Efangele ya ga Luke 7:1-50

  • Tumelo ya modiredi wa masole (1-10)

  • Jesu o tsosa morwa motlholagadi wa kwa Naina (11-17)

  • Johane Mokolobetsi o a bakwa (18-30)

  • Kokomana e e sa reetseng e a kgalwa (31-35)

  • Mosadi yo o itsiweng e le moleofi o a itshwarelwa (36-50)

    • Setshwantsho sa banna ba ba kolotang (41-43)

7  Fa a sena go bolelela batho dilo tseno, o ne a tsena kwa Kaperenama.  Jaanong modiredi mongwe wa masole o ne a na le motlhanka yo a neng a mo rata thata. Motlhanka yoo o ne a lwala thata e bile a tloga a swa.+  Fa modiredi wa masole a utlwalela ka Jesu, o ne a roma baeteledipele bangwe ba Bajuda kwa go ene go mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe.  Ba ne ba ya kwa go Jesu mme ba simolola go mo kopa ka tlhoafalo, ba re: “Tota o tshwanetse go mo thusa,  ka gonne o rata setšhaba sa rona e bile o ile a re agela sinagoge.”  Ka jalo, Jesu o ne a tsamaya le bone. Le fa go ntse jalo, fa a le gaufi le ntlo, modiredi wa masole o ne a roma ditsala tsa gagwe gore di mo reye di re: “Rra, o se ka wa itshwenya ka go tla mo ntlong ya me, ka gonne ga ke tshwanelege gore o ka tsena mo ntlong ya me.+  Ke ka moo le nna ke neng ke bona ke sa tshwanelege go tla kwa go wena. Le fa go ntse jalo, bua lefoko, mme motlhanka wa me o tla fola.  Gonne le nna go na le motho yo o nkokametseng, mme le nna go na le masole a ke a okametseng, mme ke raya lesole leno ke re, ‘Tsamaya!’ le bo le tsamaya, e bile ke raya le lengwe ke re, ‘Tla kwano!’ le bo le tla, gape ke raya motlhanka wa me ke re, ‘Dira seno!’ a bo a se dira.”  Fa Jesu a utlwa dilo tseno, o ne a mo gakgamalela, mme o ne a leba batho ba bantsintsi ba ba mo setseng morago a bo a re: “Ke a lo bolelela, ga ke ise nke ke bone motho ope mo Iseraele yo o nang le tumelo e kgolo jaana.”+ 10  Mme fa ba ba neng ba romilwe ba boela kwa ntlong, ba ne ba fitlhela motlhanka yoo a fodile.+ 11  Ka bonako fela morago ga seo, o ne a ya kwa motseng o o bidiwang Naina, mme barutwa ba gagwe le batho ba bantsintsi ba ne ba tsamaya le ene. 12  Fa a atamela kgoro ya motse, go ne go na le monna mongwe yo o suleng mme o ne a kukelwa kwa ntle, e ne e le ene fela ngwana* wa ga mmaagwe.+ Mo godimo ga moo, mmaagwe e ne e le motlholagadi. Gape batho ba bantsintsi ba ba tswang mo motseng ba ne ba na le ene. 13  Fa Morena a bona mosadi yoo, o ne a mo tlhomogela pelo,+ mme a mo raya a re: “Tlogela go lela.”+ 14  Foo o ne a atamela a bo a kgoma bolawana jwa go tshola setopo, mme ba ba neng ba mo kukile ba ne ba ema. Go tswa foo, Jesu o ne a re: “Lekawana, ke go raya ke re, tsoga!”+ 15  Monna yoo yo o suleng o ne a tsoga a bo a simolola go bua, mme Jesu o ne a mo naya mmaagwe.+ 16  Jaanong botlhe ba ne ba gakgamatse thata, mme ba simolola go galaletsa Modimo, ba re: “Modimo o tlhomile moporofeti yo mogolo mo go rona,”+ e bile, “o gakologetswe batho ba gagwe.”