Fetela kwa tshedimosetsong

A Modimo ke Maatla Fela A a Se Nang Maikutlo?

A Modimo ke Maatla Fela A a Se Nang Maikutlo?

Karabo ya Baebele

Modimo o dirisa maatla a a sa lekaneng le ape mo lobopong lotlhe. Baebele e bua jaana fa e tlhalosa kafa a bopileng masagaripa a a se nang palo a dinaledi ka teng: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a [Modimo] di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”—Isaia 40:25, 26.

Mme gone Modimo ga se maatla fela a a nang le nonofo e kgolo. Baebele e bontsha gore o na le maikutlo, a a jaaka lorato le letlhoo. (Pesalema 11:5; Johane 3:16) Gape e bontsha gore tsela e batho ba itshwarang ka yone e ka ama Modimo maikutlo.—Pesalema 78:40, 41.