Bahebera 10:1-39

  • Ditlhabelo tsa diphologolo di ka se tlose maleo (1-4)

    • Molao wa ga Moshe o tshwana le moriti (1)

  • Keresete o ntshitse setlhabelo gangwe fela (5-18)

  • Tsela e ntšha e e isang kwa botshelong (19-25)

    • Re se ka ra tlogela go phuthega mmogo (24, 25)

  • Tlhagiso ka go leofa ka boomo (26-31)

  • Bopelokgale le tumelo di dira gore re itshoke (32-39)

10  Molao wa ga Moshe o tshwana le moriti+ wa dilo tse dintle tse di tla tlang,+ mme one ga se dilo tseo tse dintle e bile Molao* oo ga o ka ke wa dira gore ba ba obamelang Modimo ba se ka ba nna le boleo ka gonne ba ntsha ditlhabelo tse di tshwanang ngwaga le ngwaga.+  Go seng jalo, a ditlhabelo di ne di tla tswelela di ntshiwa? Ka gonne fa ba ba dirang tirelo e e boitshepo ba dirilwe phepa ba ne ba ka se tlhole ba ikutlwa ba le molato.  Le fa go ntse jalo, ditlhabelo tseno di dira gore ngwaga le ngwaga batho ba gakologelwe gore ba a leofa,+  ka gonne madi a dipoo le a dipodi a ka se tlose maleo.  Ka jalo, fa a tla mo lefatsheng o ne a raya Modimo a re: “‘O ne o sa batle setlhabelo le mpho, mme o ne wa mpaakanyetsa mmele.  O ne wa se ka wa amogela ditlhabelo tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tsa boleo.’+  Foo ke ne ka re: ‘Ke tlile (mo momenong* go kwadilwe ka nna) go dira thato ya gago, Modimo wa me.’”+  Fa a sena go bua a re: “O ne o sa batle ditlhabelo tsa diphologolo le dimpho le ditlhabelo tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tsa boleo e bile o ne wa se ka wa di amogela,” e leng ditlhabelo tse Molao wa ga Moshe o laelang gore di ntshiwe,  go tswa foo o ne a re: “Ke tlile go dira thato ya gago.”+ O* tlosa thulaganyo ya bogologolo gore a tlhome e ntšha. 10  Go ya ka “thato”+ eno ya Modimo re dirilwe boitshepo ka setlhabelo sa mmele wa ga Jesu Keresete gangwe fela.+ 11  Gape, letsatsi le letsatsi moperesiti mongwe le mongwe o a ema gore a dire tirelo e e boitshepo+ a bo a ntsha ditlhabelo tse di tshwanang gangwe le gape,+ mme ga di kgone go tlosa maleo gotlhelele.+ 12  Mme monna yono o ne a isa setlhabelo se le sengwe a se isetsa maleo a batho a bo a nna ka fa seatleng sa moja sa Modimo,+ 13  go tloga ka nako eo o ne a leta go fitlha baba ba gagwe ba bewa ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.+ 14  Gonne ka go ntsha setlhabelo se le sengwe o ne a dira gore ba ba dirwang boitshepo ba itekanele+ ka bosakhutleng. 15  Mo godimo ga moo, moya o o boitshepo le one o re netefaletsa seno, ka go bua o re: 16  “‘Eno ke kgolagano e ke tla e dirang le bone morago ga metlha eo,’ go bua Jehofa.* ‘Ke tla tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone, e bile ke tla e kwala mo megopolong ya bone.’”+ 17  Go tswa foo, moya wa re: “Mme ga nkitla ke tlhola ke gakologelwa maleo a bone le ditiro tsa bone tse di bosula.”+ 18  Jaanong fa Modimo a itshwarela maleo ao, ga go tlhole go tlhokega setlhabelo sa boleo. 