Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Go Tsenya Dibaebele Le go Di Rulaganya mo Windows

Go Tsenya Dibaebele Le go Di Rulaganya mo Windows

Go bala le go ithuta Baebele ke karolo ya konokono ya JW Library.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Go Tsenya Baebele mo Sedirisiweng sa Gago

O kgona go tsenya Dibaebele tse di farologaneng mo sedirisiweng sa gago gore o di bale fa o se mo Internet.

  • Ka fa molemeng kwa godimo mo sekirining go na le letshwao leno, le tobetse o bo o tobetsa Books gore o bone lenaane la dibuka tsa Baebele.

  • Ka fa molemeng kwa godimo mo sekirining go na le letshwao leno, le tobetse go bona lenaane la Dibaebele tsotlhe tse di gone. Dibaebele tsa dipuo tse o di dirisang thata di tla tlhaga kwa godimo mo lenaaneng leno. Gape o kgona go thaepa leina la puo kgotsa la Baebele e o e batlang. Ka sekai, thaepa “int” fa o batla Baebele ya Kingdom Interlinear ka Seesemane, kgotsa “port” fa o batla Baebele ya Sepotokisi.

  • Fa o bona leru fa thoko ga Baebele, seo se raya gore ga o ise o e tsenye mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa Baebele fa o batla go e tsenya. Leru leo le tla nyelela fa o sena go tsenya Baebele eo mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa Baebele eo gape fa o batla go e bala.

Fa o sa bone Baebele e o e batlang, leka gape mo nakong e e tlang. Dibaebele tse dingwe di tla tsenngwa fa nako e ntse e ya.

 Go Ntsha Baebele mo Sedirisiweng sa Gago

O ka ntsha Baebele fa o sa tlhole o e tlhoka kgotsa o batla go tsenya sengwe se sele mo sedirisiweng sa gago.

Tobetsa letshwao la Baebele o bo o tobetsa la dipuo mme le tla tlhagisa lenaane la Dibaebele tse di gone. Tobetsa didoto tse tharo tse di tlhagang fa thoko ga Baebele e o batlang go e ntsha. Go tswa foo, tobetsa Delete.

 Fa go Na le Sengwe se se Fetotsweng mo Baebeleng

Ka dinako tse dingwe go ka nna le sengwe se se fetolwang mo Baebeleng.

Fa se le teng, o tla bona sediko fa thoko ga Baebele eo. Fa o tobetsa Baebele, go tla tlhaga molaetsa o o go bolelelang gore go na le sengwe se se fetotsweng. Tobetsa Download gore o se fetole kgotsa tobetsa Later fa o batla go dira jalo mo nakong e e tlang.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka March 2015 mo JW Library 1.4, mme di bereka mo didirisiweng tsa Windows 8.1 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Windows,” mo karolong e e reng Get the Latest Features.