Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Kgona go Bona Modimo Yo o Sa Bonaleng?

A o Ka Kgona go Bona Modimo Yo o Sa Bonaleng?

“MODIMO ke Moya,” batho ga ba kgone go mmona. (Johane 4:24) Le fa go ntse jalo, Baebele e umaka gore ka tsela nngwe bangwe ba ile ba bona Modimo. (Bahebera 11:27) Seo se kgonega jang? A o ka kgona go bona “Modimo yo o sa bonaleng”?—Bakolosa 1:15.

Re ka tshwantshanya seno le motho yo o tshotsweng e le sefofu. A bofofu jwa gagwe bo dira gore a se ka a tlhaloganya gotlhelele dilo tse di mo dikologileng. E seng ka botlalo. Go na le ditsela tse di farologaneng tse ka tsone motho yo o foufetseng a kgonang go tlhaloganya batho le dilo tse di mo dikologileng. Monna mongwe wa sefofu o ne a re: “Motho ga a bone fela ka matlho. Le ka tlhaloganyo o kgona go bona.”

Ka tsela e e tshwanang, le fa gone o sa kgone go bona Modimo, o ka dirisa ‘matlho a pelo ya gago’ go mmona. (Baefeso 1:18) Ela tlhoko ditsela di le tharo tse o ka dirang seo ka tsone.

“DI LEMOGIWA KA DILO TSE DI DIRILWENG”

Gantsi motho yo o foufetseng o na le ditemosi tse di bogale tsa go utlwa le go ama, tse a di dirisang go tlhaloganya dilo tse a sa kgoneng go di bona. Ka tsela e e tshwanang, o ka kgona go dirisa ditemosi tsa gago go tlhaloganya dilo tse di go dikologileng le go tlhaloganya Modimo yo o sa bonaleng yo a di bopileng. “Dinonofo tsa gagwe tse di sa bonaleng di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng.”—Baroma 1:20.

Ka sekai, akanya ka legae la rona. Lefatshe le dirilwe ka tsela e e kgethegileng e seng fela gore re itumelele go tshela mo go lone ka gonne go ne go se na sepe se sengwe. Fa re ntse mo pheswaneng e e monate, re aramela mogote wa letsatsi, re nwa matute a leungo le le monate kgotsa re utlwa molodi o o monate wa dinonyane di opela, re a itumela. A dimpho tseno ga di bontshe gore Mmopi wa rona o a re akanyetsa, o bonolo e bile o pelotshweu?

O ka ithuta eng ka Modimo mo dilong tse o di bonang mo lobopong? Selo sa botlhokwa ke gore magodimo a bontsha maatla a Modimo. Bosupi jwa bosheng jaana jwa saense bo bontsha gore lobopo ga lo atologe fela mme gape lo dira jalo ka bonako jo bo seng kana ka sepe! Bosigo fa o leba loapi, akanya ka seno: Maatla ano a a dirang gore lobopo lo atologe jaana ka selekanyo se segolo a tswa kae? Baebele e re bolelela gore Mmopi o na le “maatla a a boitshegang.” (Isaia 40:26) Popo ya Modimo e re bontsha gore ke “Mothatayotlhe”—O “goletsegile mo maatleng.”—Jobe 37:23.

“MOTHO YO O ILENG A MO TLHALOSA”

Mmè mongwe yo o nang le bana ba babedi ba ba sa boneng a re: “Go bua ke karolo ya botlhokwa thata ya go ithuta. Ba bolelele sengwe le sengwe se o se bonang le se o se utlwang mme o iketleeletse go tswelela o ba tlhalosetsa se o se bonang. O matlho a bone.” Ka tsela e e tshwanang, le fa gone go se “motho ope yo o kileng a bona Modimo,” Morwa Modimo e bong Jesu, “yo o fa sehubeng kwa go Rara ke ene yo o mo tlhalositseng.” (Johane 1:18) E re ka Jesu e le wa ntlha go bopiwa ke Modimo e bile e le Morwawe yo o tsetsweng a le esi, o ne a nna “matlho” a rona a go tlhodumela kwa magodimong. Ke ene a nang le tshedimosetso e ntsi thata ka Modimo yo o sa bonaleng.

