Daniele 2:1-49

  • Kgosi Nebukadenesare o lora toro e e mo tshwenyang (1-4)

  • Ga go na motho ope yo o botlhale yo o kgonang go mmolelela toro eo (5-13)

  • Daniele o kopa Modimo gore a mo thuse (14-18)

  • A go bakwe Modimo ka gonne o senotse sephiri (19-23)

  • Daniele o bolelela kgosi toro (24-35)

  • Tlhaloso ya toro (36-45)

    • Leje la Bogosi le tla thubaganya setshwantsho (44, 45)

  • Kgosi e tlotla Daniele (46-49)

2  Mo ngwageng wa bobedi Nebukadenesare a busa, o ne a lora ditoro di le mmalwa, mme o* ne a tshwenyegile thata+ mo a neng a sa kgone go robala.  Ka jalo, Kgosi Nebukadenesare o ne a laela gore go bidiwe baperesiti ba ba dirang maselamose, badiradikgakgamatso, baloi le Bakaladia* gore ba tle go mmolelela ditoro tse a di lorileng. Mme ba ne ba tla ba bo ba ema fa pele ga gagwe.+  Foo kgosi e ne ya ba raya ya re: “Ke lorile, mme ke* tshwenyegile ka gonne ke batla go itse se ke se lorileng.”  Bakaladia ba ne ba araba kgosi ka Searamaika*+ ba re: “Wena kgosi, e kete o ka tshela ka bosakhutleng. Bolelela rona batlhanka ba gago toro e o e lorileng, mme re tla go bolelela tlhaloso ya yone.”  Kgosi e ne ya raya Bakaladia ya re: “Eno ke tshwetso e ke e dirileng: Fa lo sa mpolelele toro le tlhaloso ya yone, lo tla robaganngwa ditokololo, mme matlo a lona a tla dirwa matlwana a boithomelo a batho botlhe.*  Mme fa lo ka mpolelela toro e ke e lorileng le tlhaloso ya yone, ke tla lo naya dimpho le tuelo e bile ke tla dira gore lo tlotliwe thata.+ Ka jalo, mpoleleleng toro eo le tlhaloso ya yone.”  Ba ne ba mo araba lekgetlo la bobedi ba re: “Kgosi, re kopa gore o bolelele rona batlhanka ba gago toro eo, mme re tla go bolelela tlhaloso ya yone.”  Kgosi e ne ya ba raya ya re: “Ke a bona gore lo leka go tsamaisa nako, ka gonne lo utlwile tshwetso e ke e dirileng.  Fa lo sa mpolelele toro eo, lotlhe lo tla atlholwa ka katlholo e le nngwe. Mme jaanong lo dumalane gore lo tla mpolelela maaka e bile lo tla ntsietsa lo ithaya lo re ke tla fetola mogopolo. Ka jalo, mpoleleleng toro e ke e lorileng, mme ke tla itse gore lo ka kgona go e tlhalosa.” 10  Bakaladia ba ne ba raya kgosi ba re: “Ga go na motho ope mo lefatsheng* yo o ka kgonang go dira se kgosi e se batlang, ka gonne ga go na kgosi epe e kgolo kgotsa molaodi ope yo o kileng a kopa moperesiti ope yo o dirang maselamose kgotsa modiradikgakgamatso kgotsa Mokaladia gore a dire selo se se ntseng jalo. 11  Se kgosi e se kopang se thata, mme ga go na motho ope yo o ka kgonang go se bolelela kgosi. Medimo e e sa nneng le batho,* ke yone fela e e ka kgonang go dira jalo.” 12  Foo kgosi e ne ya galefa thata mme ya laela gore banna botlhe ba ba botlhale ba ba mo Babelona ba bolawe.+ 13  Fa go sena go ntshiwa taelo eo e bile banna ba ba botlhale ba ne ba tloga ba bolawa, ba ne ba batla le Daniele le ditsala tsa gagwe gore ba ba bolaye. 14  Ka nako eo, Daniele o ne a bua ka botlhale e bile a le kelotlhoko le Arioke molaodi wa bafemedi ba kgosi, yo o neng a dule gore a ye go bolaya banna ba ba botlhale ba ba leng mo Babelona. 15  O ne a botsa Arioke yo e leng modiredi wa kgosi jaana: “Goreng kgosi e ntshitse taelo e e bogale jaana?” Foo Arioke o ne a bolelela Daniele kgang eo.+ 16  Ka jalo, Daniele o ne a ya kwa kgosing mme a e kopa gore e mo neye nako ya gore a e bolelele tlhaloso ya toro eo. 17  Go tswa foo, Daniele o ne a ya kwa ntlong ya gagwe a bo a bolelela ditsala tsa gagwe e bong Hanania, Mishaele le Asaria kgang eno. 18  O ile a ba kopa gore ba rapele Modimo yo o kwa legodimong gore a ba utlwele botlhoko mme a ba senolele sephiri seno, gore ene le ditsala tsa gagwe ba se ka ba bolawa mmogo le banna ba bangwe ba ba botlhale ba ba mo Babelona. 