Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Windows

Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Windows

Re a go amogela mo JW Library. O kgona go dirisa app eno go bala le go ithuta Baebele. Fa o leba ka fa molemeng kwa godimo ga sekirini, o tla bona mela e meraro. Fa o e tobetsa, go tlhaga dikarolo tse di farologaneng tsa app eno.

 Home

Karolo ya Home e go thusa go bona Baebele le dikgatiso tse o di dirisang thata. Gape o kgona go bona dikgatiso tsa bosheng le go bala temana ya letsatsi.

 Bible

Mo karolong ya Bible o kgona go bala le go tsenya Dibaebele tse di farologaneng mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa buka ya Baebele le kgaolo e o batlang go e bala. Fa o ntse o bala, o kgona go bona dintlha tse di kwa tlase, ditemana tse dingwe le Dibaebele tse di farologaneng ka fa mojeng mo sekirining.

Fa o batla temana e nngwe, tobetsa Bible o bo o tobetsa Books go boela kwa lenaaneng la dibuka tsa Baebele.

 Publications

Karolo ya Publications e na le dikgatiso tsa mantswe fela le dibidio tsa dipuo tse di farologaneng. Tobetsa kgatiso o bo o tlhopha setlhogo se o batlang go se bala. Fa o ntse o bala, gape o kgona go bona le ditemana. Tobetsa temana e e umakilweng mo mme e tla tlhaga ka fa mojeng mo sekirining. Tobetsa temana eo mme e tla tlhaga ka tlhamalalo mo Baebeleng.

Fa o batla go bala kgatiso e nngwe, tobetsa Publications o bo o tobetsa By Type go boela kwa lenaaneng la dikgatiso.

 Daily Text

Karolo ya Daily Text e tlhagelela kwa godimo mo sekirining, e tobetse fa o batla go bala temana ya letsatsi.

 Online

Karolo ya Online e kwa tlase mo sekirining, e tobetse fa o batla go bona di-website tsa rona tsa semolao.

 Get the Latest Features

Tlhomamisa gore JW Library e e mo sedirisiweng sa gago ke ya bosheng.

O tlhoka go nna le Windows ya bosheng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona dilinki tse di latelang:

O ka dira gore diseting tsa sedirisiwa sa gago di nne di tlhabolola app eno. Go bona dintlha tse di oketsegileng, tobetsa linki eno: http://windows.microsoft.com/en-gb/windows-8/automatic-app-updates-help.