Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Go Tsenya Dikgatiso Le go Di Rulaganya mo iOS

Go Tsenya Dikgatiso Le go Di Rulaganya mo iOS

Go na le dibuka, diboroutšhara, dipampitshana le dibidio tse dintsi tse o ka di balang le go di lebelela mo JW Library o sa tsena mo Internet.

Latela ditaelo tseno fa o tsenya dikgatiso le fa o di rulaganya:

 Go Tsenya Dikgatiso mo Sedirisiweng sa Gago

O kgona go tsenya Dikgatiso tse di farologaneng mo sedirisiweng sa gago gore o di bale fa o se mo Internet.

  • Tobetsa Publications go bona lenaane la dikgatiso.

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla go bona dipuo tsotlhe tse di nang le dikgatiso mo app eno. Tlhopha puo e o e batlang. Dipuo tse o di dirisang thata di tla tlhagelela kwa godimo mo lenaaneng leno. Gape o ka thaepa puo e o e batlang.

Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go bona dikgatiso mo JW Library.

Karolo ya By Type e bontsha dikgatiso tsa puo e o e tlhophileng di rulagantswe go ya ka Books, Brochures kgotsa Tracts. Fa o tobetsa nngwe ya tsone, ka sekai, Watchtower, e tla tlhaga e rulagantswe go ya ka dingwaga. Fa o tobetsa All Types, e tla go busetsa kwa lenaaneng la dikgatiso.

Karolo ya What’s New e bontsha dikgatiso tse disha tsa puo e o e tlhophileng.

O tla bona leru gaufi le dikgatiso tse o iseng o di tsenye mo sedirisiweng sa gago. Fa o batla go tsenya kgatiso eo, e tobetse. Leru leo le a nyelela fa kgatiso eo e sena go tsena mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa kgatiso eo gape go e bala.

Karolo ya Downloaded e bontsha dikgatiso tsotlhe tse o di tsentseng mo sedirisiweng sa gago ka dipuo tse di farologaneng. Fa o batla go di rulaganya, tobetsa Title mme go tla tlhaga Frequently Used, Rarely Used, le Largest Size.

Go Ntsha Dikgatiso mo Sedirisiweng sa Gago

 O kgona go ntsha kgatiso fa o sa tlhole o e tlhoka kgotsa o batla go tsenya sengwe se sele mo sedirisiweng sa gago.

Fa o tobetsa Publications go tla tlhaga lenaane la dikgatiso (ka sekai Books). Tobetsa Select o bo o tobetsa kgatiso e o batlang go e ntsha. Kgotsa o ka tobetsa kgatiso lobakanya mme fa e sena go e tshwaya o bo o tobetsa Delete.

Fa o batla go tsenya dikgatiso tse dingwe, ntsha tse o sa di diriseng thata kgotsa tse dikgolo. Tobetsa Publications o bo o ya kwa karolong e e reng Downloaded, go tswa foo, tlhopha karolo e e reng Rarely Used kgotsa Largest Size. Ntsha dikgatiso tse o sa tlholeng o di tlhoka.

Fa go Na le Sengwe se se Fetotsweng mo Kgatisong

 Ka dinako tse dingwe go ka nna le sengwe se se fetolwang mo kgatisong e e rileng.

Fa se le teng, o tla bona sediko fa thoko ga kgatiso eo. Fa o tobetsa kgatiso, go tla tlhaga molaetsa o o go bolelelang gore go na le sengwe se se fetotsweng. Tobetsa Download gore o se fetole kgotsa tobetsa Later fa o batla go dira jalo mo nakong e e tlang.

Fa o batla go bona gore a go na le dikgatiso tse di fetotsweng, tobetsa Publications. Fa di le gone, go tla tlhaga karolo e e reng Pending Updates. E tobetse go bona dikgatiso tsotlhe tse di fetotsweng. Tobetsa kgatiso e o batlang go e tlhabolola kgotsa tobetsa karolo e e reng Update All go tlhabolola dikgatiso tsotlhe tse di gone mo karolong eo.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka February 2015 mo JW Library 1.4, mme di bereka mo didirisiweng tsa iOS 6.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Apple (iOS)” mo karolong e e reng Get the Latest Features.