Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A BO TLHAMILWE?

Boboko jo bo Thata Jwa Samane wa Kwa Arctic

Boboko jo bo Thata Jwa Samane wa Kwa Arctic

FA PHOLOGOLO e e iphitlhelang mariga e simolola boroko jwa yone jwa go iphitlhela mariga, themperetšha ya mmele wa yone e ya kwa tlase. E kgona go tsidifala go fitlha go didikirii tsa Celsius di le kae? Themperetšha ya mebele ya bosamane ba le mmalwa ba kwa Arctic e ne ya fitlha go didikirii tsa Celsius di le -2,9 e go ka diregang gore ke yone e e kwa tlase go gaisa epe fela e e kileng ya rekotiwa! Fa mebele ya bone e le mo themperetšheng eno, go ne go ka lebelelwa gore maboko a bone a gatsele. Bosamane ba kwa Arctic ba kgona jang go tshela mo maemong ano?

Ela tlhoko: Nako le nako morago ga dibeke di le pedi kgotsa di le tharo fa bosamane ba kwa Arctic ba ntse ba iphitlhetse mariga, ba a roroma gore ba boele mo themperetšheng ya bone e e tlwaelegileng ya didikirii tsa Celsius di le 36,4 mme go feta diura di ka nna 12 go ya go di le 15 ba sa tsidifale gape. Babatlisisi ba re nako eno ya go ithuthafatsa, le fa e le khutshwane, e thusa gore boboko bo tswelele bo dira. Mo godimo ga moo, fa samane wa kwa Arctic a iphitlhetse mariga, go lebega tlhogo ya gagwe e nna e thuthafetse go se kae go feta mmele. Fa go ne go dirwa diteko mo laboratoring, themperetšha ya dithamo tsa bosamane ba go builweng ka bone fa godimo ga e a ka ya ya kwa tlase ga didikirii tsa Celsius di le 0,7.

Fa samane a fetsa go iphitlhela mariga, boboko jwa gagwe bo boa bo dira sentle gape mo diureng di ka nna pedi. Tota e bile, go ya ka patlisiso nngwe, boboko jwa samane bo ka tswa bo bereka botoka fa a sena go iphitlhela mariga! Baitse ga ba kgone go tlhaloganya tsela e e gakgamatsang e boboko jono bo kgonang go itsosolosa ka yone. Ba go tshwantsha le dimela tse disha tse di tlhogang mo mmung o o nang le malatsi a se kae o laitswe ke molelo wa naga.

Babatlisisi ba solofela gore patlisiso ya bone ka samane wa kwa Arctic e tla ba thusa go tlhaloganya bokgoni jwa boboko jwa motho ka botlalo. Boikaelelo jwa bone ke go ithuta mo go oketsegileng kafa ba ka thibelang kgotsa ba baakanyang ka teng go senyega ga disele mo go bakwang ke malwetse a boboko a a akaretsang bolwetse jwa Alzheimer.

O akanyang? A boboko jo bo thata jwa samane wa kwa Arctic bo itiragaletse fela? A kgotsa bo tlhamilwe?