Efangele ya ga Mareko 1:1-45

  • Johane Mokolobetsi o a rera (1-8)

  • Jesu o a kolobediwa (9-11)

  • Jesu o raelwa ke Satane (12, 13)

  • Jesu o simolola go rera mo Galalea (14, 15)

  • Barutwa ba ntlha ba a bidiwa (16-20)

  • O leleka ledimona (21-28)

  • Jesu o fodisa batho ba le bantsi kwa Kaperenama (29-34)

  • O rapela kwa lefelong le le se nang batho (35-39)

  • Molepero o a fodisiwa (40-45)

1  Dikgang tse di molemo ka Morwa Modimo e bong Jesu Keresete di a simologa.  Fela jaaka go kwadilwe mo bukeng ya ga moporofeti Isaia go twe: “(Ke tla roma morongwa wa me kwa pele ga gago,* yo o tla baakanyang tsela ya gago.)+  Mongwe o goa a le kwa nageng a re: ‘Baakanyang tsela ya ga Jehofa!* Tlhamalatsang ditsela tsa gagwe.’”+  Johane Mokolobetsi o ne a ya kwa nageng mme a rerela batho gore ba kolobediwe e le go bontsha gore ba ikwatlhaetse maleo a bone gore Modimo a tle a ba itshwarele.+  Mme batho botlhe ba naga ya Judea le batho botlhe ba kwa Jerusalema ba ne ba ya kwa go ene, mme o ne a ba kolobetsa* mo Nokeng ya Joredane, ba ipolela maleo a bone phatlalatsa.+  Jaanong Johane o ne a apara diaparo tse di dirilweng ka boboa jwa kamela e bile a ipanta ka lebanta la letlalo mo lothekeng,+ mme o ne a ja tsie le tswina ya dinotshe ya naga.+  Mme o ne a rera a re: “Mongwe yo o nonofileng go mpheta o tla kwa morago ga me, yo ke sa tshwanelegeng go inama ke bofolola dikgole* tsa ditlhako* tsa gagwe.+  Nna ke ne ka lo kolobetsa ka metsi, mme ene o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo.”+  Mo malatsing ao, Jesu o ne a tswa kwa Nasaretha wa Galalea mme Johane o ne a mo kolobetsa mo nokeng ya Joredane.+ 10  Mme ka yone nako eo fa a tswa mo metsing, o ne a bona magodimo a bulega le moya o o boitshepo o fologa jaaka lephoi o tla mo go ene.+ 11  Mme lentswe le ne la tswa kwa magodimong le re: “O Morwaake yo o rategang; ke go amogetse.”+ 12  Ka yone nako eo, moya o ne wa mo tlhotlheletsa gore a ye kwa nageng. 13  Ka jalo, o ne a tswelela a le kwa nageng malatsi a le 40 mme Satane o ile a mo raela.+ O ne a na le diphologolo tsa naga, mme baengele ba ne ba mo nonotsha.+ 14  Jaanong fa Johane a sena go tshwarwa, Jesu o ne a ya kwa Galalea+ a bo a rera dikgang tse di molemo tsa Modimo+ 15  a re: “Nako e e tlhomilweng e gorogile, e bile Bogosi Jwa Modimo bo atametse. Ikwatlhayeng,+ mme lo dumele dikgang tse di molemo.” 16  Fa a ntse a tsamaya go bapa le Lewatle la Galalea, o ne a bona Simone le monnawe* Simone e bong Anderea+ ba latlhela matlowa a bone mo lewatleng+ ka gonne e ne e le batshwaraditlhapi.+ 17  Ka jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Ntshaleng morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.”+ 18  Ka yone nako eo, ba ne ba tlogela matlowa a bone ba bo ba mo sala morago.+ 19  Fa a sena go tsamaya sekgalanyana, o ne a bona Jakobe morwa Sebede le morwarraagwe e bong Johane ba le mo mokorong wa bone ba rokaganya matlowa a bone,+ 20  mme ntle le go diega, o ne a ba bitsa. Ka jalo, ba ne ba tlogela rraabone e bong Sebede mo mokorong a na le banna ba ba thapilweng mme ba sala Jesu morago. 21  Mme ba ne ba ya kwa Kaperenama. Fela fa e nna Sabata, Jesu o ne a tsena mo sinagogeng a bo a simolola go ruta.+ 22  Batho ba ne ba gakgamadiwa ke tsela e a neng a ruta ka yone, ka gonne o ne a ba ruta jaaka motho yo o nang le taolo, mme e seng jaaka bakwadi.+ 23  Go ne go na le motho yo o laolwang ke ledimona* mo sinagogeng ya bone, mme o ne a goa a re: 24  “O batla eng mo go rona Jesu wa Monasaretha?