede le monnawe e bong Johane.+ Ba ne ba na le rraabone e bong Sebede mo mokorong, ba rokaganya matlowa a bone, mme o ne a ba bitsa.+ 22  Ka yone nako eo, ba ne ba tlogela mokoro le rraabone mme ba mo sala morago. 23  Go tswa foo, o ne a tsamaya mo Galalea yotlhe,+ a ruta mo disinagogeng tsa bone,+ a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi e bile a fodisa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe mo bathong.+ 24  Pego ka ga gagwe e ne ya anamela kwa Siria yotlhe, mme ba ne ba mo tlisetsa batho botlhe ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a farologaneng e bile ba le mo ditlhabing,+ batho ba ba neng ba laolwa ke madimona+ le ba ba nang le bolwetse jwa go wa+ le ba ba sa kgoneng go tsamaya ka ntlha ya bolwetse, mme o ne a ba fodisa. 25  Ka gone, boidiidi jo bogolo bo ne jwa mo sala morago bo tswa kwa Galalea, kwa Dekapolise,* kwa Jerusalema, kwa Judea le ka kwa ga Joredane.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo karolong e e kwa godimo thata.”
Temana eno ka Segerika ga e tlhalose gore ke mang yo o neng a le mogolo gareng ga ga Simone le Anderea.
Kgotsa “kwa Kgaolong ya Metse e le Lesome.”