Genesise 19:1-38

  • Lote o etelwa ke baengele (1-11)

  • Lote le ba lelapa la gagwe ba kgothalediwa go tsamaya (12-22)

  • Sodoma le Gomora di a senngwa (23-29)

    • Mosadi wa ga Lote o fetoga pilara ya letswai (26)

  • Lote le bomorwadie (30-38)

    • Tshimologo ya Moabe le Amone (37, 38)

19  Baengele ba babedi ba ne ba goroga kwa Sodoma go le maitseboa, mme Lote o ne a ntse fa kgorong ya Sodoma. Fa Lote a ba bona, o ne a ema a ya go ba kgatlhantsha mme a ikoba, sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe.+  Mme o ne a ba raya a re: “Tsweetswee barena ba me, fapogelang mo ntlong ya motlhanka wa lona lo lale gone, mme a dinao tsa lona di tlhapisiwe. Mme lo ka nna lwa tsoga go sa le phakela lo bo lo tsamaya.” Ba ne ba mo raya ba re: “Nnyaa, re tla lala mo patlelong.”  Mme o ne a nna a ba kopa mo ba neng ba ya le ene kwa ntlong ya gagwe. Morago ga moo, o ne a ba direla dijo tse dintsi a bo a ba besetsa senkgwe se se se nang sebediso, mme ba ne ba ja.  Pele ga ba robala, banna ba motse, e leng banna ba Sodoma, ba ne ba kokoanela ntlo ba le segopa se le sengwe, go simolola ka mosimane go fitlha ka monnamogolo.  Mme ba ne ba nna ba goa Lote ba re: “Banna ba ba tlileng kwa go wena mo bosigong jono ba kae? Ba ntshetse kwa go rona gore re tlhakanele dikobo le bone.”+  Foo Lote o ne a tswela kwa go bone kwa kgorong a bo a tswala kgoro fa a sena go tswa.  Mme o ne a re: “Tsweetswee, bomorwarre, lo se ka lwa dira bosula.  Tsweetswee, ke na le bana ba babedi ba basetsana fano ba ba iseng ba tlhakanele dikobo le monna. Tsweetswee, mma ke ba ntshetseng kwa go lona gore lo ba dire se lo bonang se siame. Mme banna bano bone lo se ka lwa ba dira sepe ka gonne ba tlile mo ntlong ya me.”*+  Foo ba ne ba re: “Thiboga foo!” Gape ba mo raya ba re: “Motswakwa yono o ne a tla go nna fano, mme o setse a batla go re atlhola! Jaanong re tlile go go dira se se bosula go feta se re tla se ba dirang.” Mme ba ne ba atamela Lote ba mo kokoanela* ba batla go thuba lebati. 10  Ka jalo, banna ba ba neng ba etetse Lote ba ne ba ntsha diatla mme ba mo gogela mo teng ga ntlo kwa go bone ba bo ba tswala kgoro. 11  Mme ba ne ba foufatsa banna ba ba neng ba le fa kgorong ya ntlo, go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo, mo e leng gore ba ne ba itapisa fela ba leka go batla kgoro. 12  Foo banna bano ba ne ba raya Lote ba re: “A go na le mongwe gape wa gaeno fano? Bagwe, bomorwao, bomorwadio le batho ba gaeno botlhe mo motseng, ba ntshe mo lefelong leno! 13  Gonne re tlile go senya lefelo leno, ka ntlha ya gore ruri Jehofa o utlwile selelo se segolo* sa batho ba ba ngongoregang ka motse ono,+ mo e leng gore Jehofa o re romile go tla go o senya.” 14  Ka jalo, Lote o ne a tswela kwa ntle mme a bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tshwanetse go nyala bomorwadie, mme o ne a nna a re: “Itlhaganeleng! Tswang mo lefelong leno ka gonne Jehofa o tlile go senya motse ono!” Mme bagwe ba gagwe ba ne ba bona e kete o dira motlae.+ 15  E rile bo sa, baengele ba ne ba kurusa Lote, ba re: “Itlhaganele! Tsaya mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi ba ba nang le wena, gore lo se ka lwa senngwa fa motse ono o senngwa ka ntlha ya bosula jwa one!”+ 16  Fa a nnela go diega, banna bano ba ne ba tshwara seatla sa gagwe le seatla sa mosadi wa gagwe le diatla tsa bomorwadie ba babedi mme ba mo ntsha ba mo emisa kwa ntle ga motse,+ ka gonne Jehofa o ne a mo tlhomogela pelo.+ 17  Fela fa ba sena go ba ntshetsa kwa ntle ga motse, mongwe wa bone o ne a mo raya a re: “Falotsa botshelo* jwa gago! O se ka wa leba kwa morago+ e bile o se ka wa ema mo karolong epe fela ya kgaolo eno!