19  Foo Daniele o ne a senolelwa sephiri seo mo ponatshegelong bosigo.+ Ka jalo, Daniele o ile a baka Modimo yo o kwa legodimong. 20  Daniele o ne a re: “A leina la Modimo le bakwe ka bosakhutleng,*Ka gonne ke ene fela a nang le botlhale le maatla.+ 21  O fetola metlha le dipaka,+O tlosa dikgosi e bile o tlhoma dikgosi,+Ba ba botlhale o ba naya botlhale e bile ba ba nang le temogo o ba naya kitso.+ 22  O senola dilo tse di boteng le tse di fitlhegileng,+O itse se se mo lefifing,+E bile o dikologilwe ke lesedi.+ 23  Wena Modimo wa borremogolo, ke a go leboga e bile ke a go baka,Ka gonne o nneile botlhale le maatla. Mme jaanong o nkitsisitse se re se kopileng mo go wena,O re itsisitse se kgosi e tshwenyegileng ka sone.”+ 24  Go tswa foo, Daniele o ne a ya kwa go Arioke, yo kgosi e neng e mo tlhomile gore a bolaye banna ba ba botlhale ba ba mo Babelona,+ mme o ne a mo raya a re: “O se ka wa bolaya banna bape ba ba botlhale ba ba mo Babelona. Nkise kwa kgosing, mme ke tla e bolelela tlhaloso ya toro e e e lorileng.” 25  Arioke o ne a itlhaganela a isa Daniele kwa kgosing a bo a e raya a re: “Kgosi, ke bone monna yono yo e leng mongwe wa batho ba Juda+ ba ba mo botshwarwa yo o ka go bolelelang tlhaloso ya toro e o e lorileng.” 26  Kgosi e ne ya raya Daniele, yo leina la gagwe e neng e le Beleteshasare+ ya re: “A ruri o ka mpolelela toro e ke e lorileng le tlhaloso ya yone?”+ 27  Daniele o ne a araba kgosi a re: “Ga go na ope wa banna ba ba botlhale, badiradikgakgamatso, baperesiti ba ba dirang maselamose kgotsa balepadinaledi yo o ka kgonang go bolelela kgosi sephiri se a batlang go se itse.+ 28  Le fa go ntse jalo, go na le Modimo kwa magodimong yo e leng Mosenodi wa diphiri,+ mme o itsisitse Kgosi Nebukadenesare se se tla diragalang kwa bokhutlong jwa metlha. Eno ke toro e o e lorileng, mme tseno ke diponatshegelo tse o di boneng fa o ntse o robetse:* 29  “Mme wena kgosi, fa o ne o ntse o robetse dikakanyo tsa gago di ne tsa go bontsha se se tla diragalang mo nakong e e tlang, mme Mosenodi wa diphiri o go itsisitse se se tla diragalang. 30  Ga ke a senolelwa sephiri seno ka gonne ke le botlhale thata go gaisa batho ba bangwe ba ba tshelang; go na le moo, ke ne ka se senolelwa gore ke tle ke go itsise tlhaloso ya toro eo gore o tle o itse se o se akantseng mo pelong.+ 31  “Wena kgosi, o ne o lebile, mme o ne wa bona setshwantsho* sengwe se segolo thata. Setshwantsho seo se se neng se le segolo e bile se phatsima thata, se ne se eme fa pele ga gago, mme tsela e se neng se lebega ka yone e ne e tshosa. 32  Tlhogo ya setshwantsho seo e ne e le ya gauta e e sa tswakanngwang,+ sehuba sa sone le mabogo a sone e ne e le tsa selefera,+ mpa ya sone le dirope tsa sone e le tsa kopore,+ 33  maoto a sone e ne e le a tshipi,+ mme karolo nngwe ya dinao tsa sone e ne e le tshipi mme karolo e nngwe e le letsopa.*+ 34  O ne wa tswelela o lebile go fitlha leje le ngatholwa mme le sa ngatholwe ka diatla, le bo le itaya setshwantsho seo mo dinaong tsa sone tsa tshipi le letsopa le bo le di thubaganya.+ 35  Ka nako eo tshipi, letsopa, kopore, selefera le gauta, tsotlhe fela di ne tsa thubagana mme tsa nna jaaka mmoko o o tswang mo seboaneng ka selemo. Mme phefo e ne ya di phaila mo go neng ga se ka ga bonala le fa e le motlhala wa tsone. Le fa go ntse jalo, leje le le neng la itaya setshwantsho seo le ne la fetoga thaba e kgolo, mme e ne ya tlala lefatshe lotlhe. 