Fetela kwa tshedimosetsong

A go Na le Mongwe yo o Kileng a Bona Modimo?

A go Na le Mongwe yo o Kileng a Bona Modimo?

Karabo ya Baebele

Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka matlho. (Ekesodo 33:20; Johane 1:18; 1 Johane 4:12) Baebele ya re “Modimo ke Moya,” e leng sebopiwa se motho a ka se kgoneng go se bona ka matlho.—Johane 4:24; 1 Timotheo 1:17.

Le fa go ntse jalo, baengele bone ba kgona go bona Modimo ka tlhamalalo, ka gonne ke dibopiwa tsa semoya. (Mathaio 18:10) Mo godimo ga moo, batho bangwe ba ba swang ba tla tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong ka mebele ya semoya mme ba tla kgona go bona Modimo.—Bafilipi 3:20, 21; 1 Johane 3:2.

Kafa re ka ‘bonang’ Modimo ka gone gompieno

Gantsi Baebele e dirisa kgopolo ya go bona ka tsela ya tshwantshetso, go emela go sedimosediwa. (Isaia 6:10; Jeremia 5:21; Johane 9:39-41) Ka tsela eno, motho a ka kgona go bona Modimo gone jaanong ka ‘matlho a pelo ya gagwe’ ka go nna le tumelo e le gore a mo itse le go anaanela dinonofo tsa Gagwe. (Baefeso 1:18) Baebele e tlhalosa dikgato tse di re thusang go nna le tumelo e e ntseng jalo.

  • Ithute ka dinonofo tsa Modimo, tse di jaaka lorato le bopelotshweu, mmogo le botlhale le maatla a gagwe mo popong. (Baroma 1:20) Fa monna yo o ikanyegang e bong Jobe a sena go gopodiwa ka ditiro tsa Modimo tse di gakgamatsang, o ne a ikutlwa e kete o bona Modimo a le fa pele ga gagwe.—Jobe 42:5.

  • Itse Modimo ka go ithuta Baebele. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: ‘Fa o batla Modimo, o tla dira gore o mmone.’—1 Ditiragalo 28:9; Pesalema 119:2; Johane 17:3.

  • Ithute ka Modimo mo botshelong jwa ga Jesu. E re ka Jesu a ne a bontsha ka botlalo botho jwa ga Rraagwe e bong Jehofa Modimo, go ne go tshwanela gore a ka bua jaana: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 14:9.

  • Tshela ka tsela e e itumedisang Modimo, mme o bone kafa a go emang nokeng ka gone. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong, e re ka ba tla bona Modimo.” Jaaka go tlhalositswe pelenyana, batho bangwe ba ba itumedisang Modimo ba tla tsosediwa kwa legodimong mme ba tla “bona Modimo” fa ba le koo.—Mathaio 5:8; Pesalema 11:7.

A tota Moshe, Aborahame le ba bangwe ga ba a ka ba bona Modimo?

Mo dipegong tse go ka bonalang e kete Baebele ya re batho ba ne ba bona Modimo ka tlhamalalo, ditemana tse di dikologileng pego di bontsha gore Modimo o ne a emetswe ke moengele kgotsa o ne a iponatsa a dirisa ponatshegelo.

Baengele.

Mo metlheng ya bogologolo, Modimo o ne a romela baengele go nna baemedi ba gagwe gore ba iponatse kwa bathong le go bua le bone mo leineng la gagwe. (Pesalema 103:20) Ka sekai, nako nngwe Modimo o ne a bua le Moshe go tswa mo setlhatshaneng se se tukang, mme Baebele ya re “Moshe a fitlha sefatlhego sa gagwe, ka gonne o ne a boifa go leba Modimo wa boammaaruri.” (Ekesodo 3:4, 6) Mme gone, Moshe ga a ka a bona Modimo ka tlhamalalo ka gonne ditemana tse di dikologileng pego di bontsha gore tota o ne a bona “moengele wa ga Jehofa.”—Ekesodo 3:2.

Ka tsela e e tshwanang, fa Baebele e re Modimo o ne “a bua le Moshe ba lebane difatlhego,” e kaya gore Modimo o ne a bua le Moshe jaaka ditsala tse di atamalaneng. (Ekesodo 4:10, 11; 33:11) Tota Moshe ga a ka a bona sefatlhego sa Modimo, ka gonne molaetsa o a neng a o amogela go tswa kwa Modimong “o ne wa fetisiwa ka baengele.” (Bagalatia 3:19; Ditiro 7:53) Le fa go ntse jalo, tumelo ya ga Moshe mo Modimong e ne e nonofile thata mo e leng gore Baebele e ne ya tlhalosa gore e kete “o bona Ene yo o sa bonaleng.”—Bahebera 11:27.

Modimo o ne a bua le Aborahame a dirisa baengele fela jaaka a ile a dira fa a ne a bua le Moshe. Gone ke boammaaruri gore fa motho a sa bale Baebele ka kelotlhoko a ka nna a akanya gore Aborahame o ile a bona Modimo ka tlhamalalo. (Genesise 18:1, 33) Le fa go ntse jalo, ditemana tse dikologileng pego eno di bontsha gore “banna ba le bararo” ba ba neng ba tla kwa go Aborahame tota e ne e le baengele ba ba rometsweng ke Modimo. Aborahame o ile a lemoga gore ke baemedi ba Modimo mme o ne a bua le bone jaaka e kete o bua le Jehofa ka tlhamalalo.—Genesise 18:2, 3, 22, 32; 19:1.

Diponatshegelo.

Gape Modimo o ne a iponatsa kwa bathong a dirisa diponatshegelo kgotsa ditshwantsho tse di neng di tla mo mogopolong wa motho. Ka sekai, fa Baebele e re Moshe le Baiseraele ba bangwe ba ne “ba bona Modimo wa Iseraele,” tota ba ne “ba bona Modimo wa boammaaruri mo ponatshegelong.” (Ekesodo 24:9-11) Ka tsela e e tshwanang, ka dinako dingwe Baebele ya re baporofeti ‘ba ne ba bona Jehofa.’ (Isaia 6:1; Daniele 7:9; Amose 9:1) Mo dintlheng tseno tsotlhe, ditemana tse di dikologileng pego di bontsha gore ba ne ba bontshiwa ponatshegelo ya Modimo go na le go mmona ka tlhamalalo.—Isaia 1:1; Daniele 7:2; Amose 1:1.