Efangele ya ga Johane 5:1-47

  • Monna yo o lwalang o fodisiwa kwa Bethesatha (1-18)

  • Jesu o neilwe taolo ke Rraagwe (19-24)

  • Baswi ba tla utlwa lentswe la ga Jesu (25-30)

  • Bosupi jo bo ka ga Jesu (31-47)

5  Morago ga moo, go ne ga nna le moletlo+ wa Bajuda, mme Jesu o ne a ya kwa Jerusalema.  Jaanong kwa Jerusalema kwa Kgorong ya Dinku+ go ne go na le mogobe o ka Sehebera o bidiwang Bethesatha, mme go ne go na le dipilara di le dintsi tse di dikologileng mogobe oo.*  Go ne go na le batho ba bantsi ba ba lwalang, ba ba foufetseng, ba ba tlhotsang, le ba ba golafetseng* mabogo kgotsa maoto ba rapame foo.  *——  Mme go ne go na le monna mongwe koo yo o neng a na le dingwaga di le 38 a ntse a lwala.  Fa Jesu a bona monna yoo a rapame foo e bile a lemoga gore o ne a setse a na le nako e telele a lwala, o ne a mo raya a re: “A o batla go fola?”+  Monna yo o lwalang yoo o ne a mo araba jaana: “Rra, ga ke na motho yo o ka ntsenyang mo mogobeng fa metsi a fuduega, mme fa ke sa ntse ke re ke a ya, motho yo mongwe o tsena pele ga me.”  Jesu o ne a mo raya a re: “Ema! tsaya mmêtshê* wa gago mme o tsamaye.”+  Monna yoo o ne a fola ka yone nako eo, mme o ne a tsaya mmêtshê* wa gagwe a bo a tsamaya. E ne e le letsatsi la Sabata. 10  Ka jalo, Bajuda ba ne ba raya monna yo o fodisitsweng ba re: “Ke Sabata, mme ga go ka fa molaong gore o kuke mmêtshê.”*+ 11  Mme o ne a ba raya a re: “Ene yo o neng a mphodisa o ntheile a re, ‘Tsaya mmêtshê* wa gago o tsamaye.’” 12  Ba ne ba mmotsa ba re: “Motho yoo ke mang yo o go reileng a re, ‘O tseye mme o tsamaye’?” 13  Mme monna yo o fodisitsweng o ne a sa itse gore e ne e le mang, ka gonne Jesu o ne a tsene mo gare ga batho ba bantsintsi ba ba neng ba le foo. 14  Morago ga moo, Jesu o ne a mo fitlhela mo tempeleng mme a mo raya a re: “Bona, jaanong o fodile. O se ka wa tlhola o leofa, gore o se ka wa diragalelwa ke sepe se se maswe le go feta.” 15  Monna yoo o ne a tsamaya mme a bolelela Bajuda gore Jesu ke ene yo o neng a mo fodisa. 16  Ka ntlha ya seo, Bajuda ba ne ba bogisa Jesu, ka gonne o ne a dira dilo tseo ka Sabata. 17  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Go fitlha jaanong, Rre o ntse a bereka, le nna ke tsweletse ke a bereka.”+ 18  Ke gone ka moo Bajuda ba neng ba batla go mmolaya, ka gonne ba ne ba akanya gore o tlola molao wa Sabata, le gore o batla gore batho ba akanye gore o lekana le Modimo+ ka gonne o ne a bitsa Modimo a re ke Rraagwe.+ 19  Ka jalo, fa Jesu a ba araba, o ne a ba raya a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, Morwa ga a ka ke a dira sepe ka boene fela, fa a sa bona Rara a se dira.+ Gonne dilo dipe fela tse Rre a di dirang, Morwa le ene o dira dilo tseno ka tsela e e tshwanang. 20  Gonne Rara o rata Morwa+ mme o mmontsha dilo tsotlhe tse a di dirang, e bile o tla mmontsha ditiro tse dikgolo go feta tseo, gore lo tle lo gakgamale.+ 21  Gonne fela jaaka Rara a tsosa baswi,+ ka tsela e e tshwanang Morwa le ene o tsosa ope fela yo a batlang go mo tsosa.+ 22  Gonne Rara ga a atlhole ope gotlhelele, mme o neetse Morwawe maikarabelo a go atlhola,+ 23  gore batho botlhe ba tle ba tlotle Morwa fela jaaka ba tlotla Rara. Ope fela yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rara yo a mo romileng.