Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Dirisa Matshwao a Buka—Android

Dirisa Matshwao a Buka—Android

Matshwao a buka a a mo JW Library a go thusa gore o kgone go bona fa o feletseng teng mo kgatisong fela jaaka o ne o ka dira ka buka e e printilweng. Kgatiso nngwe le nngwe mo JW Library e abetswe matshwao a le 10 a o ka a dirisang.

Latela ditaelo tseno go dirisa matshwao a buka:

 Tsenya Letshwao le Lesha la Buka

O ka dirisa matshwao a buka go tshwaya setlhogo kgotsa kgaolo kgotsa o ka a dirisetsa go tshwaya serapa kgotsa temana.

Go tshwaya setlhogo kgotsa kgaolo nngwe, tobetsa konopo ya letshwao la buka. Go tla tlhaga lenaane la matshwao a buka mo kgatisong e o e balang. Tobetsa letshwao lengwe le lengwe la buka go tshwaya setlhogo kgotsa kgaolo ya se o se balang.

Fa o batla go tshwaya serapa se se rileng kgotsa temana, simolola ka go tobetsa mafoko a kgatiso, o bo o tobetsa konopo ya letshwao la buka e e tla tlhagang.

 Ya Kwa Letshwaong la Buka

Fa o batla fa o tsentseng letshwao la buka teng, bula kgatiso e o le tsentseng mo go yone; o bo o tobetsa konopo ya letshwao la buka. Tobetsa letshwao la dintlha tse o di batlang.

 Rulaganya Matshwao a Gago a Buka

Fa o setse o tsentse letshwao la buka, o kgona go le ntsha kgotsa go tsenya le lengwe mo boemong jwa lone.

Fa o batla go ntsha letshwao la buka, tobetsa konopo ya teng, o bo o tobetsa konopo e e fa thoko ga lone go le ntsha. Tobetsa Delete.

Go tsenya letshwao le lengwe mo boemong jwa le lengwe, tobetsa konopo ya letshwao la buka o bo o tobetsa konopo e e fa thoko ga lone go tsenya le lengwe. Tobetsa Replace. Go tla tsena le lengwe mo boemong jwa le lengwe. Go tla go thusa gore o kgone go tshwaya fa o feletseng teng mo kgatisong. Ka sekai, fa o bala Baebele letsatsi le letsatsi.

Dintlha tseno di tsentswe ka May 2014 fa go ne go gololwa JW Library 1.2, e e dirang mo didirisiweng tsa Android 2.3 kgotsa e e tlileng morago ga yone. Fa o sa bone dintlha tseno, tsweetswee latela ditaelo tse di tlhagelelang mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library—Android,” mo setlhogwaneng se se reng Bona Tsa Bosheng.