Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Simolola go Dirisa JW Library—Android

Simolola go Dirisa JW Library—Android

Re a go amogela mo JW Library. App eno e diretswe go bala le go ithuta Baebele. O tla fitlhela dikarolo tsa konokono tsa app eno mo lenaaneng la diteng. Go bula lenaane leno, tsamaisa monwana mo molemeng wa sekirini kgotsa tobetsa konopo e e mo khoneng kwa godimo mo molemeng.

 Baebele

Karolo ya Bible e na le dithanolo tsa Dibaebele ka dipuo tse dintsi. Tobetsa buka ya Baebele le nomoro ya kgaolo fa o batla go bala. Fa o ntse o bala o tla bona dintlha tse di kwa tlase, ditshupiso le dithanolo tse dingwe.

Fa o batla temana e nngwe, bula lenaane la diteng o bo o tobetsa Bible gape gore o boele kwa lenaaneng la dibuka tsa Baebele.

 Dikgatiso

Karolo ya Publications e na le dikgatiso tse o ka di balang, tse o ka di reetsang le dibidio ka dipuo tse dintsi. Tobetsa kgatiso o bo o tobetsa setlhogo gore o bale. Fa o ntse o bala o ka tla o bula le ditemana. Tobetsa temana gore e tlhage. Tobetsa linki ya temana e e tlhagileng gore o e bule mo Baebeleng.

Fa o batla go bala kgatiso e nngwe, bula lenaane la diteng o bo o tobetsa Publications gape gore o boele kwa lenaaneng la dikgatiso.

 Temana ya Letsatsi

Fa o batla go bala temana ya letsatsi, bula lenaane la diteng o bo o tobetsa Daily Text.

 Tse di mo Internet

Karolo ya Online mo lenaaneng la diteng e na le dilinki tsa di-website tsa rona tsa semolao.

 Bona Tsa Bosheng

Tlhomamisa gore JW Library ya gago e nna e le mo dinakong ka go nna o e tlhabolola.

Go ka nna molemo gore o dirise Android ya bosheng e e kgonang go tsamaisana le sedirisiwa sa gago. Go bona dintlha tse di oketsegileng, tobetsa linki eno: https://support.apple.com/en-us/HT204204.

O ka nna wa dira gore sedirisiwa sa gago se tlhabolole app eno ka bosone. Go bona dintlha tse di oketsegileng, tobetsa linki eno: https://support.apple.com/en-us/HT202180.