Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Rulaganya Tsela e o Batlang go Bala Dikgatiso ka Yone—Android

Rulaganya Tsela e o Batlang go Bala Dikgatiso ka Yone—Android

Go na le dikarolo di le dintsi mo app ya JW Library tse di diretsweng go go thusa go bala dikgatiso sentle. Dikarolo tseno di fitlhelwa kwa godimo mo sekirining sa JW Library fa o bala kgaolo nngwe kgotsa setlhogo.

O ka nna wa tshwanelwa ke go tobetsa konopo e e fa thoko gore o kgone go bona dikarolo tse dingwe tsa app eno.

Latela ditaelo tseno go rulaganya tsela e o balang ka yone:

 Fetola Puo

O kgona go fetola puo ya kgaolo kgotsa ya setlhogo se o se balang.

  • Tobetsa konopo ya dipuo go bona dipuo tsotlhe tse di gone. Gantsi dipuo tse o di dirisang thata di tlhagelela kwa godimo. Fa go na le makasine wa Tora ya Tebelo o o tlhofofaditsweng ka dipuo tse dingwe o tla tlhaga fano. Gape o kgona go senka puo mo lenaaneng leno ka go kwala leina la puo eo.

  • Kgatiso ya puo e o iseng o e tsenye mo app eno e tshwailwe ka leru. Tobetsa puo e o batlang go itseela kgatiso eo ka yone. Fa o sena go tsenya kgatiso eo mo sedirisiweng sa gago, setshwantsho sa lerunyana se a nyelela. Tobetsa puo eo gape gore o kgone go bala kgatiso.

 Fetola Bogolo Jwa Mokwalo

O ka fetola bogolo jwa mokwalo gore o kgone go bala ka tsela e e go siametseng.

Tobetsa konopo ya Text Settings o bo o tsamaisa monwana go oketsa kgotsa go fokotsa bogolo jwa mokwalo. Go dirisiwa bogolo jono jwa mokwalo mo dikgatisong tsotlhe tse di mo app eno.

 Leba Setshwantsho Kgotsa Mokwalo

Dikgatiso tse dingwe di kgona go tlhaga di na le setshwantsho kgotsa e le mafoko fela. Tobetsa konopo ya teng go dira gore go tlhage setshwantsho kgotsa mafoko.

  • Setshwantsho: Kgatiso e e nang le setshwantsho e tlhaga fela jaaka kgatiso e e printilweng. Dikgatiso tse di jaaka kopelo di kgona go tlhaga ka dinnoto.

  • Mokwalo: Kopelo e e tlhagang ka mafoko, e tlhagisa ditemana e le dilinki tse o ka di tobetsang e bile e dirisa bogolo jwa mokwalo jo o bo tlhophileng.

 Bula mo . . .

Konopo ya Open in . . . e go letla gore o bale dilo tse di mo teng ga JW Library mo di app tse dingwe.

Tobetsa konopo ya Open in . . . go bona gore kgatiso eo e ka bonwa kae gape. Ka sekai, o ka tobetsa konopo ya LAEBORARI YA MO INTERNET go bona tsebe e o e balang mo Laeboraring eno.

 Rulaganya Dibaebele

Fa o tobetsa linki ya lokwalo lwa Baebele mo kgatisong, ditemana tsa lone di a tlhaga. Tobetsa konopo ya Customize e e kwa tlase go tlhagisa ditemana mo Dibaebeleng tse dingwe tse o di tsentseng mo sedirisiweng sa gago.

Tobetsa konopo e e khibidu go ntsha thanolo nngwe kgotsa e e tala fa o batla go e busetsa. Tobetsa ka fa mojeng wa thanolo e o batlang e tlhaga pele mo lenaaneng la Dibaebele tsa gago.

Bona dintlha tsa “Itseele Dibaebele—Android” go ithuta gore o ka tsenya jang Dibaebele tse di oketsegileng mo JW Library.

Dintlha tseno di tsentswe ka February 2015 fa go ne go gololwa JW Library 1.4, e e dirang mo didirisiweng tsa Android 2.3 kgotsa e e tlileng morago ga yone. Fa o sa bone dintlha tseno, tsweetswee latela ditaelo tse di tlhagelelang mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library—Android” mo setlhogwaneng sa Bona Tsa Bosheng.