Fetela kwa tshedimosetsong

A Jesu ke Ene a Diragaditseng Boporofeti jo bo Buang ka Mesia?

A Jesu ke Ene a Diragaditseng Boporofeti jo bo Buang ka Mesia?

Karabo ya Baebele

Ee. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a diragatsa boporofeti bo le bontsi jo bo neng bo bua ka “Mesia, Moeteledipele” yo o neng a tlile go nna “Mmoloki wa lefatshe.” (Daniele 9:25; 1 Johane 4:14) Tota le fa a sena go swa, o ile a tswelela a diragatsa boporofeti jo bo neng bo bua ka Mesia.—Pesalema 110:1; Ditiro 2:34-36.

 Lefoko “Mesia” le kayang?

Lefoko la Sehebera Ma·shiʹach (Mesia) le la Segerika Khri·stos (Keresete) le kaya “Yo o Tloditsweng.” Ka jalo, lefoko “Jesu Keresete” le kaya “Jesu Yo o Tloditsweng” kgotsa “Jesu Mesia.”

Mo Baebeleng, gantsi fa motho a tlodiwa, o ne a tshelwa oli mo tlhogong go bontsha gore o tlhophilwe go dira maikarabelo a a kgethegileng. (Lefitiko 8:12; 1 Samuele 16:13) Modimo ke ene a neileng Jesu maikarabelo a magolo a go nna Mesia. (Ditiro 2:36) Mme Modimo ga a ka a mo tlotsa ka oli, o ile a mo tlotsa ka moya o o boitshepo.—Mathaio 3:16.

 A go ka direga gore go na le batho ba le mmalwa ba ba ileng ba diragatsa boporofeti jo bo buang ka Mesia?

Nnyaa. Fela jaaka di-fingerprint tsa batho di sa tshwane, boporofeti jo bo buang ka Mesia bo ne bo bua ka motho a le mongwe fela. Ke ka moo Baebele e re tlhagisang gore “go tla tsoga bo Keresete ba maaka le baporofeti ba maaka mme ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore ba tsietse, fa go kgonega, le eleng ba ba tlhophilweng.”—Mathaio 24:24.

 A go ka direga gore Mesia a tlhage mo nakong e e tlang?

Nnyaa. Baebele e ile ya porofeta gore Mesia o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide wa Iseraele. (Pesalema 89:3, 4) Mme go bonala direkoto tsa losika lwa ga Dafide di ile tsa latlhega ka nako ya fa Baroma ba ne ba fenya Jerusalema ka ngwaga wa 70. * Ka jalo, ga go na ope yo o ka reng o na le bosupi jwa gore ene ke wa losika lwa ga Dafide. Mme direkoto tseo di ne di le gone ka nako ya ga Jesu, ke ka moo baba ba gagwe ba neng ba se na bothata fa a ne a ba bolelela gore ke wa losika lwa ga Dafide.—Mathaio 22:41-46.

 Boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga makgetlo a makae mo Baebeleng?

Ga re itse gore boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga makgetlo a makae mo Baebeleng ka gonne ga re bo bale ka go tshwana. Ka sekai, fa o tsaya Isaia 53:2-7, batho bangwe ba ka re boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga makgetlo a le marataro mme ba bangwe ba ka tsaya ditemana tseno tsotlhe ba bo ba re boporofeti jo bo buang ka Mesia bo tlhaga gangwe fela le fa ditemana di le mmalwa.

