Dipesalema 46:1-11

  • ‘Modimo ke botshabelo jwa rona’

    • Ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo (8)

    • Modimo o fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe (9)

Go mokaedi. Pesalema ya bomorwa Kora.+ E opelwe ka molodi wa Alamothe.* Pina. 46  Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona,+Thuso e e bonwang motlhofo ka dinako tsa matshwenyego.+   Ke gone ka moo re se kitlang re boifa, le fa lefatshe le fetoga,Le fa dithaba di thabuela mo tengteng ga lewatle,+   Le fa metsi a lewatle a suma e bile a phoka lefulo,+Le fa dithaba di reketla ka ntlha ya go fuduega ga lone. (Selah)   Go na le noka e melatswana ya yone e itumedisang motse wa Modimo,+E leng motlaagana o mogolo o o boitshepo wa Mogodimodimo.   Modimo o mo motseng;+ ga o kitla o digiwa. Modimo o tla thusa motse oo fa bo sa.+   Ditšhaba di ne tsa fuduega, magosi a ne a menolwa;O ne a tsholetsa lentswe la gagwe, mme lefatshe le ne la gakologa.+   Jehofa wa masomosomo o na le rona;+Modimo wa ga Jakobe ke lefelo la rona la botshabelo le le sireletsegileng.* (Selah)   Tlang mme lo bone ditiro tsa ga Jehofa,Kafa a dirileng dilo tse di gakgamatsang ka gone mo lefatsheng.   O fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.+ O roba bora e bile o robaganya lerumo;O fisa dikara tsa ntwa* ka molelo. 10  “Ineeleng mme lo itse gore ke nna Modimo. Ke tla tlotlomadiwa mo ditšhabeng;+Ke tla tlotlomadiwa mo lefatsheng.”+ 11  Jehofa wa masomosomo o na le rona;+Modimo wa ga Jakobe ke lefelo la rona la botshabelo le le sireletsegileng.+ (Selah)

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kago e e sireletsegileng.”
Kgotsa gongwe “dithebe.”