Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Batla Lefoko mo Baebeleng Kgotsa mo Kgatisong mo iOS

Batla Lefoko mo Baebeleng Kgotsa mo Kgatisong mo iOS

Karolo eno e e mo JW Library e go thusa go bona lefoko le le rileng mo Baebeleng kgotsa mo kgatisong nngwe.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Batla Lefoko mo Baebeleng

O kgona go dirisa karolo eno fa o bala Baebele mme o batla lefoko lengwe.

Fa o ntse o bala Baebele, tobetsa letshwao leno o bo o thaepa lefoko le o le batlang. Fa o ntse o thaepa, go tla tlhaga dikakantsho di le mmalwa. Tobetsa kakantsho e e tsamaisanang le se o se batlang kgotsa tobetsa Search e e mo keyboard.

Top Verses e tlhagisa ditemana tse di dirisiwang kgapetsakgapetsa tse di nang le lefoko le o le batlang. All Verses e bontsha ditemana tsotlhe tse lefoko leo le tlhagelelang mo go tsone di rulagantswe go ya ka maina a dibuka tsa Baebele. Articles e bontsha kwa lefoko leno le tlhagang gone mo dintlheng tse di oketsegileng tsa Baebele.

Fa o thaepa mafoko a le mmalwa, tshwaya lebokoso le le reng Match Exact Phrase gore le go bontshe fela mafoko a o a batlang.

 Batla Lefoko mo Kgatisong

O kgona go dirisa karolo eno fa o bala kgatiso nngwe mme o batla lefoko le le rileng.

Fa o ntse o bala kgatiso mme o batla lefoko le le rileng, tobetsa letshwao la bonê le le ka fa molemeng kwa godimo mo sekirining o bo o thaepa lefoko le o le batlang. Fa o ntse o thaepa, go tla tlhaga dikakantsho di le mmalwa. Tobetsa kakantsho e e tsamaisanang le se o se batlang kgotsa tobetsa Search e e mo keyboard.

Fa o thaepa mafoko a le mmalwa, tshwaya lebokoso le le reng Match Exact Phrase gore le go bontshe fela mafoko a o a batlang.

 Batla Setlhogo

Fa o na le Insight on the Scriptures mo sedirisiweng sa gago, o kgona go batla setlhogo mo go yone. O kgona go dira jalo fa o bala Baebele kgotsa kgatiso nngwe mo sedirisiweng sa gago.

Thaepa setlhogo se o se batlang. Fa o ntse o thaepa, go tla tlhaga ditlhogo tse di farologaneng tsa Insight on the Scriptures. Tobetsa setlhogo se o se batlang.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka October 2014 mo JW Library 1.3.4, mme di bereka mo didirisiweng tsa iOS 6.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Apple (iOS)” mo karolong e e reng Get the Latest Features.