Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?

Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?

Karabo ya Baebele

Modimo ga se ene a dirang gore masetlapelo a tlholego a nne gone, mme o tshwenyegile ka batho ba ba amiwang ke one. Bogosi jwa Modimo bo tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di utlwisang batho botlhoko, go akaretsa le masetlapelo a tlholego. Mme gone jaanong Modimo o gomotsa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo ano.—2 Bakorintha 1:3.

 Goreng re tlhomamisegile gore Modimo ga a dirise masetlapelo a tlholego go otlhaya batho?

Le fa Modimo a kile a dirisa dilo tsa tlholego go otlhaya batho, ga go reye gore ke ene a bakang masetlapelo a tlholego a re a bonang a direga gompieno.

  • Masetlapelo a tlholego ga a tlhophe gore a bolaya mang kgotsa gore a golafatsa mang. Mme Modimo ene o ne a dirisa dilo tsa tlholego go otlhaya batho ba ba sa siamang fela. Ka sekai, fa Modimo a ne a senya motse wa Sodoma le Gomora, ga a ka senya Lote le bana ba gagwe ba babedi ba basetsana. (Genesise 19:29, 30) Modimo o kgona go bona se se mo pelong ya motho ka jalo, o ile a senya batho ba a neng a bona gore ba na le dipelo tse di sa siamang.—Genesise 18:23-32; 1 Samuele 16:7.

  • Gantsi masetlapelo a tlholego a direga batho ba sa lebelela. Mme Modimo ene o ne a tlhagisa batho pele a dirisa dilo tsa tlholego go ba senya. Batho ba ba neng ba mo reetsa, ba ile ba kgona go falola.—Genesise 7:1-5; Mathaio 24:38, 39.

  • Ka dinako tse dingwe batho ke bone ba bakang masetlapelo. Jang? Ka gonne ba senya dilo tsa tlholego e bile ba aga mo mafelong a ba itseng sentle gore gantsi go tle go nne le dithoromo tsa lefatshe le merwalela mo go one. (Tshenolo 11:18) Ga re a tshwanela go pega Modimo molato ka ditshwetso tse batho bano ba di dirang.—Diane 19:3.

 A masetlapelo a tlholego a bontsha gore re tshela mo malatsing a bofelo?

Ee, Baebele e ile ya porofeta gore fa ‘tsamaiso eno ya dilo e ya bokhutlong’ kgotsa “mo metlheng ya bofelo,” go tla nna le masetlapelo a tlholego. (Mathaio 24:3; 2 Timotheo 3:1) Ka sekai, Jesu o ile a re: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:7) Mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tlile go fedisa dilo tse di utlwisang batho botlhoko, go akaretsa le masetlapelo a tlholego.—Tshenolo 21:3, 4.

 Modimo o thusa jang batho ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego?

  • Modimo o ba gomotsa ka Baebele. Baebele ya re Modimo o a re kgathalela e bile o utlwa botlhoko jo re bo utlwang. (Isaia 63:9; 1 Petere 5:6, 7) Gape e re solofetsa gore masetlapelo a tlholego a tlile go fela.—Bona setlhogo se se reng “ Ditemana Tsa Baebele Tse di ka Gomotsang Batho ba ba Wetsweng ke Masetlapelo.”

  • Modimo o dirisa batho ba gagwe go gomotsa ba ba wetsweng ke masetlapelo. Modimo o rotloetsa batho ba gagwe gore ba dire se Jesu a ileng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng. Baebele e ile ya porofeta gore Jesu o tla hapa ba ba “dipelo di phatlogileng” le go gomotsa “botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:1, 2) Batho ba Modimo ba leka go dira se se tshwanang.—Johane 13:15.

    Gape Modimo o dirisa batho ba gagwe go thusa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo ka dilo tse ba di tlhokang.—Ditiro 11:28-30; Bagalatia 6:10.

Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo kwa Puerto Rico

 A Baebele e ka re thusa go ipaakanyetsa masetlapelo a tlholego?

Ee. Le fa Baebele e se buka e e diretsweng go re bolelela gore re ipaakanyetse masetlapelo jang, e na le melaometheo e e ka re thusang go dira jalo. Ka sekai:

  • Rulaganya gore o tla dira eng fa masetlapelo a goroga. Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go botlhokwa gore re ipaakanye pele go tlhaga seemo se se kotsi. Re ka dira seo ka go netefatsa gore re na le dilo tsa botlhokwa tse re tla di tlhokang le go bua le ba lelapa gore re tla kopana kae ka nako ya masetlapelo.

  • Botshelo bo botlhokwa go na le dilo tse o nang le tsone. Baebele ya re: “Ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe.” (1 Timotheo 6:7, 8) Fa masetlapelo a goroga, re tshwanetse go tlogela matlo a rona le dilo tse re nang le tsone mme re falotse matshelo a rona. Ga re a tshwanela go lebala gore matshelo a rona a botlhokwa thata go feta dilo tse re nang le tsone.—Mathaio 6:25.