Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 7

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

1. Bogosi jwa Modimo ke eng?

Ke eng se se dirang gore Jesu a tshwanelege go nna Kgosi?—MAREKO 1:40-42.

Bogosi jwa Modimo ke puso e e kwa legodimong. Bo tla tsaya taolo ya magosi a mangwe otlhe mme bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Go a itumedisa go itse gore Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe ka tsela eno. Go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo bo tla kgotsofatsa keletso ya batho ya go batla go nna le puso e e molemo. Bo tla dira gore batho botlhe mo lefatsheng ba tshele ka kutlwano.—Bala Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10; 24:14.

Bogosi bo tshwanetse go nna le kgosi. Ka jalo, Jehofa o tlhomile Morwawe, e bong Jesu Keresete go nna Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe.—Bala Tshenolo 11:15.

Leba bidio ya Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

2. Ke ka ntlha yang fa Jesu a tshwanelega go nna Kgosi?

Morwa Modimo o tshwanelega go nna Kgosi ka gonne o pelonomi e bile o emela se se siameng. (Mathaio 11:28-30) Gape o na le maatla a go thusa batho ka gonne o tla busa lefatshe a le kwa legodimong. Fa a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a nna a letile ka fa seatleng sa moja sa ga Jehofa. (Bahebera 10:12, 13) Kgabagare Modimo o ne a mo naya maatla gore a simolole go busa.—Bala Daniele 7:13, 14.

3. Ke bomang ba ba tla busang le Jesu?

Setlhopha sa batho ba ba bidiwang “baitshepi” se tla busa le Jesu kwa legodimong. (Daniele 7:27) Baitshepi ba ntlha go tlhophiwa e ne e le baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu. Go tla go fitlha jaanong, Jehofa o ntse a tsweletse ka go tlhopha banna le basadi ba ba ikanyegang go nna baitshepi. Fela jaaka Jesu, ba tsosiwa ka mmele wa semoya.—Bala Johane 14:1-3; 1 Bakorintha 15:42-44.

Ke batho ba le kae ba ba yang legodimong? Jesu o ne a ba bitsa “letsomanyane.” (Luke 12:32) Kgabagare ba tla tshwara palo ya 144 000. Ba tla busa lefatshe ba na le Jesu.—Bala Tshenolo 14:1.

4. Go ne ga direga eng fa Jesu a simolola go busa?

Bogosi jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914. * Kgato ya ntlha e Jesu a neng a e tsaya fa a sena go nna Kgosi e ne ya nna go latlhela Satane le madimona a gagwe mo lefatsheng. Satane o ne a tlala bogale mme a simolola go baka mathata mo lefatsheng lotlhe. (Tshenolo 12:7-10, 12) Fa e sa le ka nako eo, mathata a batho a ntse a oketsega fela thata. Dintwa, ditlala, malwetse a leroborobo le dithoromo tsa lefatshe, tsotlhe tseno ke karolo ya “sesupo” sa gore go ise go ye kae Bogosi bo tla busa mo lefatsheng lotlhe.—Bala Luke 21:7, 10, 11, 31.

5. Bogosi jwa Modimo bo fitlheletse eng?

Ka ntlha ya tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, Bogosi jwa Modimo bo setse bo kopantse boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe. Dimilione tsa batho ba ba pelonolo ba nna babusiwa ba Bogosi jwa Modimo jo Jesu e leng Kgosi ya jone. Bogosi jwa Modimo bo tla ba sireletsa fa bo senya tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo mo lefatsheng. Ka jalo, botlhe ba ba batlang go solegelwa molemo ke Bogosi jwa Modimo ba tshwanetse go ithuta go nna babusiwa ba ba boikobo ba ga Jesu.—Bala Tshenolo 7:9, 14, 16, 17.

Mo lobakeng lwa dingwaga di le 1 000, Bogosi jono bo tla fitlhelela se Modimo a neng a se ikaeletse ka batho go tloga kwa tshimologong. Lefatshe lotlhe le tla nna paradaise. Kgabagare, Jesu o tla busetsa Bogosi kwa go Rraagwe. (1 Bakorintha 15:24-26) A go na le mongwe yo o ka ratang go bua le ene ka Bogosi jwa Modimo?—Bala Pesalema 37:10, 11, 29.

 

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa boporofeti jwa Baebele bo neng jwa bolelela pele ka gone ka ngwaga wa 1914, bala tsebe 217-220 ya buka ya, Baebele e re Ruta Eng?