+ Tshabela kwa kgaolong e e dithaba gore o se ka wa senngwa!” 18  Foo Lote o ne a ba raya a re: “Tsweetswee Jehofa, e seng koo! 19  Tsweetswee, o amogetse motlhanka wa gago e bile o mpontsha bopelonomi jo bogolo* ka go mpoloka ke tshela,+ mme gone ga ke kgone go tshabela kwa kgaolong e e dithaba ka gonne ke tshaba gore nka nna ka welwa ke masetlapelo ke bo ke swa.+ 20  Tsweetswee, motse ono o gaufi mme nka tshabela kwa go one; ke lefelo le lennye fela. Tsweetswee, a nka tshabela kwa go one? Ke lefelo le lennye fela. Mme ke tla falola.” 21  Ka jalo, o ne a mo raya a re: “Go siame, ke tla go akanyetsa+ ka go sa senye motse o o buileng ka one.+ 22  Itlhaganele! Tshabela teng ka gonne ga ke kgone go dira sepe go fitlha o goroga koo!”+ Ke gone ka moo a neng a bitsa motse oo a re Soare.*+ 23  Letsatsi le ne le setse le tlhabile fa Lote a goroga kwa Soare. 24  Foo Jehofa o ne a dira gore sulefera le molelo di nele Sodoma le Gomora mme di ne di tswa kwa go Jehofa kwa magodimong.+ 25  Ka jalo, o ne a senya metse eno, kgaolo yotlhe, go akaretsa baagi botlhe ba metse eo le dimela.+ 26  Mme mosadi wa ga Lote, yo a neng a le ka fa morago ga gagwe, o ne a leba kwa morago a bo a fetoga pilara ya letswai.+ 27  Jaanong Aborahame o ne a tsoga go sa le phakela a bo a ya kwa lefelong le a neng a eme fa pele ga ga Jehofa+ kwa go lone. 28  Fa a leba kwa tlase kwa Sodoma le Gomora le lefatshe lotlhe la kgaolo eo, o ne a bona sengwe se se gakgamatsang. Mosi o montshontsho o ne o tlhatloga o tswa mo lefatsheng o tshwana le mosi o montshontsho wa bobesetso!+ 29  Ka jalo, fa Modimo a ne a senya metse ya kgaolo eo, o ne a nna a gopotse Aborahame mme a ntsha Lote mo metseng e a neng a e senya, metse e Lote a neng a nna mo go yone.+ 30  Moragonyana Lote o ne a tswa kwa Soare le bomorwadie ba babedi mme a ya go nna kwa kgaolong e e dithaba+ ka gonne o ne a boifa go nna kwa Soare.+ Ka jalo, o ne a simolola go nna mo logageng le bomorwadie ba babedi. 31  Mme wa leitibolo a raya yo mmotlana a re: “Rraarona o tsofetse mme ga go na monna ope mo lefatsheng leno yo o ka re nyalang jaaka go tlwaelegile. 32  Tlaa, a re neye rraarona beine gore a nwe mme re tlhakanele dikobo le ene gore re boloke losika lwa ga rraarona.” 33  Ka jalo mo bosigong joo, ba ne ba nna ba naya rraabone beine gore a nwe; go tswa foo wa leitibolo o ne a tsena mme a tlhakanela dikobo le rraagwe, mme Lote o ne a se ka a lemoga fa morwadie a tsena a tla go tlhakanela dikobo le ene le fa a tswa. 34  Mo letsatsing le le latelang, wa leitibolo o ne a raya yo mmotlana a re: “Ke ne ka tlhakanela dikobo le rre mo bosigong jo bo fetileng. A re mo neye beine gape gore a nwe le mo bosigong jono. Go tswa foo, o tsene mme o tlhakanele dikobo le ene gore re boloke losika lwa ga rraarona.” 35  Gape le mo bosigong joo, ba ne ba naya rraabone beine kgapetsakgapetsa gore a nwe; go tswa foo yo mmotlana o ne a ya go tlhakanela dikobo le ene, mme Lote o ne a se ka a lemoga fa morwadie a tsena a tla go tlhakanela dikobo le ene le fa a tswa. 36  Ka jalo, bomorwadia Lote ka bobedi ba ne ba imisiwa ke rraabone. 37  Morwadie wa leitibolo o ne a tshola ngwana wa mosimane mme a mmitsa Moabe.+ Ke rraagwe Bamoabe ba gompieno.+ 38  Morwadie yo mmotlana le ene o ne a tshola ngwana wa mosimane mme a mmitsa Bene-ami. Ke rraagwe Baamone+ ba gompieno.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ba tlile ka fa tlase ga moriti wa borulelo jwa me.”
Kgotsa “ba mo pitlaganyetsa thata.”
Kgotsa “se se kwa godimo.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “lorato lo lo sa kgaotseng.”
Mo go kayang “Bonnye.”