Diane 19:1-29

  • Temogo e fokotsa bogale jwa motho (11)

  • Mosadi yo o ratang go omana o tshwana le borulelo jo bo nelang (13)

  • Mosadi yo o botlhale o tswa kwa go Jehofa (14)

  • Otlhaya ngwana go sa ntse go na le tsholofelo (18)

  • Botlhale jwa go reetsa kgakololo (20)

19  Go botoka go humanega mme o dira se se siameng+Go na le go nna sematla e bile o bua maaka.+   Ga go a siama gore motho a se ka a nna le kitso,+E bile yo o dirang dilo ka lepotlapotla* o a leofa.   Boeleele jwa motho bo mo faposetsa mo tseleng e e sa siamang,E bile pelo ya gagwe e galefela Jehofa.   Khumo e ngoka ditsala tse dintsi,Mme motho yo o humanegileng o tlogelwa le ke tsala ya gagwe.+   Mosupi yo o buang maaka ga a kitla a tlogelwa a sa otlhaiwa,+E bile motho yo o nnang a bua maaka ga a kitla a falola.+   Batho ba le bantsi ba batla go amogelwa ke motlotlegi,*E bile mongwe le mongwe ke tsala ya motho yo o abang dimpho.   Bomorwarraagwe mohumanegi botlhe ba mo tlhoile;+Ditsala tsa gagwe tsone di mo katogile le go feta!+ O nna a ba kopa gore ba mo thuse, mme ga go ope yo o mo thusang.   Ope fela yo o senkang botlhale* o a ithata.+ Ope fela yo o ratang temogo o tla atlega.*+   Mosupi yo o buang maaka ga a kitla a tlogelwa a sa otlhaiwa,E bile motho yo o nnang a bua maaka o tla nyelela.+ 10  Sematla ga se tshwanelwe ke go nna mo manobonobong;Ruri ga go tshwanele le e seng gore motlhanka a buse dikgosana!+ 11  Motho yo o nang le temogo ga a galefe ka bonako,+E bile o tla tlotlwa fa a tlhokomologa* molato.+ 12  Bogale jwa kgosi bo tshwana le go duma ga tau,*+Mme fa a itumelela motho, go tshwana le monyo mo dimeleng. 13  Morwa yo o sematla o tlisetsa rraagwe matshwenyego,+E bile mosadi yo o ratang go omana* o tshwana le borulelo jo bo sa kgaotseng go nela.+ 14  Ntlo le dikhumo ke boswa jo bo tswang mo go borre,Mme mosadi yo o botlhale o tswa kwa go Jehofa.+ 15  Botshwakga bo tlisa boroko jo bogolo,E bile motho yo o dirang a ikgoga fela o tla tshwarwa ke tlala.+ 16  Yo o bolokang ditaelo o boloka botshelo* jwa gagwe;+Yo o botlhaswa mo ditseleng tsa gagwe o tla swa.+ 17  Motho yo o utlwelang batho ba maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa,+Mme o tla mo duela ka ntlha ya se a se dirang.+ 18  Otlhaya morwao go sa ntse go na le tsholofelo;+Mme o se ka wa eletsa go mmona a sule.+ 19  Motho yo o galefang motlhofo o tla duedisiwa molato;Fa o leka go mo sireletsa, o tla tshwanelwa ke go dira jalo gangwe le gape.+ 20  Reetsa kgakololo mme o amogele kotlhao,+Gore o tle o nne botlhale mo nakong e e tlang.+ 21  Go na le dithulaganyo tse dintsi mo pelong ya motho,Mme kgakololo* ya ga Jehofa ke yone e e tla atlegang.+ 22  Selo se se eletsegang mo mothong ke lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng;+E bile go botoka go humanega go na le go nna moaki. 23  Go boifa Jehofa go isa kwa botshelong;+Motho yo o mmoifang o tla robala monate, a sa utlwisiwe botlhoko ke sepe.+ 24  Setshwakga se tsenya seatla mo sekotleleng sa dijo,Mme ga se itshwenye ka go isa seatla kwa molomong.+ 25  Itaya mosotli,+ gore motho yo o se nang maitemogelo a tle a nne botlhale+O bo o kgalemele motho yo o tlhaloganyang, gore kitso ya gagwe e tle e oketsege.+ 26  Motho yo o tshwarang rraagwe setlhogo e bile a leleka mmaagweKe morwa yo o bakang matlhabisaditlhong le tlontlologo.+ 27  Morwaaka, fa o tlogela go reetsa kotlhao,O tla fapoga mo mafokong a kitso. 28  Mosupi yo o se nang mosola o sotla tshiamiso,+E bile motho yo o bosula o itumelela go dira bosula jaaka e kete o ja dijo tse di monate.+ 29  Basotli ba letetswe ke katlholo,+Mokwatla wa dimatla one o letetswe ke dithupa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “yo o potlakang ka dinao tsa gagwe.”
Kgotsa “motho yo o pelotshweu.”
Seheb., “o tla bona molemo.”
Seheb., “yo o senkang pelo.”
Seheb., “fetisa.”
Kgotsa “tawana e e seriri.”
Kgotsa “yo o nnelang go tshwayatshwaya diphoso.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “boikaelelo.”