Genesise 7:1-24

  • Ba tsena mo arakeng (1-10)

  • Morwalela wa lefatshe lotlhe (11-24)

7  Morago ga moo, Jehofa o ne a raya Noa a re: “Tsena mo arakeng le botlhe ba lelapa la gago, ka gonne ke wena yo ke boneng o siame fa pele ga me mo gare ga kokomana eno.+  O tseye mofuta mongwe le mongwe wa diphologolo tse di phepa di le supa,*+ e tonanyana le e namagadi; mme mo mofuteng mongwe le mongwe wa diphologolo tse di seng phepa o tseye di le pedi, e tonanyana le e namagadi;  gape mo mofuteng mongwe le mongwe wa ditshedi tse di fofang mo loaping o tseye di le supa,* e tonanyana le e namagadi, gore o boloke losika lwa tsone lo tshela mo lefatsheng lotlhe.+  Gonne mo malatsing a le supa fela, ke tla nesa pula+ mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40,+ mme ke tla fedisa sengwe le sengwe se se tshelang se ke se dirileng, ke se tlosa mo lefatsheng.”+  Mme Noa o ne a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se mo laetse.  Noa o ne a na le dingwaga di le 600 fa go ne go nna le morwalela mo lefatsheng.+  Ka jalo, Noa o ne a tsena mo arakeng le bomorwawe, mosadi wa gagwe le basadi ba bomorwawe pele ga morwalela.+  Phologolo nngwe le nngwe e e phepa le phologolo nngwe le nngwe e e seng phepa le ditshedi tse di fofang le sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng,+  di ne tsa tsena mo arakeng kwa Noa a neng a le teng, di tsena ka bobedi le bobedi, e tonanyana le e namagadi, fela jaaka Modimo a ne a laetse Noa. 10  Mme morago ga malatsi a le supa, morwalela o ne wa tla mo lefatsheng. 11  Mo ngwageng wa bo600 wa botshelo jwa ga Noa, ka letsatsi la bo17 la kgwedi ya bobedi, mo letsatsing leo, metsi otlhe a a kwa legodimong* a ne a phunyega le dikgoro tsotlhe tsa metsi di ne tsa bulega.+ 12  Mme pula e kgolo e ne ya tshologa mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40. 13  Ka lone letsatsi leo, Noa o ne a tsena mo arakeng le bomorwawe e bong Sheme, Hame le Jafethe,+ le mosadi wa gagwe le basadi ba bararo ba bomorwawe.+ 14  Ba ne ba tsena le mefuta yotlhe ya diphologolo tsa naga, le mefuta yotlhe ya diruiwa, le mefuta yotlhe ya diphologolo tse di gagabang, le mefuta yotlhe ya ditshedi tse di fofang, nonyane nngwe le nngwe, setshedi sengwe le sengwe se se diphuka. 15  Di ne tsa nna tsa tsena mo arakeng kwa Noa a neng a le teng, ka bobedi le bobedi, tsa mofuta mongwe le mongwe tse di nang le mohemo wa botshelo.* 16  Ka jalo, di ne tsa tsena mo arakeng, e tonanyana le e namagadi ya mofuta mongwe le mongwe, fela jaaka Modimo a ne a mo laetse. Morago ga moo, Jehofa o ne a tswala kgoro. 17  Morwalela o ne wa tswelela* ka malatsi a le 40 mo lefatsheng, metsi a ne a nna a oketsega a bo a simolola go tsholetsa araka go fitlha e kokobala e katoga lefatshe. 18  Metsi a ne a nna mantsi thata e bile a ne a nna a oketsega mo lefatsheng, mme araka e ne ya kokobala mo godimo ga metsi. 19  Metsi a ne a khurumetsa lefatshe lotlhe mo e leng gore dithaba tsotlhe tse di kwa godimo thata tse di neng di le mo lefatsheng lotlhe di ne di sa bonale.+ 20  Metsi a ne a oketsega mme a feta dithaba ka dimetara di ka nna thataro le halofo.* 21  Ka jalo, ditshedi tsotlhe* tse di neng di tsamaya mo lefatsheng di ne tsa swa:+ ditshedi tse di fofang, diruiwa, diphologolo tsa naga, ditshedi tse di tsamayang di le setlhopha le batho botlhe.+ 22  Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se se nang le mohemo wa botshelo* mo marobeng a dinko tsa sone, se ne sa swa.+ 23  Ka jalo, Modimo o ne a fedisa sengwe le sengwe se se tshelang mo lefatsheng, go akaretsa batho, diphologolo, diphologolo tse di gagabang le ditshedi tse di fofang mo loaping. Di ne tsa fedisiwa tsotlhe mo lefatsheng;+ Noa le ba ba neng ba na le ene mo arakeng, ke bone fela ba ba neng ba falola.+ 24  Mme metsi a ne a tswelela a khurumeditse lefatshe malatsi a le 150.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “diphologolo tse ditonanyana di le supa le tse dinamagadi di le supa tsa phologolo nngwe le nngwe e e phepa.”
Kgotsa gongwe “ditshedi tse ditonanyana di le supa le tse dinamagadi di le supa tsa setshedi sengwe le sengwe se se fofang mo loaping.”
Seheb., “metswedi yotlhe ya metsi a a mo loaping.”
Kgotsa “moya wa botshelo.”
Kgotsa “wa nna wa tla.”
Seheb., “ka dikubita di le 15.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “nama yotlhe.”
Kgotsa “mohemo wa moya wa botshelo.”