+ 24  Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, ope fela yo o utlwang lefoko la me e bile a dumela Ene yo o nthomileng o tlile go bona botshelo jo bo sa khutleng,+ mme ga a kitla a atlholwa, go na le moo, o tshwana le motho yo o neng a sule mme jaanong o a tshela.+ 25  “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, nako e etla, le jaanong e fitlhile, e mo go yone baswi ba tla utlwang lentswe la Morwa Modimo, mme ba ba reetsang ba tla tshela. 26  Gonne fela jaaka Rara a na le maatla a go naya botshelo,*+ o neile le Morwa maatla a go naya botshelo.+ 27  Gape o mo neile taolo ya gore a atlhole,+ ka gonne ke Morwa motho.+ 28  Lo se ka lwa gakgamalela seno, ka gonne nako e etla e batho botlhe ba ba mo mabitleng* ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone+ 29  mme ba tla tsoga, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tla tsosediwa gore ba amogele botshelo jo bo sa khutleng, mme ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tla tsosediwa gore ba atlholwe.+ 30  Ga nka ke ka dira sepe ka bonna. Ke atlhola batho go ya ka se Rre a se mpolelelang. Ke ba atlhola ka tshiamo,+ ka gonne ga ke dire thato ya me, mme ke dira thato ya ga Rre yo o nthomileng.+ 31  “Fa ke bolelela batho ka ga me ke le nosi, ga ba kitla ba dumela se ke se buang.+ 32  Go na le yo mongwe yo o bolelelang batho ka ga me, mme ke a itse gore se a se buang ka ga me se boammaaruri.+ 33  Lo rometse batho kwa go Johane, mme o ne a bua boammaaruri ka ga me.+ 34  Le fa go ntse jalo, ga ke batle gore motho ope a bolelele batho ka ga me, mme ke bua dilo tseno gore lo tle lo bolokwe. 35  Monna yoo e ne e le lobone lo lo tukang e bile lo phatsima, mme lona lo ne lo rata go itumelela lesedi la gagwe ka nakwana fela.+ 36  Johane o ne a bolelela batho gore ke tswa kwa go Rara. Mme ke na le bosupi jwa gore Rara o nthomile. Bosupi joo ke gore ke dira ditiro tse a nthomileng gore ke di dire.+ 37  Mme Rara o buile gore o nthomile.+ Ga lo ise lo utlwe lentswe la gagwe ka nako epe e bile ga lo ise lo ke lo bone gore o ntse jang,+ 38  e bile lefoko la gagwe ga le a nna mo dipelong tsa lona, ka gonne ga lo dumele yo a mo romileng. 39  “Lo tlhatlhoba Dikwalo+ ka gonne lo akanya gore ke tsone tse di tla dirang gore lo bone botshelo jo bo sa khutleng; mme tsone Dikwalo tseo ke tsone tse di buang ka ga me.+ 40  Le fa go ntse jalo, ga lo batle go tla mo go nna+ e le gore lo tle lo bone botshelo. 41  Ga ke batle go galalediwa ke batho, 42  mme ke itse sentle gore ga lo rate Modimo. 43  Ke tlile ka leina la ga Rre, mme ga lo nkamogele. Fa mongwe o sele a ne a ka itlela ka leina la gagwe, lo ne lo tla mo amogela. 44  Lo ka dumela jang, fa lona lo tlotlana mme lo sa batle tlotlo e e tswang kwa Modimong yo o esi?+ 45  Lo se ka lwa akanya gore ke tla lo latofatsa kwa go Rara; go na le motho a le mongwe yo o lo latofatsang, e bong Moshe,+ yo lo mo ikanyang. 46  Tota e bile, fa lo ne lo dumetse Moshe lo ne lo tla ntumela, ka gonne o kwadile ka ga me.+ 47  Mme fa lo sa dumele se a se kwadileng, lo tla dumela jang se ke se buang?”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Dipilara tseo di ne di tshegeditse borulelo jo batho ba neng ba kgona go tsamaya mo moriting wa jone.
Kgotsa “ba ba suleng ditokololo tsa.” Seger., “omeletseng.”
Kgotsa “phate.”
Kgotsa “phate.”
Kgotsa “phate.”
Kgotsa “phate.”
Kgotsa “a na le mpho ya botshelo mo go ene.”
Seger., “mo mabitleng a kgakologelo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.