Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Thalela Dintlha mo iOS

Thalela Dintlha mo iOS

O kgona go thalela dintlha fa o ntse o bala kgotsa o ithuta dikgatiso tse di mo JW Library.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Thalela Dintlha Tsa Botlhokwa

Go na le ditsela di le pedi tsa go thalela.

Tobetsa lefoko o bo o tlosa monwana. Go tswa foo, dirisa matlhokwanyana a a tlhagang go tshwaya mafoko a o a batlang. Fa o sena go thalela, tlhopha mmala o o o batlang.

Fa o batla go tshwaya mafoko a le mmalwa, tobetsa lefoko o bo o tsamaisana go ya kwa tlase. Fa o ntse o dira jalo, mafoko a tla a thalega. Fa o feditse, go tla tlhaga mebala e e farologaneng mme wena o tla tlhopha o o o batlang.

 Fetola Mmala o o Thaletseng ka One

Fa o batla go fetola mmala o o thaletseng ka one, tobetsa mafoko a o a thaletseng o bo o tlhopha mmala o o o batlang. Fa o batla go ntsha mmala oo, tobetsa mafoko a o a thaletseng o bo o tobetsa letshwao la dustbin.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka November 2015 mo JW Library 1.6, mme di bereka mo didirisiweng tsa iOS 7.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Apple (iOS)” mo karolong e e reng Get the Latest Features.