Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG?

Bogosi Jwa Modimo

Bogosi Jwa Modimo

A Bogosi jwa Modimo ke boemo jwa pelo ya motho?

“Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.”—Mareko 12:34.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba dumela gore Bogosi jwa Modimo ke “fa Modimo a laola pelo le botshelo jwa motho,” jaaka mongwe wa mekgatlho e megolo ya madumedi a a ipitsang a Bokeresete o bontsha.

SE BAEBELE E SE BUANG

Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota, ga se tshwantshiso fela e e kayang gore motho o ineetse ka pelo yotlhe mo Modimong. Bogosi jwa Modimo bo tla busa lefatshe lotlhe.—Pesalema 72:8; Daniele 7:14.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kayang fa a ne a re, “bogosi jwa Modimo bo mo teng ga lona”? (Mokwalo o o sekameng ke wa rona; Luke 17:21, Baebele e e Boitshepo) Jesu a ka se ke a bo a ne a kaya gore Bogosi bo mo teng ga dipelo tsa bareetsi ba gagwe. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba ba neng ba mo reeditse ka nako eo e ne e le Bafarasai. Jesu o ne a re ba ne ba ka se akarediwe mo Bogosing ka gonne kobamelo ya bone e ne e le ya boitimokanyi mme seo se ne se dira gore Modimo a se ka a e amogela. (Mathaio 23:13) Le fa go ntse jalo, go ne go tshwanela gore Jesu a re Bogosi jwa Modimo bo “mo teng ga lona” kgotsa, jaaka Thanolo ya Lefatshe le Lesha e bua, bo “mo gare ga lona.” Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a eme mo gare ga bone e le Kgosi ya mo isagweng ya Bogosi joo.—Luke 17:21.

Bogosi jwa Modimo ke eng?

“A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” —Mathaio 6:10.

SE BAEBELE E SE BUANG

Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota ya Modimo mme Jesu Keresete ke Mmusi wa yone. (Mathaio 28:18; 1 Timotheo 6:14, 15) Boikaelelo jwa yone ke go diragatsa thato ya Modimo kwa legodimong le mo lefatsheng. (Mathaio 6:10) Ka jalo, Modimo o tla rarabolola mathata a batho a dirisa Bogosi jwa gagwe. Bogosi joo bo tla fitlhelela se dipuso tsa batho di paletsweng ke go se fitlhelela.

Fa Bogosi jwa Modimo bo busa, batho ba tla nna le kagiso, pabalesego le masego mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 46:9; Isaia 35:1; Mika 4:4) Go ka se nne le ope yo o lwalang kgotsa yo o swang mme bolwetse bo tla fedisiwa. (Isaia 33:24; Tshenolo 21:4) E bile batho ba tla bo ba sa tsofale. Baebele e bolelela pele jaana: “A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha, a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.”—Jobe 33:25.

SE O KA SE DIRANG

Go sa kgathalesege gore o wa lotso lofe kgotsa gore o tsholetswe kae, o ka nna mongwe wa batho ba ba tla busiwang ke Bogosi jwa Modimo fa o dira se a reng o se dire. Baebele ya re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

A Bogosi jwa Modimo bo tla tlisiwa ke batho?

“Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.”—Daniele 2:44.

SE BATHO BA SE BUANG

Bangwe ba dumela gore batho ba tla tlhoma Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng ka go sokololela ba bangwe mo bodumeding jwa bone, kgotsa ka go leka go dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo ke ene a tlhomang Bogosi joo, e seng batho. (Daniele 2:44) Fa Bogosi bo tlhomiwa, Modimo a re: “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me.” (Pesalema 2:6) Batho ga se bone ba tlisang Bogosi jwa Modimo e bile ba ka se kgoreletse dithulaganyo tsa jone, e re ka bo tla busa mo lefatsheng bo le kwa legodimong.—Mathaio 4:17.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Ke ga tlholego fela go eletsa gore e kete nako nngwe batho ba ka kgona go tlisa kagiso le kutlwano. E bile o ka nna wa dirisa maatla a gago o leka go tlisa diphetogo tseno mme o bo o nyema moko fa o palelwa ke go dira jalo. Go itse gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlisiwa ke ene go tla go thusa gore o dirise maatla a gago mo sengweng se se mosola ka go nna mmusiwa wa Bogosi joo.