Efangele ya ga Johane 14:1-31

  • Jesu ke tsela e le yosi fela ya go ya kwa go Rara (1-14)

    • “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo” (6)

  • Jesu o solofetsa moya o o boitshepo (15-31)

    • “Rara o mogolo mo go nna” (28)

14  “Lo se ka lwa tshwenyega.+ Dumelang mo Modimong;+ dumelang le mo go nna.  Mo ntlong ya ga Rre go na le mafelo a go nniwang mo go one a le mantsi. Go seng jalo, nkabo ke lo boleletse, ka gonne ke a tsamaya ke ya go lo baakanyetsa lefelo.+  Gape, fa ke sena go tsamaya ke ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla boa gape ke tla go lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke leng gone, le lona lo tle lo nne gone.+  Mme lo itse tsela ya kwa ke yang gone.”  Thomase+ o ne a mo raya a re: “Morena, ga re itse kwa o yang gone. Re ka itse tsela jang?”  Jesu o ne a mo raya a re: “Ke nna tsela+ le boammaaruri+ le botshelo.+ Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa a sa tsene ka nna.+  Fa lo ka bo lo nkitse, lo ka bo lo itse le Rre; go tloga jaanong lo tla mo itse. Tota e bile lo setse lo mmone.”+  Filipo o ne a mo raya a re: “Morena, re bontshe Rara, mme go tla bo go lekane.”  Jesu o ne a mo raya a re: “Filipo, ke sa bolo go nna le lona nako e telele jaana banna, le jaanong ga o ise o nkitse? Ope fela yo o mponeng o bone le Rara.+ Go tla jang go bo o re, ‘Re bontshe Rara’? 10  A ga o dumele gore ke seoposengwe le Rara, le Rara o seoposengwe le nna?+ Dilo tse ke di buang le lona ga ke di itlhamele,+ mme Rara yo o nnang a le seoposengwe le nna, o dira ditiro tsa gagwe a dirisa nna. 11  Dumelang gore ke seoposengwe le Rara le gore Rara o seoposengwe le nna; go seng jalo, dumelang ka ntlha ya ditiro tse ke di dirileng.+ 12  Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, ope fela yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno,+ ka gonne ke a tsamaya ke ya kwa go Rara.+ 13  Gape, sepe fela se lo se kopang ka leina la me, ke tla se dira, gore Rara a tle a galalediwe ka ntlha ya ga Morwawe.+ 14  Fa lo kopa sengwe ka leina la me, ke tla se dira. 15  “Fa lo nthata, lo tla ikobela ditaelo tsa me.+ 16  Mme ke tla kopa Rara gore a lo neye mothusi* yo mongwe gore a tswelele a na le lona ka bosakhutleng,+ 17  e leng moya wa boammaaruri,+ o lefatshe le ka se kang la o amogela, ka gonne lefatshe ga le o bone e bile ga le o itse.+ Lona lo a o itse, ka gonne o tswelela o na le lona e bile o mo go lona. 18  Ga nkitla ke lo tlogela lo le dikhutsana.* Ke tla boela mo go lona.+ 19  Ka lobakanyana lefatshe ga le kitla le tlhola le mpona, mme lona lo tla mpona,+ ka gonne ke a tshela mme lo tla tshela. 20  Mo letsatsing leo, lo tla itse gore ke seoposengwe le Rre le gore lona lo seoposengwe le nna, le nna ke seoposengwe le lona.+ 21  Ope fela yo o amogelang ditaelo tsa me e bile a di ikobela, o a nthata. Mme ope fela yo o nthatang, Rre o tla mo rata, mme le nna ke tla mo rata e bile ke tla dira gore a nkitse ka botlalo.” 22  Judase+ yo mongwe, e seng Isekariota, o ne a mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha yang fa o ikaeletse go re ikitsise ka botlalo mme o sa batle go ikitsise batho ba lefatshe ka botlalo?” 23  Jesu o ne a mo araba a re: “Fa mongwe a nthata, o tla ikobela lefoko la me,+ mme Rre o tla mo rata, mme re tla tla mo go ene re bo re nna le ene.+ 24  Ope fela yo o sa nthateng ga a ikobele mafoko a me. Lefoko le lo le utlwang ga se la me, mme ke la ga Rara yo o nthomileng.+ 25  “Ke buile dilo tseno le lona fa ke ne ke sa ntse ke na le lona. 26  Mme mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romelang ka leina la me, o tla lo ruta dilo tsotlhe o bo o lo gopotsa dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.+ 27  Ke lo tlogelela kagiso; ke lo naya kagiso ya me.+ Lefatshe ga le ka ke la lo naya kagiso eno. Lo se ka lwa tshwenyega kgotsa lwa boifa. 28  Lo utlwile gore ke lo reile ka re, ‘Ke a tsamaya mme ke tla boela mo go lona.’ Fa lo ne lo nthata, lo ne lo tla itumelela gore ke a tsamaya ke ya kwa go Rara, ka gonne Rara o mogolo mo go nna.+ 29  Ka jalo, ke lo boleletse go ise go diragale, gore fa go setse go diragala lo tle lo dumele.+ 30  Ga nkitla ke tlhola ke bua le lona dilo tse dintsi, ka gonne mmusi wa lefatshe o etla,+ mme ga a ka ke a kgona go ntshwara.*+ 31  Mme gore lefatshe le itse gore ke rata Rara, ke dira fela jaaka Rara a ntaetse gore ke dire.+ Emang, a re tsweng fano.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mogomotsi.”
Seger., “lo hutsafetse.”
Kgotsa “ga a na maatla ape mo go nna.”