Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 12

O ka Atamalana Jang le Modimo?

O ka Atamalana Jang le Modimo?

1. A Modimo o reetsa dithapelo tsotlhe?

Modimo o laletsa batho ba ditšhaba tsotlhe go mo rapela gore ba kgone go atamalana le ene. (Pesalema 65:2) Le fa go ntse jalo, ga a reetse kgotsa ga a amogele dithapelo tsotlhe. Ka sekai, dithapelo tsa monna yo o sotlang mosadi wa gagwe di ka kgoreletsega. (1 Petere 3:7) Gape fa Baiseraele ba ne ba tswelela ba dira bosula, Modimo ga a ka a reetsa dithapelo tsa bone. Ruri thapelo ke tshiamelo e re sa tshwanelang go e tsaya motlhofo. Mme gone, Modimo o kgona go reetsa dithapelo tsa batho ba ba dirileng boleo jo bo masisi, fa ba ikwatlhaya.—Bala Isaia 1:15; 55:7.

Leba bidio ya A Modimo o Reetsa Dithapelo Tsotlhe?

2. Re tshwanetse go rapela jang?

Thapelo ke karolo ya kobamelo ya rona, ka jalo re tshwanetse go rapela Mmopi wa rona fela, e bong Jehofa. (Mathaio 4:10; 6:9) Gape e re ka re sa itekanela, re tshwanetse go rapela mo leineng la ga Jesu ka gonne o swetse maleo a rona. (Johane 14:6) Jehofa ga a batle gore re boaboeletse dithapelo tse re di tshwereng ka tlhogo kgotsa tse di kwadilweng. O batla gore re mo rapele go tswa pelong.—Bala Mathaio 6:7; Bafilipi 4:6, 7.

Mmopi wa rona o kgona go re utlwa le fa re mo rapela mo pelong. (1 Samuele 1:12, 13) O re kgothaletsa gore re mo rapele nako nngwe le nngwe, jaaka fa re tsoga le pele re robala, ka nako ya dijo le fa re na le mathata.—Bala Pesalema 55:22; Mathaio 15:36.

3. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba kopana mmogo?

Go atamalana le Modimo ga go motlhofo ka gonne re tshela le batho ba ba se nang tumelo mo Modimong e bile ba nyatsa tsholofetso ya Modimo ya gore go tla nna le kagiso mo lefatsheng. (2 Timotheo 3:1, 4; 2 Petere 3:3, 13) Ka jalo re tlhoka go nna re kopana le badumedi ka rona gore ba re kgothatse, mme le bone ba a re tlhoka.—Bala Bahebera 10:24, 25.

Go kopana mmogo le batho ba ba ratang Modimo go re thusa go atamalana le ene. Dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di re naya tshono e e molemo ya go kgothadiwa ke tumelo ya ba bangwe.—Bala Baroma 1:11, 12.

4. Ke eng se se ka go thusang go atamalana Modimo?

O ka atamalana le Jehofa ka go tlhatlhanya ka se o se ithutileng mo Lefokong la gagwe. Akanya ka se o ka ithutang sone mo dilong tse a di dirileng, mo kgakololong ya gagwe le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Go rapela le go tlhatlhanya go re thusa go tlhaloganya lorato lwa Modimo le botlhale jwa gagwe.—Bala Joshua 1:8; Pesalema 1:1-3.

O ka kgona go atamalana le Modimo fela fa o mo tshepa e bile o na le tumelo mo go ene. Tumelo e tshwana le setshedi se se batlang go otliwa. O tshwanetse go otla tumelo ya gago ka go nna o tlhatlhanya ka mabaka a go bo o dumela dilo tse o di dumelang.—Bala Mathaio 4:4; Bahebera 11:1, 6.

5. Go atamalana le Modimo go tla go solegela molemo jang?

Jehofa o amega ka batho ba ba mo ratang. A ka kgona go ba sireletsa mo go sengwe le sengwe fela se se ka senyang tumelo le tsholofelo ya bone ya botshelo jo bo sa khutleng. (Pesalema 91:1, 2, 7-10) O re tlhagisa ka ditsela tsa botshelo tse di ka tsenyang botsogo jwa rona mo kotsing le go re amoga boitumelo. Jehofa o re ruta tsela e e molemolemo ya go tshela.—Bala Pesalema 73:27, 28; Jakobe 4:4, 8.