Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 4

Jesu Keresete ke Mang?

Jesu Keresete ke Mang?

1. Botshelo jwa ga Jesu bo simologile jang?

Ke dinonofo dife tse di neng di dira gore Jesu a atamelesege?—MATHAIO 11:29; MAREKO 10:13-16.

Go farologana le batho ba bangwe, Jesu o ne a tshela kwa legodimong e le motho wa semoya pele ga a tla go tsholwa mo lefatsheng. (Johane 8:23) Ke sebopiwa sa ntlha se Modimo a ileng a se bopa mme o ne a thusa go bopa dilo tse dingwe tsotlhe. Ke ene fela yo Jehofa a mmopileng ka tlhamalalo, ka jalo go a tshwanela go bo a bidiwa Morwa wa Modimo “yo o tsetsweng a le esi.” (Johane 1:14) Gape Jesu o bidiwa “Lefoko” ka gonne e ne e le Mmueledi wa Modimo.—Bala Diane 8:22, 23, 30; Bakolosa 1:15, 16.

2. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a tla mo lefatsheng?

Modimo o ne a romela morwawe mo lefatsheng ka go tsenya botshelo jwa gagwe mo sebopelong sa lekgarebana la Mojuda le le bidiwang Marea. Ka jalo, Jesu o ne a se na rre yo e leng motho. (Luke 1:30-35) Jesu o ne a tla mo lefatsheng (1) go tla go ruta batho boammaaruri ka Modimo, (2) go re tlhomela sekao sa kafa re ka dirang thato ya Modimo ka gone le fa re lebane le mathata le (3) go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna “thekololo.”—Bala Mathaio 20:28.

3. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka thekololo?

Thekololo ke madi a a ntshiwang go golola motho yo o tshosediwang ka go bolawa. (Ekesodo 21:29, 30) Loso le botsofe e ne e se karolo ya se Modimo a neng a ikaeletse sone ka batho kwa tshimologong. Re itse seo jang? Modimo o ne a bolelela monna wa ntlha e bong Adame gore fa a ka dira se Baebele e se bitsang “boleo,” o tla swa. Ka jalo, fa Adame a ne a sa leofa, o ne a se kitla a swa. (Genesise 2:16, 17; 5:5) Go ya ka Baebele, loso lo ‘tsene’ mo bathong ka Adame. Ka jalo, Adame o ne a fetisetsa boleo le kotlhao ya jone e leng loso mo baneng botlhe ba gagwe. Re tlhoka thekololo go re golola mo kotlhaong ya loso e re e ruileng mo go Adame.—Bala Baroma 5:12; 6:23.

Ke mang yo o ka duelang thekololo go re golola mo losong? Fa re swa, re duelela kotlhao ya maleo a rona fela. Ga go motho yo o sa itekanelang yo o ka duelelang maleo a motho yo mongwe.—Bala Pesalema 49:7-9.

4. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a swa?

Jesu o ne a sa tshwane le rona, o ne a itekanetse. Ka jalo, o ne a sa tlhoke go swela maleo a gagwe—ga a ise a ke a dire boleo bope. Go na le moo, Jesu o swetse maleo a batho ba bangwe. Modimo o ne a bontsha batho lorato lo logolo ka go romela Morwawe go tla go re swela. Jesu le ene o ne a re bontsha lorato ka go ikobela Rraagwe mme a ntshetsa maleo a rona botshelo jwa gagwe.—Bala Johane 3:16; Baroma 5:18, 19.

Leba bidio ya Goreng Jesu a Ile a Swa?

5. Jesu o dira eng gone jaanong?

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a fodisa ba ba lwalang, a tsosa ba ba suleng le go thusa batho ba ba mo mathateng. Ka go dira jalo o ne a bontsha se a tla se direlang batho botlhe ba ba boikobo mo isagweng. (Mathaio 15:30, 31; Johane 5:28) Fa Jesu a sena go swa, Modimo o ne a mo tsosa e le motho wa semoya. (1 Petere 3:18) Go tswa foo, o ne a leta ka fa seatleng sa Modimo sa moja go fitlha Jehofa a mo naya maatla a go busa e le Kgosi mo lefatsheng lotlhe. (Bahebera 10:12, 13) Gone jaanong Jesu o busa e le Kgosi kwa legodimong, mme balatedi ba gagwe ba itsise dikgang tseo tse di molemo mo lefatsheng lotlhe.—Bala Daniele 7:13, 14; Mathaio 24:14.

Go ise go ye kae, Jesu o tla dirisa maatla a gagwe a Bogosi go fedisa pogo yotlhe le botlhe ba ba e bakang. Botlhe ba ba bontshang tumelo mo go Jesu ka go mo ikobela, ba tla itumelela botshelo mo lefatsheng la paradaise.—Bala Pesalema 37:9-11.