 Boporofeti jo bo buang ka Mesia jo Jesu a ileng a bo diragatsa

Boporofeti

Bo tlhaga mo

Bo diragaditswe mo

O tswa mo losikeng lwa ga Aborahame

Genesise 22:17, 18

Mathaio 1:1

O tswa mo losikeng lwa morwa Aborahame e bong Isake

Genesise 17:19

Mathaio 1:2

O tsholetswe mo lotsong lwa Iseraele lwa Juda

Genesise 49:10

Mathaio 1:1, 3

O tswa mo losikeng lwa segosi lwa ga Kgosi Dafide

Isaia 9:7

Mathaio 1:1

O tshotswe ke lekgarebane

Isaia 7:14

Mathaio 1:18, 22, 23

O tsholetswe kwa Bethelehema

Mika 5:2

Mathaio 2:1, 5, 6

O ne a bidiwa Imanuele *

Isaia 7:14

Mathaio 1:21-23

O tsholetswe mo lehumeng

Isaia 53:2

Luke 2:7

Masea a ile a bolawa fa Mesia a sena go tsholwa

Jeremia 31:15

Mathaio 2:16-18

O bidiwa go tswa kwa Egepeto

Hosea 11:1

Mathaio 2:13-15

O bidiwa Monasaretha *

Isaia 11:1

Mathaio 2:23

Go tlile morongwa pele ga gagwe

Malaki 3:1

Mathaio 11:7-10

O ile a tlhophiwa go nna Mesia ka ngwaga wa 29 *

Daniele 9:25

Mathaio 3:13-17

Modimo o mmitsa Morwawe

Pesalema 2:7

Ditiro 13:33, 34

O ne a rata ntlo ya Modimo

Pesalema 69:9

Johane 2:13-17

O ne a rera dikgang tse di molemo

Isaia 61:1

Luke 4:16-21

Bodiredi jwa gagwe bo bonesa lesedi kwa Galalea

Isaia 9:1, 2

Mathaio 4:13-16

O ne a dira dikgakgamatso jaaka Moshe

Duteronome 18:15

Ditiro 2:22

Jaaka Moshe, o ne a bua se Modimo a mo laetseng sone

Duteronome 18:18, 19

Johane 12:49

O ne a fodisa batho ba bantsi

Isaia 53:4

Mathaio 8:16, 17

Ga a ka a ikgalaletsa

Isaia 42:2

Mathaio 12:17, 19

O ne a utlwela batho ba maemo a a kwa tlase botlhoko

Isaia 42:3

Mathaio 12:9-20; Mareko 6:34

O ne a bontsha gore Modimo o rata tshiamiso

Isaia 42:1, 4

Mathaio 12:17-20

E ne e le mogakolodi yo o molemo

Isaia 9:6, 7

Johane 6:68

O ne a itsise batho leina la ga Jehofa

Pesalema 22:22

Johane 17:6

O ne a ruta ka ditshwantsho

Pesalema 78:2

Mathaio 13:34, 35

E ne e le moeteledipele

Daniele 9:25

Mathaio 23:10

Ba bantsi ba ne ba sa mo dumele

Isaia 53:1

Johane 12:37, 38

E ne e le leje le le kgopisang

Isaia 8:14, 15

Mathaio 21:42-44

Batho ba ne ba sa mo amogele

Pesalema 118:22, 23

Ditiro 4:10, 11

O ile a tlhoiwa ntle le lebaka

Pesalema 69:4

Johane 15:24, 25

O tsene mo Jerusalema a palame esele

Sekarea 9:9

Mathaio 21:4-9

O ile a galalediwa ke bana

Pesalema 8:2

Mathaio 21:15, 16

O ne a tla ka leina la ga Jehofa

Pesalema 118:26

Johane 12:12, 13

O okilwe ke motho yo a neng a mo tshepa

Pesalema 41:9

Johane 13:18

O okilwe ka dipapetlana tsa selefera di le 30 *

Sekarea 11:12, 13

Mathaio 26:14-16; 27:3-10

Ditsala tsa gagwe di a mo tlogela

Sekarea 13:7

Mathaio 26:31, 56

Batho ba ntsha bosupi jwa maaka ka ene

Pesalema 35:11

Mathaio 26:59-61

