Efangele ya ga Johane 13:1-38

  • Jesu o tlhapisa barutwa ba gagwe dinao (1-20)

  • Jesu o senola gore Judase o tlile go mo rekisa (21-30)

  • Taelo e ntšha (31-35)

    • “Fa lo ratana” (35)

  • Jesu o bolelela pele gore Petere o tla mo itatola (36-38)

13  Jaanong Jesu o ne a itse pele ga moletlo wa Tlolaganyo gore nako ya gagwe ya gore a tswe mo lefatsheng leno mme a ye kwa go Rara+ e ne e tlile.+ Mme e re ka a ne a rata balatedi ba gagwe, o ne a ba rata go fitlha kwa bokhutlong.+  Ba ne ba ntse ba ja dijo tsa maitseboa, mme Diabolo o ne a setse a dirile gore Judase Isekariota,+ morwa Simone a akanye ka go rekisa* Jesu.+  Ka jalo, e re ka Jesu a ne a itse gore Rara o ne a tsentse dilo tsotlhe mo diatleng tsa gagwe le gore o ne a tswa kwa Modimong e bile o ne a ya kwa Modimong,+  o ne a ema a tlogela dijo tsa maitseboa mme a beela diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle kwa thoko. Mme o ne a tsaya toulo a bo a ipofa ka yone mo lothekeng.*+  Morago ga moo o ne a tshela metsi mo sekotleleng a bo a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe le go di phimola ka toulo e a neng a ipofile* ka yone.  Foo o ne a tla mo go Simone Petere. Petere o ne a mo raya a re: “Morena, a o ntlhapisa dinao?”  Jesu o ne a mo araba a re: “Se ke se dirang ga o se tlhaloganye gone jaanong, mme o tla se tlhaloganya morago ga dilo tseno.”  Petere o ne a mo raya a re: “Ga nkitla ke go letla o ntlhapisa dinao.” Jesu o ne a mo raya a re: “Fa ke sa go tlhapise,+ o ka se kgone go nna le nna.”  Simone Petere o ne a mo raya a re: “Morena, o se ka wa ntlhapisa dinao fela, mme o ntlhapise le diatla le tlhogo.” 10  Jesu o ne a mo raya a re: “Ope fela yo o setseng a tlhapile, mmele wa gagwe otlhe o phepa, ka jalo, o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela. Mme lona lo phepa, le fa go ntse jalo, e seng lona lotlhe.” 11  Gonne o ne a itse motho yo o neng a tla mo rekisa.+ Ke gone ka moo a neng a re: “Ga lo phepa lotlhe.” 12  Fa a sena go ba tlhapisa dinao le go apara diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle, o ne a nna fa tafoleng gape a bo a ba raya a re: “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira mo go lona? 13  Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena,’ mme lo nepile, ka gonne ke ene.+ 14  Ka jalo, fa ke le Morena e bile ke le Moruti mme ke ile ka lo tlhapisa dinao,+ le lona lo tshwanetse* go tlhapisana dinao.+ 15  Gonne ke lo tlhometse sekao, gore fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse go dira jalo.+ 16  Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe, e bile motho yo o romilweng ga a mogolo go feta yo o mo romileng. 17  Fa lo itse dilo tseno, lo tla itumela fa lo di dira.+ 18  Ga ke bue ka ga lona lotlhe; ke itse ba ke ba tlhophileng. Mme seno se ne sa direga e le gore lokwalo lono lo tle lo diragadiwe:+ ‘Motho yo o neng a ja le nna o ntlhanogetse.’*+ 19  Go tloga mo nakong eno, ke lo bolelela go ise go diragale, gore fa go diragala lo tle lo dumele gore ke ene.+ 20  Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, ope fela yo o amogelang mongwe yo ke mo romang,+ o amogela le nna, mme ope fela yo o nkamogelang, o amogela le Ene yo o nthomileng.”+ 21  Fa Jesu a sena go bua dilo tseno, o ne a tshwenyega thata, mme o ne a bua phatlalatsa a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, mongwe wa lona o tla nthekisa.”*+ 22  Barutwa ba ne ba simolola go lebana, ba sa itse gore o ne a bua ka mang.+ 23  Mongwe wa barutwa ba gagwe, yo Jesu a neng a mo rata,+ o ne a ntse gaufi thata le* Jesu. 24  Ka jalo, Simone Petere o ne a leba morutwa yono ka kelotlhoko* a bo a mo raya a re: “Re bolelele gore o bua ka mang.” 25  Ka jalo, morutwa yono o ne a ikaega ka Jesu a bo a mo raya a re: “Morena, ke mang?”+ 26  Jesu o ne a araba a re: “Ke yo ke tla mo nayang senkgwe seno se ke se inang mo sopong.”+ Ka jalo, fa a sena go ina senkgwe mo sopong, o ne a se naya Judase, morwa Simone Isekariota. 27  Fa Judase a sena go tsaya senkgwe seo, Satane o ne a tsena mo go ene.+ Ka jalo, Jesu o ne a mo raya a re: “Se o se dirang, se dire ka bonako thata.” 28  Le fa go ntse jalo, go ne go se ope wa ba ba ntseng fa tafoleng yo o neng a itse gore ke ka ntlha yang fa a ne a mmolelela seo. 29  Tota e bile, e re ka Judase a ne a tshwara letlole la madi,+ bangwe ba ne ba ithaya ba re Jesu o ne a mo raya a re, “Reka dilo tse re di tlhokelang moletlo,” kgotsa gore a neye bahumanegi sengwe. 30  Ka jalo, fa a sena go tsaya senkgwe seo, o ne a tswa ka yone nako eo. Mme go ne go le bosigo.+ 31  Ka jalo, fa a sena go tswa, Jesu o ne a re: “Jaanong Morwa motho o galaleditswe,+ le Modimo o galaleditswe ka ntlha ya gagwe. 32  Modimo ka boene o tla mo galaletsa,+ mme o tla mo galaletsa ka yone nako eo. 33  Bana ba bannye, ke na le lona ka lobakanyana. Lo tla mpatla; mme fela jaaka ke ne ka raya Bajuda ke re, ‘Kwa ke yang gone ga lo ka ke lwa tla gone,’+ jaanong le lona ke lo bolelela se se tshwanang. 34  Ke lo naya taelo e ntšha ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile,+ le lona lo tshwanetse go ratana.+ 35  Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.”+ 36  Simone Petere o ne a mo raya a re: “Morena, o ya kae?” Jesu o ne a mo araba a re: “Ga o ka ke wa kgona go tsamaya le nna kwa ke yang teng gone jaanong, mme o tla tla moragonyana.”+ 37  Petere o ne a mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha yang fa nka se kgone go tsamaya le wena gone jaanong? Ke ikemiseditse go go swela.”+ 38  Jesu o ne a mo araba a re: “A ruri o ikemiseditse go ntshwela? Ammaaruri ammaaruri ke a go bolelela, pele ga mokoko o lela, o tla bo o intatotse gararo.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “oka.”
Kgotsa “a bo a ikgatlha ka yone.”
Kgotsa “a ikgatlhile.”
Kgotsa “le lona lo patelesega.”
Seger., “o ntsholeleditse serethe.”
Kgotsa “nkoka.”
Seger., “o ne a ntse ka go sekama fa sehubeng sa ga.”
Kgotsa “a supa yono ka tlhogo.”