Ela tlhoko dilo di le mmalwa tse Jesu yo o ileng a fetsa dingwaga di le dibilionebilione a na le Rraagwe, a neng a di tlhalosa ka Modimo:

  • Modimo o dira a sa kgaotse. “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong.”—Johane 5:17.

  • Modimo o itse dilo tse re di tlhokang. “Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.”—Mathaio 6:8.

  • Modimo o re tlhokomela ka bopelotshweu. ‘Rraalona yo o kwa magodimong . . . o tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile o nesetsa  batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.’—Mathaio 5:45.

  • Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa rona. “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.”—Mathaio 10:29-31.

MOTHO YO O NENG A TSHWANA LE MODIMO YO O SA BONALENG

Batho ba ba sa boneng le batho ba ba bonang, gantsi ba tlhaloganya dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng. Motho yo o sa boneng a ka nna a tsaya moriti e le lefelo le le tsiditsana le le sireletsang mo mogoteng wa letsatsi mme e se lefelo le le lefifi le le senang lesedi la letsatsi. Fela jaaka motho yo o sa boneng gotlhelele a sa kgone go bona moriti kana lesedi la letsatsi, le rona ga re ka ke ra tlhaloganya Jehofa ka borona. Ke gone ka moo, Jehofa a neng a re naya motho yo o itekanetseng yo o tshwanang kgo le Ene ka dinonofo le ka botho jwa gagwe.

Motho yoo e ne e le Jesu. (Bafilipi 2:7) Jesu ga a ka a bua fela ka Rraagwe gape o ne a bontsha gore Modimo o ntse jang. Morutwa wa ga Jesu e bong Filipo o ne a botsa jaana: “Morena, re bontshe Rara.” Jesu o ne a mo araba a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:8, 9) Ditiro tsa ga Jesu di go “bontsha” eng ka ga Rraagwe?

Jesu o ne a le lorato, a le boikobo e bile a atamelesega. (Mathaio 11:28-30) Botho jwa gagwe jo bo lapolosang bo ne bo dira gore batho ba mo atamele. Jesu o ne a utlwa botlhoko jo batho ba neng ba bo utlwa, gape o ne a itumela le bone. (Luke 10:17, 21; Johane 11:32-35) Fa o ntse o bala kgotsa o reeditse dipego tsa Baebele tse di buang ka Jesu, dirisa ditemosi tsa gago mme o dire gore ditiragalo tseo e nne tsa mmatota mo mogopolong wa gago. Fa o tlhatlhanya ka tsela e Jesu a neng a dirisana le batho ka yone, o tla kgona go lemoga sentle botho jo bontle jwa Modimo mme o tla atamelana le ene.

GO KOPANYA DIKAROLO TSOTLHE

Mokwadi mongwe o ne a bolela jaana fa a tlhalosa tsela e motho yo o sa boneng a tlhaloganyang dilo ka yone: “O kokoanya tshedimosetso ka bongwe ka bongwe, go tswa mo metsweding e e farologaneng (go ama, go dupelela, go utlwa, jalo le jalo) mme ka tsela nngwe o tshwanetse go e kopanya go nna selo se le sengwe.” Ka tsela e e tshwanang, fa o ntse o lebile dilo tse Modimo a di bopileng, o bala ka se Jesu a ileng a se umaka ka ga Rraagwe, le go sekaseka tsela e Jesu a neng a bontsha dinonofo tsa Modimo ka yone, o tla bona setshwantsho se sentle tota ka Jehofa. O tla tsaya Modimo e le motho wa mmatota.

Seo ke se se neng sa diragalela Jobe yo o neng a tshela mo metlheng ya bogologolo. Kwa tshimologong o ne a bua a “sa tlhaloganye.” (Jobe 42:3) Mme morago ga go sekaseka ditiro tsa popo tse di gakgamatsang tsa Modimo, o ne a tlhotlheletsega go bua jaana: “Ke utlwile kaga gago ka magatwe, mme jaanong leitlho la me le a go bona.”—Jobe 42:5.

‘Fa o batla Jehofa, o tla dira gore o mmone’

Le wena seo se ka go diragalela. ‘Fa o batla Jehofa, o tla dira gore o mmone.’ (1 Ditiragalo 28:9) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go batla Modimo yo o sa bonaleng le go mmona.