+ A o tlile go re senya? Ke itse sentle gore o mang, o Motlhanka yo o Boitshepo wa Modimo!”+ 25  Mme Jesu o ne a kgalema ledimona leo a re: “Didimala, mme o tswe mo go ene!” 26  Fa ledimona leo le sena go tshwarisa monna yoo mototwane,* le ne la goa ka lentswe le le kwa godimo le bo le tswa mo go ene. 27  Batho botlhe ba ne ba gakgamala thata mme ba simolola go buisana ba re: “Ke eng se? A ke tsela e ntšha ya go ruta?* O laela le madimona, mme a mo utlwa.” 28  Ka jalo, kgang ya gagwe e ne ya anama ka bonako mo mafelong otlhe a a mo tikologong ya Galalea. 29  Fa ba sena go tswa mo sinagogeng, ba ne ba ya kwa legaeng la ga Simone le Anderea. Ba ne ba na le Jakobe le Johane.+ 30  Jaanong mogwegadiagwe Simone+ o ne a robetse a tshwerwe ke letshoroma, mme ka bonako fela ba ne ba bolelela Jesu ka ene. 31  O ne a ya kwa go ene, a mo tshwara ka seatla a bo a mo tsosa. Mme o ne a fola a bo a ba direla dijo. 32  Fa go nna maitseboa, letsatsi le sena go phirima, batho ba ne ba simolola go mo tlisetsa batho ba ba lwalang le ba ba neng ba laolwa ke madimona;+ 33  mme batho botlhe mo motseng ba ne ba kokoane fa kgorong ya ntlo. 34  Ka jalo, o ne a fodisa batho ba le bantsi ba ba neng ba na le malwetse a a farologaneng+ a bo a leleka madimona a le mantsi, le fa go ntse jalo, o ne a sa letle madimona go bua, ka gonne a ne a itse gore ke Keresete.* 35  O ne a tsoga mo mosong go sa ntse go le lefifi a bo a tswela kwa ntle a ya kwa lefelong le le se nang batho, mme fa a le koo o ne a rapela.+ 36  Le fa go ntse jalo, Simone le ba ba neng ba na le ene ba ne ba ya go mmatla 37  mme ba ne ba mmona, ba bo ba mo raya ba re: “Mongwe le mongwe o a go batla.” 38  Le fa go ntse jalo, o ne a ba raya a re: “A re yeng kwa lefelong le lengwe kwa metseng e e gaufi, gore ke tle ke rere le gone koo ka gonne leno ke lone lebaka la go bo ke tlile.”+ 39  Mme o ne a ya kwa metseng eo a bo a rera mo disinagogeng tsa yone mo Galalea yotlhe e bile o ne a leleka madimona.+ 40  Gape motho mongwe yo o nang le lepero o ne a tla kwa go ene, a khubama a bo a mo kopa a re: “Fa e le gore o a batla, o ka mphodisa.”*+ 41  Jesu o ne a mo tlhomogela pelo a bo a otlolola seatla sa gagwe a mo tshwara, mme a mo raya a re: “Ke a batla! Fola.”+ 42  Ka yone nako eo, lepero le ne la nyelela mo go ene, mme a fola. 43  Go tswa foo, Jesu o ne a mo naya ditaelo tse di gagametseng a bo a mo letla gore a tsamaye, 44  mme a mo raya a re: “O se ka wa bolelela ope sepe, mme tsamaya o ye go itshupa kwa moperesiting o bo o isa setlhabelo se Moshe a laetseng gore se ntshiwe ke molepero yo o fodisitsweng,+ gore batho ba bone gore tota o fodisitswe.”+ 45  Monna yono o ne a tsamaya, mme o ne a bolelela batho ba le bantsi ka tiragalo eno. Ka ntlha ya seo, Jesu o ne a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng a bonwa ke batho, mme o ne a nna kwa ntle kwa lefelong le a ka kgonang go nna a le esi kwa go lone. Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba nna ba tla kwa go ene ba tswa kwa dintlheng tsotlhe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “fa pele ga sefatlhego sa gago.”
Kgotsa “ina; thabuetsa.”
Seger., “bompaatšhane.”
Kgotsa “megala.”
Temana eno ka Segerika ga e tlhalose gore ke mang yo o neng a le mogolo gareng ga ga Simone le Anderea.
Seger., “maatla a moya o o seng phepa.”
Bolwetse jo bo dirang gore motho a we a bo a roroma thata e bile a ragaraga.
Kgotsa “A ke thuto e ntšha?”
Kgotsa gongwe “a itse gore ke ene mang.”
Kgotsa “mphepafatsa.”