Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Thalela Dintlha mo Windows

Thalela Dintlha mo Windows

O kgona go tshwaya dintlha fa o ntse o bala kgotsa o ithuta dikgatiso tse di mo JW Library.

Latela ditaelo tseno fa o tshwaya dintlha:

 Thalela Dintlha Tsa Botlhokwa

Go na le ditsela di le pedi tsa go thalela.

Tobetsa lefoko o bo o tlosa monwana. Go tswa foo, dirisa dikgolokwenyana tseo go thalela mafoko a o a batlang. Go tla tlhaga lebokoso fa godimo. Tobetsa Highlight o bo o tlhopha mmala o o o batlang.

Gape o ka dirisa pene e e tlang le sedirisiwa sa gago go thalela lefoko. Dira fela jaaka o ne o ka dira fa o thalela dintlha mo kgatisong e e printilweng. Fa o feditse, go tla tlhaga dikarolo tse mo go tsone o tla tlhophang gore a o batla go fetola mmala kgotsa o batla go o phimola.

 Fetola Mmala

Fa o batla go fetola mmala, tobetsa mafoko a o a tlhophileng o bo o tlhopha mmala o o o batlang. Fa o batla go ntsha mmala, tobetsa mafoko a o a tlhophileng o bo o tobetsa letshwao la dustbin.

Dintlha tseno di ile tsa gololwa ka November 2015 mo JW Library 1.6, mme di bereka mo didirisiweng tsa Windows 8.1 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Windows,” mo karolong e e reng Get the Latest Features.