Efangele ya ga Johane 18:1-40

  • Judase o rekisa Jesu (1-9)

  • Petere o dirisa tšhaka (10, 11)

  • Jesu o isiwa kwa go Anase (12-14)

  • Petere o itatola Jesu lekgetlo la ntlha (15-18)

  • Anase o botsolotsa Jesu (19-24)

  • Petere o itatola Jesu lekgetlo la bobedi le la boraro (25-27)

  • Pilato o botsolotsa Jesu (28-40)

    • “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno” (36)

18  Fa Jesu a sena go bua dilo tseno, o ne a tswa le barutwa ba gagwe ba kgabaganya Mokgatšha wa Kiderone*+ mme ba ya kwa go neng go na le tshingwana gone ba bo ba tsena mo go yone.+  Jaanong Judase, yo o neng a tloga a mo rekisa,* le ene o ne a itse lefelo leno, ka gonne Jesu o ne a tlhola a kopanela le barutwa ba gagwe teng.  Ka jalo, Judase o ne a tsamaya le setlhopha sa masole le badiredi ba ba neng ba romilwe ke baperesiti ba bagolo le Bafarasai mme ba ya teng ba tshotse dikgong tse di tukang le dipone le dibetsa.+  E re ka Jesu a ne a itse dilo tsotlhe tse di neng di tlile go mo diragalela, o ne a atamela kwa go bone mme a ba raya a re: “Lo batla mang?”  Ba ne ba mo araba ba re: “Jesu wa Monasaretha.”+ O ne a ba raya a re: “Ke nna.” Jaanong Judase, yo o neng a mo rekisa, le ene o ne a eme le bone.+  Le fa go ntse jalo, e rile Jesu a ba raya a re, “Ke nna,” ba ne ba boela kwa morago mme ba wela fa fatshe.+  Ka jalo, o ne a ba botsa gape a re: “Lo batla mang?” Ba ne ba re: “Jesu wa Monasaretha.”  Jesu o ne a ba raya a re: “Ke lo boleletse gore ke nna. Ka jalo, fa e le gore lo batla nna, tlogelang banna bano ba tsamaye.”  Seno e ne e le go diragatsa se a ileng a se bua fa a ne a re: “Ga ke a latlhegelwa ke ope mo go ba o ba nneileng.”+ 10  Foo Simone Petere, yo o neng a tshotse tšhaka, o ne a e somola mme a kgaola tsebe ya moja ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo.+ Leina la motlhanka yono e ne e le Maleko. 11  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a raya Petere a re: “Tsenya tšhaka eo mo kgetsaneng ya yone.+ A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se nneileng?”+ 12  Foo masole le molaodi wa masole le badiredi ba Bajuda ba ne ba tshwara Jesu mme ba mmofa. 13  Ba ne ba mo isa pele kwa go Anase, ka gonne e ne e le mogwegadiagwe Kaiafase,+ yo e neng e le moperesiti yo mogolo mo ngwageng oo.+ 14  Tota e bile, Kaiafase ke ene yo o ileng a gakolola Bajuda gore ke bone ba ba neng ba tla solegelwa molemo fa motho a le mongwe a swa mo boemong jwa batho.+ 15  Jaanong Simone Petere o ne a setse Jesu morago a na le morutwa yo mongwe.+ Morutwa yoo o ne a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, mme o ne a tsena le Jesu mo lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo, 16  mme Petere o ne a eme kwa ntle fa kgorong. Ka jalo, morutwa yo mongwe yoo, yo o neng a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, o ne a ya go bua le molebedi wa kgoro mme a bulela Petere. 17  Foo mosetsana* mongwe yo e neng e le molebedi wa kgoro, o ne a raya Petere a re: “Le wena o mongwe wa barutwa ba monna yono, gakere?” O ne a re: “Ga ke morutwa wa gagwe.”+ 18  Jaanong batlhanka le badiredi ba ne ba eme fa molelong wa malatlha o ba neng ba o gotsitse, ka gonne go ne go le tsididi mme ba ne ba ikomosa. Petere le ene o ne a eme le bone a ikomosa. 19  Jaanong moperesiti yo mogolo o ne a botsa Jesu ka ga barutwa ba gagwe le ka ga thuto ya gagwe. 20  Jesu o ne a mo araba a re: “Ke buile fa pele ga batho botlhe. Ka metlha ke ne ke ruta mo sinagogeng le mo tempeleng,+ kwa Bajuda botlhe ba phuthegelang gone, mme ga ke a ka ka bua sepe mo sephiring. 