+ 17  Mme dikgang tseno tse di ka ga gagwe di ne tsa anamela mo Judea yotlhe le mo metseng yotlhe e e mo tikologong. 18  Jaanong barutwa ba ga Johane ba ne ba mmolelela dilo tseno tsotlhe.+ 19  Ka jalo, Johane o ne a bitsa barutwa ba gagwe ba le babedi mme a ba roma kwa go Morena gore ba mmotse ba re: “A ke wena Yo o Tlang,+ kgotsa a re tshwanetse go lebelela mongwe o sele?” 20  Fa banna bao ba fitlha kwa go ene ba ne ba re: “Johane Mokolobetsi o re romile kwa go wena gore re go botse go re, ‘A ke wena Yo o Tlang, kgotsa a re tshwanetse go lebelela mongwe o sele?’” 21  Mo nakong eo o ne a fodisa batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke malwetse a a farologaneng,+ a leleka madimona, e bile o ne a fodisa batho ba le bantsi ba ba foufetseng gore ba kgone go bona. 22  O ne a ba araba a re: “Tsamayang lo ye go bolelela Johane dilo tse lo di utlwileng le tse lo di boneng: Difofu jaanong di a bona,+ batho ba ba tlhotsang ba a tsamaya, balepero ba a fodisiwa, bosusu ba a utlwa,+ baswi ba a tsosiwa le bahumanegi ba bolelelwa dikgang tse di molemo.+ 23  Go itumela motho yo o se nang dipelaelo dipe ka nna.”+ 24  Fa batho ba Johane a neng a ba romile ba sena go tsamaya, Jesu o ne a bua le boidiidi jwa batho ka Johane a re: “Lo ne lo ile go bona mang kwa nageng? A e ne e le motho yo o tshwanang le lotlhaka lo lo phepheulwang ke phefo?+ Nnyaa. 25  Tota lo ne lo ile go bona mang? Motho yo o apereng diaparo tse di boleta?*+ Nnyaa. Batho ba ba aparang diaparo tse dintle e bile ba nna mo manobonobong ba mo matlong a segosi. 26  Mme gone, tota lo ne lo ile go bona mang? Go bona Moporofeti? Ee, e ne e le moporofeti e bile o botlhokwa thata go feta moporofeti.+ 27  Yono ke ene yo go kwadilweng jaana ka ga gagwe: ‘Ke tla roma morongwa wa me kwa pele ga gago,* yo o tla baakanyang tsela kwa pele ga gago.’+ 28  Ke a lo bolelela, mo bathong, ga go na ope yo mogolo go feta Johane, le fa go ntse jalo, motho yo o nang le maemo a a kwa tlase mo Bogosing Jwa Modimo o mogolo go mo feta.”+ 29  (Fa batho botlhe le bakgethisi ba utlwa seno, ba ne ba bolela gore Modimo o siame, ka gonne ba ne ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane.+ 30  Mme Bafarasai le batho ba ba itseng Molao thata ba ne ba itlhokomolosa kgakololo* ya Modimo,+ ka gonne bone ba ne ba sa kolobediwa ke ene.) 31  “Ka jalo, ke tla tshwantsha batho ba kokomana eno le bomang, mme ba tshwana le bomang?+ 32  Ba tshwana le bana ba babotlana ba ba ntseng mo marekisetsong ba ba goang ba raana ba re: ‘Re ne ra lo leletsa fulutu, mme lo ne lwa se ka lwa bina; re ne ra lela, mme lo ne lwa se ka lwa lela.’ 33  Ka tsela e e tshwanang, Johane Mokolobetsi o ne a tla a sa je senkgwe e bile a sa nwe beine,+ le fa go ntse jalo lona lwa re: ‘O na le ledimona’ 34  Morwa motho o tlile a ja e bile a nwa, le fa go ntse jalo lona lwa re: ‘Bonang monna yo o jang bobe le yo o nwang beine thata, ke tsala ya bakgethisi le baleofi!’