Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ke Bona Tshiamololo Gongwe le Gongwe

Ke ne Ke Bona Tshiamololo Gongwe le Gongwe

KE TSHOLETSWE mo lelapeng le le humanegileng kwa Ireland Bokone ka 1965. Ke goletse kwa County Derry ka nako ya Dikhuduego tsa kwa Ireland, tse e neng e le ntwa e e matlhomahibidu fa gare ga Bakatoliki le Baporotesetanta mme di ne tsa tsaya dingwaga di feta 30. Bakatoliki ba ba neng ba le palopotlana ba ne ba akanya gore ba tlhaolwa ke Baporotesetanta ba ba neng ba ba feta ka palo, ba ba latofatsa ka bonweenwee mo ditlhophong, mo dikgannyeng tse di amanang le sepodise, mmogo le mo go tsa khiro le tsa matlo.

Ke ne ke bona batho ba direlwa tshiamololo gongwe le gongwe e bile ba sa tshwarwe ka tekatekano. Go ne ga direga ka makgetlho a le mantsi thata gore ke itewe, ke ntshiwe mo koloing ka dikgoka ke supilwe ka tlhobolo kgotsa ke thamathamisiwe ka dipotso le go phuruphudiwa ke mapodise kgotsa masole. Ke ne ke bona ba ntlhorontsha mme ka akanya jaana: ‘Nka tlhopha go tlogelela dilo fela kgotsa ka itwela!’

Ke ile ka nna le seabe mo megwantong ya 1972 e e bidiwang Bloody Sunday go gopola batho ba le 14 ba ba neng ba thuntshiwa ke masole a Boritane le mo megwantong ya go gopola magolegwa a balweladiphetogo a ka 1981 a neng a ipolaisa tlala go fitlha a swa. Ke ne ka pega difolaga tse di ileditsweng ka ba ka taka ditshwantsho tse di kgatlhanong le Boritane gongwe le gongwe fela kwa ke neng ke kgona gone. Go ne go lebega e kete gangwe le gape go dirwa bosetlhogo bongwe jo bo feteletseng kgotsa go bolawa Mokatoliki mongwe mme seo se ne se felela ka gore re dire ditshupetso. Se se neng se simolola e le popelelo kgotsa mogwanto fela, gantsi se ne se felela e le dikhuduego tse dikgolo.

Fa ke le kwa yunibesithing, ke ne ka tsenela ditshupetso tsa baithuti tse di neng di le kgatlhanong le mathata a a amang tikologo. Moragonyana ke ne ka fudugela kwa London kwa ke neng ka nna le seabe mo megwantong ya mekgatlho ya bososhialise e e neng e le kgatlhanong le melao ya puso e e neng e lebega e solegela bahumi molemo mme e gatelela bahumanegi. Ke ne ka nna le seabe mo ditshupetsong tsa mekgatlho ya babereki tse di neng di le kgatlhanong le go fokodiwa ga dituelo, mme ka 1990 ke ne ka nna le seabe mo mogwantong o o neng o le kgatlhanong le lekgetho le le neng le duedisiwa batho botlhe ka go lekana, o o neng wa felela ka gore lefelo le le itsegeng la Trafalgar Square le senngwe fela thata ke badiraditshupetso.

Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka nyema moko. Go na le gore ditshupetso di fitlhelele se re neng re se batla, gantsi di ne di tlhotlheletsa letlhoo le go feta.

Tota le fa batho ba na le maikaelelo a a molemo, ba ka se dire gore go nne le tshiamiso kgotsa tekatekano

Mo e ka nnang ka yone nako eo, tsala nngwe e ne ya nkgolaganya le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba nthuta go tswa mo Baebeleng gore Modimo o a amega fa re boga le gore o tla fedisa botlhoko jotlhe jo bo bakilweng ke batho. (Isaia 65:17; Tshenolo 21:3, 4) Tota le fa batho ba na le maikaelelo a a molemo, ba ka se dire gore go nne le tshiamiso kgotsa tekatekano. Ga re tlhoke kaelo ya Modimo fela mme gape re tlhoka le maatla a gagwe a a tla re thusang go fenya meya e e sa bonaleng e e bakang mathata a lefatshe.—Jeremia 10:23; Baefeso 6:12.

Jaanong ke dumela gore ditshupetso tse ke neng ke di dira go lwantsha tshiamololo e ne e le matsapa a bophiri fela. Ke ile ka itumelela thata go utlwa gore nako e etla e mo go yone go tla bong go se na tshiamololo mo lefatsheng, nako e ka yone batho botlhe ba tla bong ba tshwarwa ka tekatekano.

Baebele e ruta gore Jehofa Modimo ke “morati wa tshiamiso.” (Pesalema 37:28) Leno ke lengwe la mabaka a go bo re ka tlhomamisega gore o tla tlisa tshiamiso ka tsela e dipuso tsa batho di ka se kang tsa kgona go e tlisa ka yone. (Daniele 2:44) Fa e le gore o ka rata go ithuta mo go oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o ye kwa atereseng eno ya Internet, www.pr418.com/tn.