21  Ke ka ntlha yang fa o botsa nna? Botsa ba ba utlwileng se ke neng ke se bua. Bona, batho bano ba itse se ke se buileng.” 22  Fa Jesu a sena go bua dilo tseno, modiredi mongwe yo o neng a eme foo o ne a mo faphola mo sefatlhegong+ mme a re: “A ke tsela e o arabang moperesiti yo mogolo ka yone?” 23  Jesu o ne a mo araba a re: “Fa e le gore ke buile sengwe se se phoso, ntsha bosupi jwa phoso eo; mme fa e le gore se ke se buileng se siame, ke ka ntlha yang fa o ntitaya?” 24  Foo Anase o ne a mo romela kwa moperesiting yo mogolo e bong Kaiafase a bofilwe.+ 25  Jaanong Simone Petere o ne a eme foo a ikomosa. Foo ba ne ba mo raya ba re: “Le wena o mongwe wa barutwa ba gagwe, gakere?” O ne a itatola a re: “Ga ke morutwa wa gagwe.”+ 26  Mongwe wa batlhanka ba moperesiti yo mogolo, yo e neng e le wa losika lwa monna yo Petere a neng a kgaotse tsebe ya gagwe,+ o ne a re: “A ga se wena yo ke go boneng o na le ene kwa tshingwaneng?” 27  Le fa go ntse jalo, Petere o ne a itatola gape, mme ka yone nako eo mokoko o ne wa lela.+ 28  Go tswa foo, ba ne ba tsaya Jesu kwa go Kaiafase mme ba mo isa kwa ntlong ya ga Pilato, molaodi wa Judea.+ Jaanong go ne go sa le phakela. Le fa go ntse jalo, bone ga ba a ka ba tsena mo ntlong ya molaodi, gore ba se ka ba leswafala+ mme ba tle ba kgone go ja Tlolaganyo. 29  Ka jalo, Pilato o ne a tswela kwa ntle kwa go bone mme a re: “Lo latofatsa monna yono ka eng?” 30  Ba ne ba mo araba ba re: “Fa monna yono a ne a sa dira phoso epe,* re ka bo re sa mo tlisa mo go wena.” 31  Ka jalo, Pilato o ne a ba raya a re: “Lona mo tseyeng mme lo mo atlhole go ya ka molao wa lona.”+ Bajuda ba ne ba mo raya ba re: “Ga go ka fa molaong gore re bolaye ope.”+ 32  Seno e ne e le go diragatsa se Jesu a ileng a se bua fa a ne a tlhalosa gore o ne a tloga a swa ka tsela e e ntseng jang.+ 33  Ka jalo, Pilato o ne a tsena gape mo ntlong ya molaodi mme a bitsa Jesu a bo a mo raya a re: “A o Kgosi ya Bajuda?”+ 34  Jesu o ne a araba a re: “A o botsa seno ka bowena fela, kgotsa a ba bangwe ba go boleletse ka nna?” 35  Pilato o ne a araba a re: “O a itse gore ga ke Mojuda, gakere? Setšhaba sa gaeno le baperesiti ba bagolo ba go tlisitse mo go nna. O dirile eng?” 36  Jesu o ne a araba a re:+ “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.+ Fa Bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda.+ Mme jaanong, Bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” 37  Ka jalo, Pilato o ne a mo raya a re: “Mme jaanong a o kgosi?” Jesu o ne a mo araba a re: “Wena ka bowena wa re ke kgosi.+ Ke tsholetswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke bolelele batho ka ga boammaaruri.+ Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la boammaaruri o reetsa lentswe la me.” 38  Pilato o ne a mo raya a re: “Boammaaruri ke eng?” Fa a sena go bua jalo, o ne a tswela gape kwa Bajudeng mme a ba raya a re: “Ga ke bone molato ope mo go ene.+ 39  Mo godimo ga moo, go ya ka tlwaelo ya lona, ke tshwanetse go lo gololela legolegwa lengwe ka Tlolaganyo.+ Ka jalo, a lo batla gore ke lo gololele Kgosi ya Bajuda?” 40  Ba ne ba goa gape ba re: “Ga re batle monna yono, re batla Barabase!” Jaanong Barabase e ne e le senokwane.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “molatswana wa Kiderone o o phothoselang mariga.”
Kgotsa “oka.”
Mosetsana yono e ne e le lelata.
Kgotsa “e ne e se senokwane.”