Ga a arabe balatofatsi ba gagwe

Isaia 53:7

Mathaio 27:12-14

O kgwelwa mathe

Isaia 50:6

Mathaio 26:67; 27:27, 30

O itewa mo tlhogong

Mika 5:1

Mareko 15:19

O a kgwathisiwa

Isaia 50:6

Johane 19:1

Ga a ka a thiba fa a itewa

Isaia 50:6

Johane 18:22, 23

Baeteledipele ba puso ba mo latofatsa ka maaka

Pesalema 2:2

Luke 23:10-12

Diatla le maoto a gagwe a kokotelwa mo koteng

Pesalema 22:16

Mathaio 27:35; Johane 20:25

Ba tshela bola go bona gore ke mang yo o tla tsayang seaparo sa gagwe

Pesalema 22:18

Johane 19:23, 24

O bolawa le baleofi

Isaia 53:12

Mathaio 27:38

O ile a tlhapadiwa

Pesalema 22:7, 8

Mathaio 27:39-43

O ile a bogisetswa baleofi

Isaia 53:5, 6

1 Petere 2:23-25

Go ne go bonala e kete Modimo o mo tlogetse

Pesalema 22:1

Mareko 15:34

O ile a newa santlhokwe gore a e nwe

Pesalema 69:21

Mathaio 27:34

O ile a tshwarwa ke lenyora pele a tlhokafala

Pesalema 22:15

Johane 19:28, 29

O ile a neela Modimo moya wa gagwe

Pesalema 31:5

Luke 23:46

O ile a swela batho

Isaia 53:12

Mareko 15:37

O ile a intsha setlhabelo go tlosa boleo

Isaia 53:12

Mathaio 20:28

Marapo a gagwe ga a ka a robiwa

Pesalema 34:20

Johane 19:31-33, 36

O ile a tlhabiwa ka lerumo

Sekarea 12:10

Johane 19:33-35, 37

O fitlhilwe le bahumi

Isaia 53:9

Mathaio 27:57-60

O ile a tsosiwa mo baswing

Pesalema 16:10

Ditiro 2:29-31

Go ile ga tlhophiwa moaposetoloi yo mongwe

Pesalema 109:8

Ditiro 1:15-20

O ntse mo seatleng sa moja sa Modimod

Pesalema 110:1

Ditiro 2:34-36

^ ser. 5 Buka ya ga McClintock le Strong ya re: “Ga go na ope yo o ka belaelang gore direkoto tsa masika a Bajuda di ile tsa latlhega ka nako ya fa Jerusalema e ne e senngwa e seng pele ga moo.”

^ ser. 40 Leina leno ka Sehebera le kaya “Modimo O na Le Rona,” mme le tlhalosa seabe sa ga Jesu sentle. Go tla ga gagwe mo lefatsheng le dilo tse a neng a di dira di ne di bontsha gore Modimo o ne a na le baobamedi ba Gagwe.—Luke 2:27-32; 7:12-16.

^ ser. 52 Go bonala lefoko “Monasaretha” le tswa mo lefokong la Sehebera neʹtser le le kayang “letlhogela.”

^ ser. 58 Go bona tshedimosetso e e tlhalosang gore Mesia o ile a tlhaga ka ngwaga wa 29, bala setlhogo se se reng “Kafa Boporofeti Jwa ga Daniele bo Bolelelang Pele ka Gone go Goroga ga ga Mesia.”

^ ser. 127 Boporofeti jono bo tlhaga mo bukeng ya Sekarea mme Mathaio ene a re bo builwe ke “Jeremia moporofeti.” (Mathaio 27:9) Go bonala ka dinako tse dingwe buka ya Jeremia e ne e beilwe gore e tlhage ya ntlha mo dibukeng tse di neng di bidiwa dibuka tsa ‘Baporofeti.’ (Luke 24:44) Ka jalo, Mathaio a ka tswa a ne a umaka “Jeremia” mme gone a bua ka dibuka tsotlhe tse di mo lenaaneng leo go akaretsa le buka ya Sekarea.