+ 35  Mme gone, dilo tse di siameng tse motho a di dirang, di bontsha gore o botlhale.”+ 36  Jaanong Mofarasai mongwe o ne a nna a mo kopa gore a tle go ja le ene. Ka jalo, o ne a tsena mo ntlong ya Mofarasai yoo a bo a nna fa tafoleng gore a je.* 37  Mme mosadi mongwe yo o neng a itsiwe mo motseng e le moleofi o ne a utlwalela gore Jesu o ne a ja* kwa ntlong ya Mofarasai yoo, mme o ne a tla a tshotse lebotlolo la alabasetere la leokwane le le nkgang monate.+ 38  Fa a sena go nna fa morago ga gagwe fa dinaong, o ne a lela a bo a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, mme o ne a di phimola ka moriri wa gagwe. Gape, o ne a suna dinao tsa gagwe a bo a tshela leokwane le le nkgang monate mo go tsone. 39  Fa Mofarasai yo a neng a mo laleditse a bona seno o ne a ipolelela jaana: “Fa e le gore ruri monna yono e ne e le moporofeti, o ne a tla itse gore mosadi yo o mo kgomang yono ke mang le gore ke motho yo o ntseng jang. O ne a tla itse gore ke moleofi.”+ 40  Mme Jesu o ne a mo raya a re: “Simone, ke batla go go bolelela sengwe.” O ne a re: “Moruti, bua.” 41  “Banna ba babedi ba ne ba kolota mongwe yo o adimang batho madi; yo mongwe o ne a mo kolota didenario* di le 500, mme yo mongwe di le 50. 42  E re ka ba se na sepe se ba ka mo duelang ka sone, o ne a ba itshwarela ka pelo yotlhe. Ka jalo, ke ofe mo banneng bano yo o tla ratang motho yoo thata?” 43  Simone o ne a araba a re: “Ke tsaya gore ke monna yo o itshwaretsweng sekoloto se segolo.” O ne a mo raya a re: “O arabile sentle.” 44  Foo o ne a retologela kwa mosading yoo a bo a raya Simone a re: “A o bona mosadi yono? Ke ne ka tsena mo ntlong ya gago; ga o a ka wa nnaya metsi a go tlhapa dinao. Mme mosadi yono ene o ne a kolobetsa dinao tsa me ka dikeledi tsa gagwe a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. 45  Ga o a ka wa ntshuna; mme mosadi yono ene, ga a ise a ke a tlogele go suna dinao tsa me fa e sa le ke goroga fano. 46  Ga o a ka wa tlotsa tlhogo ya me ka leokwane, mme mosadi yono ene o ne a tshela leokwane le le nkgang monate mo dinaong tsa me. 47  Ke a go bolelela, e re ka a dirile seno, o itshwaretswe maleo a gagwe le fa gone a le mantsi,*+ ka gonne o ratile thata. Mme yo o itshwaretsweng go le gonnye, o rata go le gonnye.” 48  Go tswa foo, o ne a raya mosadi yoo a re: “O itshwaretswe maleo a gago.”+ 49  Ba ba neng ba ntse le ene fa tafoleng ba ja, ba ne ba simolola go buisana ba re: “Tota monna yono ke mang yo o kgonang go itshwarela batho maleo?”+ 50  Mme o ne a raya mosadi yoo a re: “Tumelo ya gago e go bolokile;+ tsamaya ka kagiso.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “morwa yo o tsetsweng a le esi.”
Kgotsa “diaparo tse dintle?”
Seger., “fa pele ga sefatlhego sa gago.”
Kgotsa “kaelo.”
Kgotsa “a nna ka go sekama fa tafoleng.”
Kgotsa “a ntse ka go sekama fa tafoleng.”
Kgotsa “magolo.”