Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BATHO LE DINAGA

Go Etela Azerbaijan

Go Etela Azerbaijan

AZERBAIJAN ke yone naga e kgolo mo dinageng tse tharo tse di kwa Borwa jwa Caucasus. Mo e ka nnang dingwaga di le sekete tse di fetileng, batho ba merafe ya Ba-Turkey ba ne ba simolola go thibelela ka bontsi mo nageng eno. Batho bao ba ba neng ba thibelela mo nageng eno ba ne ba simolola go latela mengwe ya meetlo ya batho ba mo lefelong leno mme batho ba mo lefelong leno le bone ba ne ba simolola go latela mengwe ya meetlo ya batho ba ba thibeletseng mo lefelong leo. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo puo ya kwa Azerbaijan e tshwana thata le Se-Turkey le Se-Turkmen.

Ba-Azerbaijan ba itsege e le batho ba ba matlhagatlhaga le ba ba lorato. Malapa a dirisana mmogo thata mme ba losika ba a thusana fa go na le mathata.

Ba-Azerbaijan ba rata mmino le poko. Mo mofuteng mongwe wa mmino o o bidiwang mugam, seopedi se bua maboko a bogologolo a Se-Azerbaijan go ntse go lediwa mmino ka diletswa tsa setso. Motho yo o opelang mugam o tshwanetse go itse maboko a setso sentle gape o tshwanetse go nna le bokgoni jwa go tshameka ka mafoko.

Batho ba kwa Azerbaijan ba rata tee thata

Batho ba kwa Azerbaijan ba rata tee thata. Tee e nwelwa mo digalaseng tse dinnye tse di bopegileng jaaka leungo la pere mme e lokiwa ka sukiri e e golokilweng, gongwe e nwelwa ka di-pistachio, di-almond le morara o o omisitsweng. Mafelo a go rekisiwang tee mo go one a fitlhelwa le e leng mo ditoropong tse dinnye thata.

Mo Lewatleng la Caspian le le kwa botlhaba jwa naga eno go fitlhelwa ditlhapi tse dikgolo tse di bidiwang di-sturgeon. Tlhapi ya beluga sturgeon e kgona go tshela dingwaga di feta 100. Mme nngwe ya tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa tshwarwa e ne e le boleele jwa dimetara di le 8,5 mme e le boima jwa dikilogerama di le 1 297! Di sturgeon di ratelwa mae a tsone a a dirisediwang go dira sejo se se itsegeng thata se se jang madi a mantsi se se bidiwang black caviar.

Ba-Azerbaijan ke batho ba ba ratang bodumedi ba ba ratang go bua ka Modimo. Bontsi jwa baagi ba naga eno ke Bamoseleme. Go na le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa ba feta sekete—ba bontsi jwa bone ba tlholegang kwa Azerbaijan.

Baletsi ba mmino wa setso wa Se-Azerbaijan

A O NE O ITSE?

Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele le dimilionemilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe, ba dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? E teng ka dipuo di feta 250, go akaretsa le Se-Azerbaijan.