19  Ka jalo bakaulengwe, e re ka madi a ga Jesu a dira gore re nne le bopelokgale jwa go dirisa tsela e e tsenang mo lefelong le le boitshepo,+ 20  e a neng a re e bulela e le tsela e ntšha* e e isang kwa botshelong ka go feta mo sesirong+ se se tshwantshetsang mmele wa gagwe, 21  e bile e re ka re na le moperesiti yo mogolo mo ntlong ya Modimo,+ 22  a re atameleng Modimo ka dipelo tsa rona tsotlhe le ka tumelo e e feletseng, ka gonne dipelo tsa rona le digakolodi tsa rona tse di bosula di dirilwe phepa+ e bile mebele ya rona e tlhapisitswe ka metsi a a phepa.+ 23  A re tsweleleng re bolelela batho botlhe tsholofelo e re nang le yone re sa ineele,+ ka gonne yo o solofeditseng dilo tseno o a ikanyega. 24  E bile a re akanyetsaneng* gore re tle re tlhotlheletsane go nna le lorato le go dira ditiro tse di molemo.+ 25  A re se ka ra tlogela go phuthega mmogo,+ jaaka bangwe ba tlwaetse go dira, go na le moo, a re kgothatsaneng,+ mme re dire jalo le go feta e re ka re bona letsatsi la Modimo le atamela.+ 26  Gonne fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso ya boammaaruri,+ ga go tlhole go na le setlhabelo sepe se sengwe se se ka ntshediwang maleo a rona,+ 27  mme go na le katlholo e e boifisang e e tlang le bogale jo bo tukang jo bo tla lailang ba ba ganetsang Modimo.+ 28  Ope fela yo o itlhokomolositseng Molao wa ga Moshe o bolawa a sa tlhomogelwe pelo ka bosupi jwa batho ba le babedi kgotsa ba le bararo.+ 29  Lo akanya eng? Motho yo o gatakileng Morwa Modimo le yo o nyaditseng boleng jwa madi a kgolagano+ a a ileng a dirwa boitshepo ka one, le yo o tlhapaditseng moya wa Modimo wa bopelonomi jo bogolo,* a ene ga a kitla a tshwanelwa ke go otlhaiwa botlhoko?+ 30  Gonne re itse yo o neng a re: “Ke tla busolosa; ke tla duela.” Mme gape o ne a re: “Jehofa* o tla atlhola batho ba gagwe.”+ 31  Ke selo se se boifisang go wela mo diatleng tsa Modimo yo o tshelang. 32  Le fa go ntse jalo, nnang lo gakologelwa malatsi a pele, a e rileng lo sena go nna le kitso ya boammaaruri,+ lo neng lwa itshokela dilo tse dintsi le fa lo ne lo boga. 33  Ka dinako dingwe lo ne lo kgobiwa e bile lo bogisiwa fa pele ga batho,* mme ka dinako dingwe lo ne lo thusa* ba ba neng ba diragalelwa ke dilo tse di ntseng jalo. 34  Gonne lo ne lwa utlwela ba ba mo kgolegelong botlhoko e bile lo ne lwa tswelela lo itumetse le fa dilo tsa lona di ne di gapiwa,+ ka gonne lo ne lo itse gore lo na le boswa jo bo botoka le jo bo nnelang ruri.+ 35  Ka jalo, tswelelang lo na le bopelokgale* jo lo nang le jone, jo bo tla nnang le maduo a magolo.+ 36  Gonne lo tlhoka boitshoko,+ gore fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo tle lo amogele se a se solofeditseng. 37  Gonne go setse “nako e khutshwane thata,”+ e bile “yo o tlang o tla goroga mme ga a kitla a diega.”+ 38  “Mme motlhanka wa me yo o siameng o tla tshela ka ntlha ya tumelo ya gagwe,”+ mme “fa a kata ka morago ga ke mo itumelele.”+ 39  Jaanong ga re mofuta o o katang ka morago go ya go senngwa,+ mme re mofuta o o nang le tumelo gore re kgone go boloka matshelo* a rona.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “batho.”
Seger., “mo momenong wa buka.”
Kgotsa “Jesu.”
Seger., “senolela semolao.”
Kgotsa “a re amegeng ka ba bangwe; a re tlhokomelaneng.”
Seger., “lo bewa mo mpaananeng jaaka mo bobogelong.”
Kgotsa “ema nôkeng.”
Seger., “kgololesego ya go bua.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.