Genesise 17:1-27

  • Aborahame o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi (1-8)

    • Aberame o bidiwa Aborahame (5)

  • Kgolagano ya go rupa (9-14)

  • Sarai o bidiwa Sara (15-17)

  • Morwa yo o solofeditsweng e bong Isake (18-27)

17  Fa Aberame a na le dingwaga di le 99, Jehofa o ne a iponatsa kwa go ene mme a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. Tsamaya mo ditseleng tsa me mme o itshupe o se na molato.  Ke tla diragatsa kgolagano e ke e dirileng le wena,+ mme ke tla go ntsifatsa fela thata.”+  Foo Aberame o ne a khubama a bo a inama, mme Modimo a tswelela a bua le ene, a re:  “Bona, ke dirile kgolagano le wena,+ mme ruri o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi.+  Leina la gago ga e kitla e tlhola e nna Aberame;* leina la gago e tla nna Aborahame* ka gonne ke tla go dira rre wa ditšhaba di le dintsi.  Ke tla dira gore o ate fela thata e bile ke tla dira gore o nne ditšhaba, mme go tla tswa dikgosi mo go wena.+  “Ke tla boloka kgolagano ya me fa gare ga me le wena+ le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone, gore e nne kgolagano e e tla nnelang ruri, gore ke nne Modimo wa gago le wa ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone.  Mme wena le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone, ke tla lo naya lefatshe le o neng wa nna motswakwa mo go lone,+ e leng lefatshe lotlhe la Kanana, gore e nne la lona ka bosakhutleng, mme ke tla nna Modimo wa bone.”+  Modimo o ne a tswelela a raya Aborahame a re: “Fa e le wena, o tshwanetse go boloka kgolagano ya me, wena le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone. 10  Eno ke kgolagano e ke e dirileng le wena, e wena le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone lo tshwanetseng go e boloka: Banna botlhe ba lona ba tshwanetse go rupisiwa.+ 11  Mme lo tshwanetse go rupisiwa mo nameng ya matlalo a lona a bonna, mme seno e tla nna sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lona.+ 12  Mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona, monna mongwe le mongwe yo o nang le malatsi a le robedi o tshwanetse go rupisiwa,+ ope fela yo o tsholetsweng mo lelapeng la gago le ope fela yo e seng wa losika lwa gago le yo o rekilweng ka madi mo mothong wa motswakwa. 13  Monna mongwe le mongwe yo o tsholetsweng mo lelapeng la gago le monna mongwe le mongwe yo o rekilweng ka madi a gago, o tshwanetse go rupisiwa+ mme kgolagano ya me mo nameng ya lona, e tshwanetse go nna kgolagano e e nnelang ruri. 14  Fa monna yo o sa rupang a sa rupise nama ya letlalo la gagwe la bonna, motho yoo o tshwanetse go bolawa. O tlodile kgolagano ya me.” 15  Go tswa foo, Modimo o ne a raya Aborahame a re: “Mme mosadi wa gago e bong Sarai*+ ene, o se ka wa mmitsa Sarai, ka gonne leina la gagwe e tla nna Sara.* 16  Ke tla mo segofatsa e bile gape ke tla dira gore a go tsholele ngwana wa mosimane;+ ke tla mo segofatsa mme o tla nna ditšhaba; dikgosi tsa ditšhaba di tla tswa mo go ene.” 17  Foo Aborahame o ne a khubama a bo a inama mme a tshega a bo a bua jaana mo pelong ya gagwe:+ “A monna wa dingwaga di le 100 o tla tsholelwa ngwana, e bile Sara, mosadi wa dingwaga di le 90, a o tla tshola ngwana?”+ 18  Foo Aborahame o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Ao tlhe, e kete Ishemaele a ka tshela fa pele ga gago!”+ 19  Mme Modimo o ne a mo raya a re: “Ruri Sara mosadi wa gago o tla go tsholela ngwana wa mosimane, mme o mmitse Isake.*+ Ke tla diragatsa kgolagano ya me le ene, gore e nne kgolagano e e tla nnelang ruri mo losikeng lwa gagwe lo lo tla tlang morago ga gagwe.+ 20  Mme gone, se o neng o se bua ka ga Ishemaele, ke se utlwile. Ke tla mo segofatsa e bile ke tla dira gore a ate ke bo ke mo ntsifatsa fela thata. O tla tshola dikgosana di le 12, mme ke tla dira gore a nne setšhaba se segolo.+ 21  Le fa go ntse jalo, ke tla diragatsa kgolagano ya me le Isake,+ yo Sara a tla go mo tsholelang mo nakong eno e e tlhomilweng, mo ngwageng o o tlang.”+ 22  Fa Modimo a fetsa go bua le Aborahame, o ne a tswa fa go ene. 23  Morago ga moo, Aborahame o ne a tsaya Ishemaele morwawe le banna botlhe ba ba tsholetsweng mo lelapeng la gagwe le mongwe le mongwe yo a mo rekileng ka madi, monna mongwe le mongwe mo ntlong ya ga Aborahame, mme a rupisa nama ya matlalo a bone a bonna mo go lone letsatsi leo, fela jaaka Modimo a ne a mmoleletse.+ 24  Aborahame o ne a na le dingwaga di le 99 fa go ne go rupisiwa nama ya letlalo la gagwe la bonna.+ 25  Mme morwawe e bong Ishemaele o ne a na le dingwaga di le 13 fa go ne go rupisiwa nama ya letlalo la gagwe la bonna.+ 26  Aborahame o ne a rupisiwa mo go lone letsatsi leo, le Ishemaele morwawe. 27  Banna botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe, ope fela yo o tsholetsweng mo lelapeng la gagwe le ope fela yo o rekilweng ka madi mo mothong wa motswakwa, le bone ba ne ba rupisiwa le ene.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Rre o Kwa Godimo (O Godisitswe).”
Mo go kayang “Rra Boidiidi (Bontsintsi); Rre Wa ba Le Bantsi.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “losika.”
Gongwe mo go kayang “Dikgotlhang.”
Mo go kayang “Mosadi wa Segosi.”
Mo go kayang “Setshego.”