36  “Eno ke toro e o e lorileng, mme jaanong wena kgosi, re tla go bolelela tlhaloso ya yone. 37  Wena kgosi ya dikgosi, wena yo Modimo yo o kwa legodimong a go neileng bogosi,+ maatla, nonofo le kgalalelo, 38  le yo a tsentseng mo seatleng sa gago batho gongwe le gongwe kwa ba ka tswang ba nnang teng, mmogo le diphologolo tsa naga le dinonyane, le yo a go dirileng mmusi wa tsone tsotlhe,+ wena ka bowena o tlhogo ya gauta.+ 39  “Mme morago ga gago go tla tlhaga bogosi jo bongwe,+ jo bo fetwang ke jwa gago; go tswa foo go tla tlhaga bogosi jo bongwe, jwa boraro, jwa kopore, jo bo tla busang lefatshe lotlhe.+ 40  “Bogosi jwa bonê jone, bo tla bo bo nonofile jaaka tshipi.+ Gonne fela jaaka tshipi e thubaganya e bo e sila sengwe le sengwe, fela jaaka tshipi e e tšhwetlakanyang, bo tla thubaganya bo bo bo tšhwetlakanya magosi ano otlhe.+ 41  “Fela jaaka o bone karolo e nngwe ya dinao le menwana ya tsone e le letsopa la mmopi mme karolo e nngwe e le tshipi, bogosi joo bo tla bo bo kgaogane, mme karolo e nngwe ya bogosi jono e tla nna thata jaaka tshipi, fela jaaka o bone tshipi e tlhakane le letsopa le le boleta. 42  Mme e re ka karolo e nngwe ya menwana ya dinao tseo e ne e le tshipi mme karolo e nngwe e le letsopa, ka jalo karolo e nngwe ya bogosi joo e tla bo e nonofile mme karolo e nngwe e tla bo e le bokoa. 43  Fela jaaka o ne wa bona tshipi e tlhakane le letsopa le le boleta, dikarolo tsa bogosi joo di tla tlhakana le batho;* le fa go ntse jalo ga di kitla di ngaparagana, karolo eno le karolo ele, fela jaaka tshipi e sa tlhakane le letsopa. 44  “Mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi+ jo bo se kitlang bo senngwa.+ Mme bogosi jono ga bo kitla bo newa batho bape ba bangwe.+ Bo tla thubaganya bo bo bo fedisa magosi ano otlhe,+ mme bo tla ema bo le nosi ka bosakhutleng,+ 45  fela jaaka o ne wa bona leje le ngatholwa mo thabeng, le sa ngatholwe ka diatla, le bo le thubaganya tshipi, kopore, letsopa, selefera le gauta.+ Modimo yo Mogolo o go itsisitse se se tla diragalang mo nakong e e tlang,+ wena kgosi. Toro eno e boammaaruri e bile tlhaloso ya yone e a ikanyega.” 46  Foo Kgosi Nebukadenesare o ne a khubama fa pele ga ga Daniele a bo a inama a bontsha gore o a mo tlotla. Mme o ne a laela gore Daniele a newe mpho le maswalo. 47  Kgosi e ne ya raya Daniele ya re: “Eleruri Modimo wa lona ke Modimo wa medimo e bile ke Morena wa dikgosi le Mosenodi wa diphiri, ka gonne o ne wa kgona go senola sephiri seno.”+ 48  Foo kgosi e ne ya tlotlomatsa Daniele e bo e mo naya dimpho tse dintle di le dintsi, mme e ne ya mo tlhoma gore a nne mmusi wa porofense* yotlhe ya Babelona+ le gore a nne mookamedi yo mogolo wa banna botlhe ba ba botlhale ba ba mo Babelona. 49  Mme kgosi e ne ya tlhoma Shaderake, Meshake le Abedenego+ gore ba okamele botsamaisi jwa porofense* ya Babelona fela jaaka Daniele a ne a kopile, mme Daniele ene o ne a bereka mo ntlong ya kgosi.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “moya wa gagwe o.”
Go tewa setlhopha sa batho ba ba nang le bokgoni jwa boitseanape le jwa tepodinaledi.
Seheb., “moya wa me o.”
Kwa tshimologong, Dan 2:4b go ya go 7:28 e ne e kwadilwe ka Searamaika.
Kgotsa gongwe “mafelo a go latlhela matlakala; dithotobolo tsa boloko.”
Kgotsa “mo nageng e e omileng.”
Seara., “e e sa nneng le nama.”
Kgotsa “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”
Seara., “o le mo bolaong jwa gago.”
Kgotsa “sefikantswe.”
Kgotsa “e le letsopa le le (bopilweng) besitsweng.”
Kgotsa “bana ba batho,” go tewa batho fela.
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”